LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/12 ts. 27
  • Dikakgelo Tsa Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikakgelo Tsa Babadi
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa o ka Lepalepanang le go Kwakwaetsa ka Teng
    Tsogang!—2010
  • Baebele ya Reng ka Batho ba ba Ratanang le Batho ba Bong jo bo Tshwanang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Kafa ke Lepalepanang ka Teng Le Go Kwakwaetsa
    Tsogang!—1998
  • A Bosodoma bo ka Tsamaya bo Amogelesega?
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 1/12 ts. 27

Dikakgelo Tsa Babadi

Lebaka La go Bo ke Tlogetse Tiro ya Madi a Mantsi (June 2010) Ga ke na mafoko a nka tlhalosang kafa ke lo lebogang ka teng ka ntlha ya setlhogo seno! Ke na le dingwaga di le 39 mme ke godisa bana ba le bararo ke le nosi. Mo karolong e ke nnang mo go yone ya Russia go thata go bona tiro. Mme sekao sa ga Martha Teresa Márquez se ntlhotlheleditse gore ke tseye kgato. Setlhogo seno se ile sa re, gore Martha a kgone go itshedisa mo tirelong ya nako e e tletseng, o ne a dira di-tamale kwa gae mme a di rekisa mo mebileng. Ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke latele sekao sa gagwe ka go dira dikuku tsa Se-Russia tse di bidiwang piroshki. Ke ile ka atlega! Gone jaanong ke kgwebo ya rona ya lelapa. Ka ntlha ya seno, bana ba me ba ithuta go nna le bokgoni jo bo ka ba thusang mo matshelong a bone e bile ba ithuta go nna le maikarabelo.

G. M., Russia

Kafa o ka Lepalepanang le go Kwakwaetsa ka Teng (May 2010) Ke a lo leboga go bo lo re file tshedimosetso e e boammaaruri malebana le go kwakwaetsa. Re leka ka natla go dira gore batho ba ba nang le bothata jwa go kwakwaetsa ba itse gore go na le ditsela di le dintsi tse di mosola tse di ka ba thusang.

J. F., poresidente ya The Stuttering Foundation, United States

Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Tlhalosa Jang se Baebele e se Bolelang ka Bosodoma? (December 2010) Ke na le dingwaga di le lesome ke le mo lenyalong mme ke na le ngwana a le mongwe. Letsatsi le letsatsi ke lwantshana le “mutlwa mo nameng” ya me. Ke na le dikeletso tsa bosodoma. Go tsena mo lenyalong ga go a ka ga fetola seo. Ke ne ke setse ke itlhobogile tota ka gonne go ne go lebega ke ka se fenye dikeletso tsa me. Le fa go ntse jalo, morago ga gore ke bale setlhogo seno, ga ke tlhole ke ikutlwa e kete nka se atlege. Ke kgonne go fitlhelela mokgele wa gore ke se ka ka diragatsa dikeletso tseo.—2 Bakorintha 12:7.

Ga re a newa leina, United States

Ke simolotse go nna le dikeletso tsa bosodoma fa e sa le ke na le dingwaga di le tlhano. Gone jaanong ke na le dingwaga di le 61 mme dikeletso tseo ga di a fokotsega. Ke ratile segolobogolo dintlha tse di ileng tsa tlhalosa gore tota le batho ba ba ratanang le batho ba bong bo sele ba tshwanetse go tshaba kgokafalo le gore go na le batho “ba le bantsi ba ba seng mo lenyalong ba go ka diregang gore ba se ka ba tsena mo lenyalong le ba le bantsi ba ba nyalaneng le molekane yo o golafetseng yo o sa kgoneng go tlhakanela dikobo,” le fa go ntse jalo, ba kgona go tshela ba itumetse ba sa diragatse dikeletso tsa bone tsa tlhakanelodikobo. Ka jalo, batho ba ba nang le dikeletso tsa bosodoma le bone ba ka tshela botshelo jwa boitsholo jo bo siameng fa e le gore ruri ba batla go itumedisa Modimo. Mme ke lo leboga go bo lo kgothatsa bangwe ba rona ba ba lwantshanang le seemo seno.

Ga re a newa leina, United States

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela