LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 28 ts. 179-ts. 180 ser. 7
  • Go Bua ka Tsela ya go Tlotla

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bua ka Tsela ya go Tlotla
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bua ka Tsela ya Tlholego
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tlotla le Bareetsi
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Go Bua ka Thelelo
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Bua se se “Molemo go Aga” ba Bangwe
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 28 ts. 179-ts. 180 ser. 7

THUTO 28

Go Bua ka Tsela ya go Tlotla

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Bua ka mokgwa o o tlwaetseng go tlotla ka one letsatsi le letsatsi mme o dirile gore o tshwanele bareetsi ba gago.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Go bua ka mokgwa o o tshwanetseng wa go tlotla go dira gore bareetsi ba gago ba ritibale e bile go ba thusa go amogela se o se buang.

GANTSI batho ba ikutlwa ba ritibetse fa ba tlotla le ditsala tsa bone. Mafoko a bone a itlela fela. Batho bangwe ba matlhagatlhaga thata; ba bangwe bone ga ba matlhagatlhaga go le kalo. Le fa go ntse jalo, go a kgatlha go ba utlwa ba bua ka tsela ya bone ya tlhago.

Le fa go ntse jalo, fa o bua le motho yo o sa mo itseng, ga go a tshwanela gore o bue le ene jaaka e kete o bua le molekane wa gago yo o tlwaelaneng thata le ene. Tota e bile, mo ditsong dingwe, ka metlha fa o bua le motho yo o sa mo itseng o nna le tsela e e rileng e o simololang ka yone. Mme fa motho a sena go bontsha tlotlo e e tshwanelang, a ka nna a dirisa puo e e tlwaelegileng fela ka botlhale le ka tsela ya go tlotla.

Fa o bua mo seraleng, le teng o tshwanetse go nna kelotlhoko. Go ipuela fela o sa kgathale go diga dipokano tsa phuthego seriti e bile go dira gore se o se buang se se ka sa utlwala se le masisi go le kalo. Mo dipuong dingwe, go tlhokega gore motho a dirise mafoko mangwe a a rileng fa a bua le motho yo mogolo, morutabana, modiredi wa puso kgotsa motsadi. (Ela tlhoko mafoko a a dirisitsweng mo go Ditiro 7:2 le 13:16.) O dirisa mafoko a mangwe fa a bua le molekane wa gagwe wa lenyalo kgotsa tsala ya gagwe e kgolo. Le fa re sa tshwanela go gagamala thata fa re bua re le mo seraleng, re tshwanetse go bua ka tlotlo.

Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse di ka nnang tsa dira gore go utlwale gore motho ga a phuthologa fa a neetse puo. Se sengwe sa tsone ke tsela e a agang diele kgotsa dipolelo ka yone. Bothata bo tlhaga fa sebui se leka go bua mafoko fela jaaka a kwadilwe mo pampiring. Lefoko le le kwadilweng gantsi le farologana fela thata le lefoko le le buiwang. Ke boammaaruri gore gantsi fa motho a baakanyetsa puo, o dira patlisiso ka go dirisa dintlha tse di gatisitsweng mo kgatisong nngwe. Gongwe e bile o dirisa aotlelaene e e gatisitsweng go baakanyetsa puo ya gagwe. Mme fa o bua dintlha ka tsela e di kwadilweng ka yone kgotsa o di bala ka tlhamalalo mo aotlelaeneng e e gatisitsweng fa o neela puo, ga o kitla o kgona go bua ka tsela ya go tlotla. Gore o bue ka tsela ya go tlotla, bua dintlha tseo o dirisa mafoko a gago mme o se ka wa dirisa diele tse di raraaneng.

Ntlha e nngwe ke go fetofetola lobelo lo o buang ka lone. Gantsi puo e motho wa yone a e neelang a gagametse thata e dira gore tsela ya gagwe ya go bua e utlwale e tshwana gotlhe fela. Mo motlotlong o o tlwaelegileng fela, motho o fetofetola lobelo lo a buang ka lone e bile o kgwa moya ka ditsela tse di sa tshwaneng.

Gone ke boammaaruri gore fa o bua le bareetsi ba bantsi thata, o tla bua ka tsela ya go tlotla mme gape o ntse o bua ka lentswe le le kwa godingwana, le le nonofileng le ka matlhagatlhaga go dira gore ba nne ba go reeditse.

Gore o kgone go bua ka tsela ya go tlotla e e tshwanelang bodiredi, o tshwanetse go itlwaetsa go bua sentle letsatsi le letsatsi. Seno ga se reye gore o tshwanetse go bo o rutegile thata. Mme go molemo go itlwaetsa go bua ka tsela e e tla dirang gore ba bangwe ba reetse ka tlotlo se o se buang. O akantse ka seo, sekaseka go bona gore a o tlhoka go berekela mo dintlheng tse di latelang mo motlotlong wa gago wa letsatsi le letsatsi.

  1. O se ka wa dirisa mafoko a a sa tsamaisaneng le thutapuo e e siameng kgotsa a a go tlhaolang le batho ba botshelo jwa bone bo thulanang le melao ya Modimo. Tumalanong le kgakololo e e mo go Bakolosa 3:8, o se ka wa dirisa puo e tala kgotsa ya matlhapa. Kafa letlhakoreng le lengwe, ga go na molato ope ka go dirisa puo e e tlwaelegileng fela ya letsatsi le letsatsi. Mafoko a a tlwaelegileng fela a a dirisiwang letsatsi le letsatsi ga se mafoko a a dirisiwang mo maemong a a gagametseng, mme le fa go ntse jalo a dumalana le melao e e tlwaelegileng fela ya puo.

  2. O se ka wa boaboeletsa mafoko le dipolelwana di le dingwe gangwe le gape go tlhalosa ntlha nngwe le nngwe e o batlang go e bua. Ithute go dirisa mafoko a a tlhalosang sentle se o se bolelang.

  3. O se ka wa boeletsa selo se o fetsang go se bua go sa tlhokege, mme akanya sentle mo mogopolong gore ke eng se o batlang go se bua; morago ga moo o bo o simolola go bua.

  4. O se ka wa hupetsa dintlha tse di molemo ka mafoko a le mantsintsi. Itlwaetse go tlhalosa sentle ntlha e motho yo mongwe a tlhokang go e gakologelwa, o dirisa polelo e e motlhofo fela.

  5. Bua ka tsela e e bontshang gore o tlotla ba bangwe.

KAFA O KA TLHAGOLELANG BOKGONI JONO KA GONE

  • Simolola ka tsela e o lebang bareetsi ba gago ka yone. Ba lebe e le ditsala tsa gago, mme o se ka wa repa go feta selekanyo. Bua le bone ka tlotlo.

  • Bua o sa bale se se kwadilweng. O se ka wa leka go dirisa mafoko a a gatisitsweng ka tsela e a ntseng ka yone. Bua dintlha o dirisa mafoko a gago. Dirisa diele tse dikhutshwane, mme o nne o fetofetole lobelo lo o buang ka lone.

  • Tlhoma mogopolo mo keletsong ya go buisana le bone. Bua go tswa pelong. Molaetsa ke one o o botlhokwa, e seng se batho ba bangwe ba se akanyang ka wena.

  • Tokafatsa tsela e o buang le ba bangwe ka yone letsatsi le letsatsi. Dirisa e le nngwe ya dikakantsho tse di neelwang mo tsebeng eno nako le nako.

IKATISO: Sekaseka mekgwa ya gago ya go tlotla. Berekela mo dintlheng tse tlhano tse di tlhomagantsweng fa godimo, o tlhome mogopolo mo go e le nngwe fela ka nako letsatsi lotlhe. Nako le nako fa o dira phoso, bua ntlha ya gago gape, o e bue mo mogopolong wa gago, o e bue sentle.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela