LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 14 ts. 128-ts. 130 ser. 4
  • Go Bua ka Tsela ya Tlholego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bua ka Tsela ya Tlholego
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bua ka Tsela ya go Tlotla
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tlotla le Bareetsi
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Go Baakanyetsa Dipuo Tsa Baithuti Tsa Sekolo
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 14 ts. 128-ts. 130 ser. 4

THUTO 14

Go Bua ka Tsela ya Tlholego

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Se iphetole motho o sele fa o bua—bua ka tsela ya go tlotla, o bue se se tswang pelong mme o sa etse ope.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Fa o tshogile, o sa repa, kgotsa o bua ka tsela e e sa tlwaelegang e le ka gonne o itshoga, ba bangwe ba ka nna ba se ka ba reetsa se o se buang.

GO BUA ka tsela ya gago ya tlholego fela go dira gore ba bangwe ba go tshepe. A o ka tshepa selo se se buiwang ke motho yo o iphitlhileng sefatlhego gore o se ka wa mmona? Fa selo se a iphitlhileng ka sone se le sentlenyana go gaisa sefatlhego sa gagwe ka bosone, a seo se ne se tla thusa gore o tshepe se a se buang? Ga go bonale jalo. Ka jalo, go na le gore o itire mongwe o sele, bua ka tsela ya gago ya tlholego.

Go bua ka tsela ya tlholego ga go a tshwanela ga tlhakatlhakanngwa le go nna botlhaswa mo puong. Ga go a siama go dirisa puo e e botlhaswa, go sa bitse mafoko sentle le go buela mo menong. Setsotsi le sone ga se a tshwanela go dirisiwa. Ka metlha re batla go bua le go itshwara ka seriti se se tshwanetseng. Motho yo o buang ka tsela ya tlholego jalo ga a kgabise puo ya gagwe ka tsela e e feteletseng thata e bile ga a tshwenyege mo go feteletseng kaga go batla go kgatlha ba bangwe.

Mo Bodireding Jwa Tshimo. A o a tshoga fa o tsena mo ntlong nngwe kana o atamela mongwe mo lefelong la botlhe gore o mo neele bosupi? Bontsi jwa rona re a tshoga, mme mo go ba bangwe go tshoga go tsaya lobaka lo loleele go gaisa ba bangwe. Go tshoga mono go ka dira gore lentswe la gago le utlwale ka tsela e e sa tlwaelegang kgotsa le rorome, kgotsa go tshoga go ka iponatsa ka go nna o tsamaisatsamaisa diatla le tlhogo ka tsela e e sa tlwaelegang.

Go ka direga gore mmoledi a nne le bothata jono ka ntlha ya mabaka a le mmalwa. Gongwe o ipotsa gore motho yo a buang le ene o tla akanyang ka ene kgotsa gore a puisano ya gagwe e tla atlega. Jono ke bothata fela jo bo tlwaelegileng, mme gone go nna le mathata fa motho a akanya thata ka dilo tseno. Fa e le gore o a tshoga fa o tshwanetse go ya tshimong, ke eng se se ka thusang? Go baakanyetsa ka kelotlhoko le go rapela Jehofa ka tlhoafalo. (Dit. 4:29) Akanya ka bopelotlhomogi jo bogolo jwa ga Jehofa jwa go laletsa batho gore ba tle go ipelela botsogo jo bo itekanetseng le botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng. Akanya ka ba o lekang go ba thusa le lebaka la go bo ba tshwanetse go utlwa dikgang tse di molemo.

Gape, gakologelwa gore batho ba na le kgololesego ya go itlhophela, ka jalo ba ka nna ba amogela molaetsa wa gago kgotsa ba ka nna ba o gana. Go ne go ntse jalo fa Jesu a ne a neela bosupi kwa Iseraele wa bogologolo. Kabelo ya gago fela ke go rera. (Math. 24:14) Tota le fa batho ba sa go letle go bua, go tla ga gago mo go bone go tla neela bosupi. O tla bo o atlegile ka gonne o letla Jehofa go go dirisa gore o diragatse thato ya gagwe. Ka dinako tsa fa o na le tshono ya go bua, o tla bua jang? Fa o ithuta go tlhoma mogopolo mo dilong tse ba bangwe ba di tlhokang, puo ya gago e tla nna monate e bile o tla bua ka tsela ya tlholego fela.

Fa o neela bosupi, mme o dira dilo le go bua ka tsela e re go tlwaetseng ka yone, seno se tla ritibatsa bareetsi ba gago. Ba ka nna ba bo ba amogela dintlha tse o di tlotlang le bone tse di tswang mo Dikwalong. Go na le gore o ba neele puo fela e e tlhamaletseng, tlotla le bone. Nna botsalano. Ba bontshe gore o a ba kgatlhegela mme o amogele dikakgelo tsa bone. Ke boammaaruri gore fa puo kgotsa tlwaelo ya lefelo leo e batla gore o dirise melao mengwe ya go bontsha tlotlo fa o bua le batho ba o sa ba itseng, o tla batla go latela melao eo. Le fa go ntse jalo, ka metlha o tla batla go nna o iketleeleditse go nyenya ka tsela e e botsalano.

Fa o Le mo Seraleng. Fa o bua le setlhopha, gantsi tsela e e molemolemo ke go bua le sone ka tsela ya gago fela ya tlholego, ya go tlotla. Gakologelwa gore fa bareetsi ba le bantsi o tla tlhoka go tsholetsa lentswe go sekae. Fa o leka go tshwara puo ya gago ka tlhogo kgotsa fa dintlha tse o di kwadileng di le dintsi thata, go ka direga gore o a bo o tshwenyegile thata ka go dirisa mafoko fela jaaka a kwadilwe. Go botlhokwa gore mafoko a rulaganngwe sentle, mme fa o beile tlhokomelo thata mo go one, ga o na go bua ka tsela ya tlholego. Ga o kitla o bua ka tsela e re go tlwaetseng ka yone. O tshwanetse go akanya ka dintlha tsa gago go sa le gale, mme o akanye thata ka dikgopolo tsa gago, e seng tsela e o rulagantseng mafoko ka yone.

Go ntse jalo le fa o botsolotswa kwa dipokanong. Baakanyetsa sentle mme o se ka wa bala dikarabo tsa gago kgotsa wa di tshwara ka tlhogo. Di bue ka go nna o ntse o fetofetola modumo wa lentswe ka tsela ya tlholego gore dikakgelo tsa gago di itlele fela ka tsela e e kgatlhang.

Tota le fa nonofo nngwe ya go bua e le ntle, fa e dirisiwa ka tsela e e feteletseng, e tla utlwala ka tsela e e sa tlwaelegang mo bareetsing. Ka sekai, o tshwanetse go bua ka tsela e e utlwalang sentle o bitsa mafoko sentle, mme e seng ka tsela e e dirang gore puo ya gago e utlwale e le e e sa tlwaelegang le gone go utlwala gore o leka go etsa mongwe o sele. Fa boitshikinyo jwa mmele jo bo gatelelang kgotsa jo bo tlhalosang bo dirwa sentle, bo ka tsenya puo ya gago botshelo, mme go tshikinya mmele ka tsela e e gagametseng le e e feteletseng go tla dira gore bareetsi ba se ka ba utlwa se o se buang. Dirisa modumo o o lekaneng wa lentswe, mme o se ka wa buela kwa godimo ka tsela e e feteletseng. Go molemo gore nako le nako o nne matlhagatlhaga fa o bua mme o ele tlhoko gore o se ka wa bo o tseega maikutlo. Go fetofetola modumo wa lentswe, go tlhagafala le go tsenya maikutlo, tsotlhe di tshwanetse go dirisiwa ka tsela e e sa direng gore bareetsi ba gago ba kgatlhegele wena fela mme ba se ka ba kgatlhegela molaetsa wa gago kgotsa ka tsela e e dirang gore ba se ka ba ikutlwa ba ritibetse.

Batho bangwe ba na le tsela ya bone fela ya go bua le fa ba sa neele puo. Ba bangwe ba bua ka mokgwa wa go itlotlela fela. Selo sa botlhokwa ke go bua sentle letsatsi le letsatsi le go itshwara ka seriti sa Bokeresete. Fa o dira jalo, e tla re le fa o le mo seraleng, o tla kgona go bua ka tsela ya tlholego fela.

Fa o Bala Phatlalatsa. Go bua ka tsela ya tlholego fa o bala phatlalatsa go batla maiteko. Gore o kgone go dira jalo, leka go bona dintlha tsa konokono mo dintlheng tse o tlileng go di bala o bo o ele tlhoko kafa di tlhalosiwang ka gone. Dira gore di utlwale sentle mo mogopolong wa gago; go seng jalo, o tla bo o bala mafoko fela. Leba mafoko a o sa a tlwaelang gore a bidiwa jang. Ikatisetse go balela kwa godimo gore o kgone go fetofetola modumo wa lentswe ka tsela e e tshwanetseng le go baya mafoko mmogo ka tsela e e tlhagisang mogopolo sentle. Nna o dire jalo gangwe le gape go fitlha o kgona go bala ka thelelo. Leka go itse dintlha tsa gago sentle thata gore fa o di balela kwa godimo, go bala ga gago go utlwale e le go itlotlela fela. Seo ke sone go bala o bua ka tsela ya gago fela ya tlholego.

Ke boammaaruri gore gantsi fa re balela kwa godimo re a bo re bala dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng. Kwantle ga go bala dikabelo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, re bala ditemana mo bodireding jwa tshimo le fa re neela dipuo mo seraleng. Bakaulengwe ba abelwa go bala dintlha tse di ithutiwang kwa Thutong ya Tora ya Tebelo le kwa Thutong ya Buka ya Phuthego. Bakaulengwe bangwe ba ba tshwanelegang ba abelwa go neela dipuo tse di balwang fa pele ga bareetsi kwa kopanong. E ka ne o bala Baebele kgotsa kgatiso epe e nngwe, bala dikarolo tse di nopotsweng ka tsela e e dirang gore di nne le botshelo. Fa go nopotswe batho ba le mmalwa, nna o fetole lentswe la gago fa o bala mafoko a mongwe le mongwe wa bone. Legale ela tlhoko: O se ka wa nna matlhagatlhaga ka tsela e e feteletseng, le fa go ntse jalo bala ka tlhagafalo o dira jalo ka tsela ya gago fela ya tlholego.

Go bala ka tsela ya tlholego go dirwa ka tsela ya motlotlo. Ga go utlwale e le go etsa mongwe o sele mme gone go a utlwala gore o tlhatswegile pelo.

KAFA O KA GO DIRANG KA GONE

  • Bua ka mokgwa o o buang ka one letsatsi le letsatsi. Dira gore dintlha tsa gago di se ka tsa bua fela ka wena mme di bue ka Jehofa di bo di bontshe gore batho ba tlhoka go ithuta ka ene.

  • Fa o baakanyetsa puo, ela tlhoko thata dikgopolo tsa gago, e seng mafoko ka boone.

  • Fa o neela puo le fa o bua fela mo motlotlong wa letsatsi le letsatsi, o se ka wa dirisa mekgwa e e botlhaswa ya go bua gape o se ka wa tlwaela go dirisa puo ka mokgwa o o dirang gore go tlhokomelwe thata wena mme e seng molaetsa o o o buang.

  • Baakanyetsa sentle fa o tlile go bala phatlalatsa. Tsenya maikutlo fa o bala o bo o bale ka tsela e e bontshang gore o lemoga bokao jwa se o se balang.

IKATISO: (1) Bala Malaki 1:2-14 ka tidimalo mme o ele tlhoko ba ba buang. Jaanong e balele kwa godimo o tsenya maikutlo ka tsela e e tshwanetseng. (2) Makgetlo a le mararo a a farologaneng, pele o ya bodireding jwa tshimo, bala dirapa tsa ntlha tse pedi tsa thuto eno le dintlha tse di kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Mo Bodireding Jwa Tshimo,” mo tsebeng 128. Leka go dirisa kgakololo eo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela