LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 6/8 ts. 11-13
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Laola Kgalefo ya Gago?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Laola Kgalefo ya Gago?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Batho Ba ba Sa Itekanelang ba Galefa
  • Bakeresete ba a Ikarabela
  • Baebele ya Reng ka go Galefa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A go Gakala go Phoso ka Dinako Tsotlhe?
    Tsogang!—1994
  • Go Laola Kgalefo—Ya Gago le ya ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Bothata Jwa go Galefa
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 6/8 ts. 11-13

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Ke Eng fa o Tshwanetse go Laola Kgalefo ya Gago?

DILO di ne tsa se ka tsa simolola sentle. John o ne a garuma Ginger mogatse yo ba sa tswang go nyalana nae jaana: “Ke tlhogo ya ntlo eno, ga o kitla o tla go ntlhabisa ditlhong jaana ka go nna thari.”a O ne a fetsa metsotso e ka nna 45 a mo goakaka a mo laela gore a nne fela a ntse mo sofeng. Go gobolola e ne ya nna tlwaelo mo lenyalong la bone. Ka maswabi, bogale jwa ga John bo ne jwa fetelela. O ne a tle a thubaganye ditswalo, a itaya tafole ya boapeelo le go kgweetsa a ntse a itaya leotwana la go kgweetsa, ka jalo a baya matshelo a batho ba bangwe mo kotsing.

Ka maswabi, jaaka o ka tswa o itse, ditiragalo tse di ntseng jalo di diragala gantsi fela. A monna yono o ne a na le lebaka le le utlwalang la go galefa jalo kana o ne a latlhegelwa ke go itshwara? A go galefa gotlhe fela go phoso? Ke leng bogale bo tswileng mo taolong? Ke leng bo feteletseng?

Go ka nna le lebaka le le utlwalang la go galefa ka tsela e e laolegang. Ka sekai, bogale jwa Modimo bo ne jwa tukela metse ya bogologolo ya Sodoma le Gomora e e neng e dira boitsholo jo bo sa siamang. (Genesise 19:24) Ka ntlha yang? Ka ntlha ya gore banni ba metse eo ba ne ba tseneletse mo ditirong tsa dikgoka le tse di sokameng tsa tlhakanelodikobo. Ka sekai, ka nako ya fa barongwa ba baengele ba ne ba etetse monna yo o siameng Lote, segopa sa makau mmogo le banna ba bagolo ba ne ba leka go betelela baeng ba ga Lote e le setlhopha. Jehofa Modimo o ne a galefetse ditiro tsa bone tsa boitsholo jo bo maswe ka tshwanelo.—Genesise 18:20; 19:4, 5, 9.

Jaaka Rraagwe, monna yo o itekanetseng Jesu Keresete le ene o ne a tle a galefe. Tempele kwa Jerusalema e ne e tshwanetse go nna lefelo le batho ba ba tlhophilweng ke Modimo ba obamelang mo go lone. E ne e tshwanetse go nna “ntlo ya thapelo,” moo batho ba neng ba ka ntsha ditlhabelo tsa bone ka namana le dimpho tsa Modimo le moo ba ka yang teng go rutiwa ka ditsela tsa gagwe le gore maleo a bone a itshwarelwe. Fa re ka tshwantsha, kwa tempeleng ba ne ba ka bua le Jehofa. Go na le moo, baeteledipele mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba fetola tempele “ntlo ya thekisetso” le “logaga lwa dithukuthi.” (Mathaio 21:12, 13; Johane 2:14-17) Ba ne ba bona morokotso go tswa mo go rekiseng diphologolo tse di tlileng go dirisiwa go ntsha ditlhabelo. Totatota ba ne ba tsua letsomane boboa. Ka jalo, Morwa Modimo o ne a na le lebaka le le utlwalang sentle fa a koba bathukuthi bao mo ntlong ya ga Rraagwe. Go a utlwala go bo Jesu a ile a galefa!

Fa Batho Ba ba Sa Itekanelang ba Galefa

Batho ba ba sa itekanelang le bone ka dinako dingwe ba ka galefa ka tsela e e siameng. Akanya ka se se neng sa diragalela Moshe. Setšhaba sa Iseraele se ne se fetsa go gololwa kwa Egepeto ka kgakgamatso. Jehofa o ne a bontsha ka kgakgamatso maatla a gagwe a a gaisang a medimo ya maaka ya Egepeto ka go faphola Baegepeto ka dipetso tse di lesome. Mme o ne a bulela Baiseraele tsela ya go tshaba ka go arola Lewatle le Lehibidu ka bogare. Moragonyana ba ne ba isiwa kwa mhapheng wa Thaba ya Sinai, kwa ba neng ba rulagangwa sentle go dirwa setšhaba teng. Moshe ka e ne e le motsereganyi o ne a tlhatloga thaba go ya go amogela melao ya Modimo. Jehofa o ne a neela Moshe Melao e e Lesome le melao e mengwe e e kwadilweng ka “monwana wa Modimo” mo matlapakwalelong a Modimo ka boene a neng a a setile go tswa mo thabeng. Le fa go ntse jalo, fa Moshe a fologa, o ne a fitlhela eng? Batho ba ne ba setse ba obamela setshwantsho sa namane ya gouta! A bo ba ne ba lebala ka bonako jang ne! Go ne go fetile dibeke di sekae fela. Go ne go tshwanetse, go bo ‘bogale jwa ga Moshe bo ne jwa tuka.’ O ne a tshwetlaganya matlapakwalelo mme a senya setshwantsho seo sa namane.—Ekesodo 31:18; 32:16, 19, 20.

Moragonyana Moshe o ne a palelwa ke go itshwara ka nako ya fa batho ba ne ba ngongorega ka go tlhaela ga metsi. Ka a ne a gaketse, ka yone nako eo o ne a latlhegelwa ke bopelonolo kana bonolo jo a neng a itsege ka jone. Seno se ne sa baka gore a dire phoso e e masisi. Go na le go godisa Jehofa gore ke ene Motlamedi wa Iseraele, Moshe o ne a bua le batho ka bogale mme a lebisa tlhokomelo kwa go ene le morwarraagwe Arone. Ka jalo, Modimo o ne a bona go tshwanela go otlhaya Moshe. O ne a se kitla a letlelelwa go tsena mo lefatsheng le le solofeditsweng. Morago ga tiragalo eno ya kwa Meriba, ga go na mo go bolelwang gape teng gore Moshe o ne a palelwa ke go itshwara. Go bonala a ile a ithuta thuto mo go seno.—Dipalo 20:1-12; Duteronome 34:4; Pesalema 106:32, 33.

Ka jalo, Modimo o farologana le motho. Jehofa o kgona go ‘emisa bogale jwa gagwe’ mme ka tshwanelo o tlhalosiwa a le “bonya go galefa” ka ntlha ya gore lorato e seng bogale, ke nonofo ya gagwe e kgolo. Bogale jwa gagwe ka gale bo siame, bo itshupile bo siame, ka gale bo a laolega. (Ekesodo 34:6; Isaia 48:9; 1 Johane 4:8) Monna yo o itekanetseng Jesu Keresete ka gale o ne a kgona go laola bogale jwa gagwe; o ne a tlhalosiwa a le “maikutlo a a bori.” (Mathaio 11:29) Mo letlhakoreng le lengwe, batho ba ba sa itekanelang, le e leng banna ba tumelo ba ba jaaka Moshe, ba ne ba nna le bothata jwa go laola bogale jwa bone.

Gape, batho gantsi ba retelelwa ke go akanya sentle ka matswela a teng. Go ka nna ga nna le matswela a a sa itumediseng ka ntlha ya go palelwa ke go laola kgalefo ya gago. Ka sekai, gantsi go nna le matswela afe fa monna a retelelwa ke go laola tsela e a galefelang mosadi wa gagwe ka yone go ya kwa bokgakaleng jwa go phunya lesoba mo loboteng ka lebole? O senya ntlo. Letsogo la gagwe le ka utlwa botlhoko. Go feta moo, kgalefo eo e e feteletseng e tla ama jang lorato le tlotlo tse mosadi wa gagwe a nang le tsone mo go ene? Lebota le ka nna la baakanngwa mo malatsing a sekae, letsogo la gagwe le lone le ka nna la fola mo dibekeng di le mmalwa; le fa go ntse jalo go tla tsaya lobaka lo lo kae gore mosadi wa gagwe a bowe a mo tshepe le go mo tlotla?

Tota e bile, Baebele e tletse ka dikai tsa banna ba ba neng ba palelwa ke go laola bogale jwa bone mme ba bo ba boga ka ntlha ya gone. Akanya ka di sekae tsa tsone. Kaine o ne a lelekiwa morago ga go bolaya morwarragwe e bong Abele. Simeone le Lefi ba ne ba hutsiwa ke rraabo ka ntlha ya go bolaya banna ba Shekeme. Jehofa o ne a itaya Usia ka lepero morago ga gore Usia a galefele baperesiti ba ba neng ba leka go mo gakolola. Ka nako ya fa Jona a ne “a nna bogale thata,” Jehofa o ne a mo kgalema. Botlhe ba ne ba tshwanela ke go ikarabelela bogale jwa bone.—Genesise 4:5, 8-16; 34:25-30; 49:5-7; 2 Ditirafalo 26:19; Jona 4:1-11.

Bakeresete ba a Ikarabela

Le gompieno, Bakeresete ba tshwanetse go ikarabelela dikgato tsa bone go Modimo le go badumedimmogo le bone go ya bokgakaleng jo bo rileng. Seno se bonala sentle mo tirisong ya Baebele ya lefoko la Segerika le le tlhalosang bogale. Lengwe la mafoko a mabedi a a dirisiwang thata ke or·geʹ. Gantsi le ranolwa e le “tšhakgalo” mme le na le mogopolo wa go dira selo o lemoga le e leng go se dira ka boomo, gantsi ka maikaelelo a go ipusolosetsa. Ka jalo, Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba Roma jaana: “Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo [or·geʹ]; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’” Go na le go ikaelela go direla bakaulengwe ba bone bosula, ba ne ba kgothalediwa go “[fenya] bosula ka molemo.”—Baroma 12:19, 21.

Lefoko le lengwe gape le le dirisiwang gantsi ke thy·mosʹ. Modi wa lone “kwa tshimologong le ne le bolela motsamao o o maatla wa moya, metsi, mmu, diphologolo kana batho.” Ka jalo, lefoko leno le tlhalosiwa mo go farologaneng e le “go tuka bogale,” “go tlola pelo,” kana “bogale jo bo tletseng thubakanyo, jo bo dirang gore o se ka wa ritibala mogopolo, jo bo bakang dikomang le dikgotlhang mo legaeng le mo setšhabeng.” Fela jaaka lekgwamolelo le ka nna la ropoga fela ka tshoganyetso mme la kgwa molora o o molelo, matlapa le seretse se se bolelo, tse di ka nnang tsa gobatsa, tsa golofatsa le go bolaya, go jalo le ka monna kana mosadi yo o sa kgoneng go laola bogale jwa gagwe. Karolo ya bontsi ya thy·mosʹ e dirisitswe mo go Bagalatia 5:20, mo Paulo a tlhalosang “ditsogelo tsa kgalefo” e le “ditiro tsa nama” (temana ya 19), tse di jaaka kgokafalo, boitshwaro jo bo sa siamang le mediro ya botagwa. Eleruri, boitsholo jwa ga John—yo o tlhalositsweng kwa tshimogolong—e ne e le jwa “ditsogelo tsa kgalefo.”

Ka jalo, phuthego ya Bokeresete e tshwanetse go leba jang batho ba ba kopanelang le yone ba ba agang ba dirisa dikgoka mo bathong ba bangwe kana mo dithotong tsa bone? Bogale jo bo sa laolweng bo a senya mme bo ka dira gore motho a dirise dikgoka motlhofo fela. Ke mo go utlwalang he, go bo Jesu a ile a re: “Ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o tswelelang a shakgaletse morwarraagwe o tla ikarabelela go kgotlatshekelo ya tshiamiso.” (Mathaio 5:21, 22) Banna ba ba nyetseng ba gakololwa jaana: “Nnang lo rate basadi ba lona mme lo se ka lwa ba galefela mo go botlhoko.” Mongwe yo o ‘shakgalashakgalang fela’ ga a tshwanele go ka nna molebedi mo phuthegong. Ke gone ka moo batho ba ba sa kgoneng go laola bogale jwa bone ba sa tshwanela go tsewa e le dikai tse di molemo mo phuthegong. (Bakolosa 3:19; Tito 1:7; 1 Timotheo 2:8) Tota e bile, morago ga gore go sekasekwe boikutlo, mokgwa wa boitsholo le tshenyo e motho yono yo o ineelelang go shakgala ka bogale a e dirileng mo matshelong a ba bangwe, a ka nna a lelekiwa mo phuthegong—ditlamorago tse di sa itumediseng eleruri.

A John, yo go builweng ka ene pelenyana o ile a kgona go laola maikutlo a gagwe? A o ne a lemoga mokgwa wa gagwe o o bofefo wa go itlhaganelela kwa masetlapelong? Ka maswabi, go goa go ne ga gakala ga nna go kgorometsa le go kgophola. Go supa ka monwana go ne ga felela ka botlhoko jwa mmatota, matsadi a a bakwang ke go kgotlhwa ka monwana. John o ne a etse tlhoko gore a se ka a kgotlha dikarolo tse di ka bonalang motlhofo mme a leka go fitlha boitshwaro jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, kgabagare o ne a simolola go raga, go tlhaba ka lebole, go mo goga ka moriri le tse dingwe tse di maswe go feta tseo. Gone jaanong Ginger o kgaogane le John.

Seno se ne se sa tshwanela go bo se diragetse. Batho ba le bantsi ba ba neng ba ntse jalo ba ne ba kgona go laola bogale jwa bone. Ka jalo, a bo go le botlhokwa jang ne go etsa sekao se se molemo sa ga Jesu Keresete. Ga a ise a ko a nne le molato wa go galefa ka tsela e e sa laolegeng. Ka metlha o ne a galefa ka tsela e e siameng; o ne a sa retelelwe ke go bo laola. Ka botlhale, Paulo o ne a re gakolola rotlhe jaana: “Shakgalang, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo santse lo rumolosegile.” (Baefeso 4:26) Ka jalo, fa ka boikokobetso re lemoga ditlhaelo tsa rona le gore re tla roba se re se jalang, re na le lebaka le le utlwalang la go fokotsa kgalefo ya rona.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina a fetotswe.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 11]

Saul Attempts the Life of David/The Doré Bible Illustrations/Dover Publications, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela