LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/96 ts. 7
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ineele go Bala
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Bua ka Tsela ya Tlholego
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Bua ka Thelelo
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Baakanyetsa Dipuo Tsa Baithuti Tsa Sekolo
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 9/96 ts. 7

Lebokoso la Dipotso

◼ Go tshwanetswe ga gakologelwa eng malebana le go bala dirapa kwa dipokanong?

Nako e ntsi e e abetsweng Thuto ya Tora ya Tebelo le Thuto ya Buka ya Phuthego e dirisediwa go bala dirapa. Seno se bolela gore mokaulengwe yo o abetsweng go bala o rwele boikarabelo jo bo masisi jwa go nna morutisi. O tshwanetse go bala ka tsela e e tla ‘phuthololang’ dintlha e le gore bareetsi ba se ka ba tlhaloganya fela mme gape ba tlhotlheletsege go tsaya kgato. (Neh. 8:8) Ka gone, motho yo o balang o tshwanetse go baakanyetsa kabelo ya gagwe sentle. (1 Tim. 4:13; bona thuto 6 ya Buka ya Kaelo ya Sekolo.) Dintlha dingwe tsa botlhokwa tsa go bala phatlalatsa ke tseno.

Gatelela Mogopolo ka Tsela e e Tshwanetseng: Tlhokomela e sale pele gore ke mafoko afe kana dipolelwana dife tse di tlhokang go gatelelwa go dira gore bareetsi ba tlhaloganye sentle.

Bitsa Mafoko Sentle: Go bitsa mafoko ka tshwanelo le ka phepafalo go botlhokwa gore bareetsi ba tlhaloganye mafoko a a tlhagang mo kgatisong. Leba mafoko a a sa tlwaelegang kana a a dirisiwang ka sewelo mo dikishinareng, kana reetsa dikhasete tsa Mokgatlho tse di rekotilweng.

Buela Kwa Godimo Mme o le Matlhagatlhaga: Go buela kwa godimo ka matlhagatlhaga go tsosa kgatlhego, go ama maikutlo, e bile go rotloetsa moreetsi.

Nna Bothitho le ka Tsela ya Motlotlo: Go phuthologa go dira gore o bale ka thelelo. Ka go baakanyetsa le go ikatisa, mmadi o tla phuthologa, mme seno se tla felela ka mmalo o o kgatlhang e seng o o lapisang le o o fedisang pelo.—Hab. 2:2.

Bala Dintlha Fela Jaaka di Kwadilwe: Dintlhanyana tse di kwa tlase mmogo le tshedimosetso e e mo masakaneng ka gale di balelwa kwa godimo fa e le gore di phepafatsa se se kwadilweng. Tse di sa balweng fela ke ditshupiso tse di bontshang buka e dintlha tseno di tserweng mo go yone. Ntlhanyana e e kwa tlase e tshwanetse go balwa fela fa e supilwe mo serapeng, o ka e tsenyeletsa ka go bua jaana: “Ntlhanyana e e kwa tlase e balega jaana . . .” Fa o fetsa go e bala, tswelela ka go bala serapa sotlhe.

Fa go bala phatlalatsa go dirilwe sentle, e nna nngwe ya ditsela tse di botlhokwa tseo re ka kgonang go ‘ruta ba bangwe go tlhokomela dilo tsotlhe tse re di laoletsweng’ ke Morutisi wa rona yo Mogolo.—Math. 28:20.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela