LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/12 ts. 3
  • Bothata Jwa go Galefa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bothata Jwa go Galefa
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele ya Reng ka go Galefa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Kgalefo Ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • A go Gakala go Phoso ka Dinako Tsotlhe?
    Tsogang!—1994
  • Go Laola Kgalefo—Ya Gago le ya ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 3/12 ts. 3

Bothata Jwa go Galefa

Monna mongwe yo o neng a otarile sementšhise kwa resetšhurenteng e e rekisang dijo tse di apewang ka bonako o ne a galefa fa a ne a akanya gore dijo tsa gagwe di tsaya nako go tla. O ne a tsena mo resetšhurenteng, a tshosetsa mothapiwa, a mo kgoromeletsa mo khaontareng, a bo a mo betsa. Go tswa foo, monna yo o galefileng yono o ne a phamola sementšhise sa gagwe a bo a tswa mo resetšhurenteng.

GANGWE le gape rotlhe re a tle re galefe. Tota e bile, go galefa ke mangwe a maikutlo a re nang le one, fela jaaka lorato, tsholofelo, tlhobaelo, khutsafalo le poifo. Kgalefo e e laolesegang e ka bontshiwa ka tsela e e siameng e bile e ka nna le melemo mengwe. Ka sekai, kgalefo e ka nna mosola fa e dira gore motho a ikemisetse thata gore a fenye dikgoreletsi kgotsa mathata a a rileng.

Jaaka go bontshitswe mo tiragalong e e fa godimo, kgalefo gape e ka nna kotsi. Batho bangwe ba galefa ka bonako, ba galefa gangwe le gape e bile ba galefa thata go feta batho ba bangwe. Fa ba kgopisiwa, ba ka nna ba tlhasela ba bangwe ka mafoko kgotsa ka go dirisa dikgoka. Boammaaruri ke gore kgalefo ya bone e a ba laola go na le gore bone ba e laole. Kgalefo e e ntseng jalo e e sa laolesegeng e kotsi, ke ka moo ka dinako tse dingwe e bidiwang “bothata jwa go galefa.”a

Batho ba ba nang le mathata a go galefa ba utlwisa e seng bone fela botlhoko mme le batho ba ba ba dikologileng. Mo mothong yo o nang le mathata a go galefa, tota le dilo tse di sa reng sepe di ka dira gore a phatloge ka bogale mme seo se bo se felela ka ditlamorago tse di sa itumediseng. Ela tlhoko dikai tse di latelang:

Monna mongwe yo o neng a tsamaya le ditsala tsa gagwe o ne a thuntshiwa mo thamong morago ga gore kgetsana ya mongwe wa ditsala tsa gagwe e kgome monna yo mongwe mo mmileng o o tlhanaselang.

Lekau la dingwaga di le 19 le ne la betsa losea lwa dikgwedi di le 11 lwa kgarebe e le neng le e beeleditse go fitlha lo tlhokafala. Lekau leo le ne le ntse le tshameka motshameko wa bidio wa thubakanyo mme le ne la galefa fa losea lo ne lo tshwara sedirisiwa se le tshamekang ka sone, mo go neng ga dira gore le latlhegelwe ke motshameko.

Dipego tse di tshwanang le tseno go ralala lefatshe di bontsha gore batho ba ba nang le bothata jwa go galefa ba ntse ba oketsega. Ke eng fa go galefa go oketsega?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Boroutšhara jwa Boiling Point—Problem Anger and What We Can Do About It bo tlhalosa “bothata jwa go galefa” e le “tsela epe fela e e sa siamang e e amanang le kgalefo le go laola kgalefo e e nnelang go baka mathata a magolo mo botshelong jwa motho go akaretsa tsela e a akanyang ka yone, e a ikutlwang ka yone, e a itshwarang ka yone le go dirisana ga gagwe le batho ba bangwe.”

[Lebokoso mo go tsebe 3]

Bogale ke mangwe a maikutlo a re nang le one. Ke gone ka moo ka dinako tse dingwe go galefa ka tsela e e laolesegang go ka tshwanelang. Le fa go ntse jalo, ditlhogo tseno di tlotla ka go galefa go go sa siamang, go go ka utlwisang rona le batho ba bangwe botlhoko mo maikutlong, mo mmeleng le mo semoyeng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela