LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 7/1 ts. 3-4
  • Kgalefo Ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgalefo Ke Eng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Galefa
  • Dilo tse di Tsosang Kgalefo
  • Baebele ya Reng ka go Galefa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A go Gakala go Phoso ka Dinako Tsotlhe?
    Tsogang!—1994
  • Go Laola Kgalefo—Ya Gago le ya ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Bothata Jwa go Galefa
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 7/1 ts. 3-4

Kgalefo Ke Eng?

“FA O kganela talenta e o e filweng ke Modimo ya go galefa, o a bo o ikutlwisa botlhoko.” Setlhogo se se tsopotsweng mo makasineng wa Newsweek se ne sa tlhagisa jalo. Go lebega, mo dingwageng tse dintsi, baithutatlhaloganyo ba bantsi ba tumisitse kgopolo ya gore go thibela kgalefo go ka tsosa makoa a a tshwanang le kgatelelo e kgolo ya madi, bolwetse jwa pelo, khutsafalo, tlhodiego, le go lemalela bojalwa.

Mo letlhakoreng je lengwe, Bibela ga e bolo go nna e gakolola mo diketeketeng tsa dingwaga ka go re: “Bakèla bogale, u lesè kgakalō.” (Pesalema 37:8) Tlhaloso ya Bibela e tlhamaletse e e reng: “U seka ua potlaka mo moeeñ oa gago go nna bogale: gonne bogale bo nna mo sehubeñ sa dieleele.”​—Moreri 7:9.

Ke mang yo o buang boammaaruri, a ke batlhalefi ba lefatshe kana Bibela? Tota kgalefo ke eng? A go galefa go re siametse?

Go Galefa

“Kgalefo” ke lefoko le le akaretsang le le tlhalosang go sa rateng mo go golo kana tshupo ya go sa itumela kana go sa dumalane. Gape, go na le mafoko a mangwe a a tlhalosang bogolo jwa kgalefo kana kafa e supiwang ka teng. Kgakalo e akantsha kgalefo e kgolo. Go tenega go ka senya fela thata. Bogale bo ka lebisa mo go galefeng ka tsela e e siameng. Mme tšhakgalo gantsi e supa go ipusolosetsa kana kotlhao.

Gantsi kgalefo e tlhamaletse: Re galefa ka baka la sengwe. Mme kafa re supang kgalefo ka teng kana re e laolang ka teng go dira pharologanyo e kgolo.

Ka mo go kgatlhisang, lemororo boramatlhale bangwe ba gatelela gore go galefa go na le mosola mongwe, dipatlisiso tsa bosheng tsa baithuta-tlhaloganyo di bontsha gore batho ba le bantsi ba ba itetlelelang go galefa ba felela ba tshwenngwa ke go sa itlotle, khutsafalo, go ipona-molato, bopeloemaswe jo bo feteletseng, kana tlhodiego. Mo godimo ga moo, “Go ntsha se se mo mafatlheng a motho,” kana “go kgwa botlhoko,” gongwe go kopantswe le go bua ka bogale, go goa, go lela, kana le e leng go itaya, gantsi go dira mathata a mantsi go na le go a rarabolola. Motho yo o galefileng o galefela pele, mme maikutlo a a kgoberegileng a tsogela le ba bangwe.​—Diane 30:33; Genesise 49:6, 7.

Fa re goa kana re bokolela ka bogale, gantsi ga re amogele diphelelo tse re di solofelang ka gonne gantsi motho yo mongwe o tenega mo a batlang go ipusolosetsa Ka sekai, a re re fa o ntse o kgweetsa koloi ya gago, mokgweetsi yo mongwe o dira sengwe go go kgopisa. Fa o arabela seo, o goa o bo o letsa hutara ya koloi ya gago. Go ntshetsa kwantle maikutlo a gago ka bogale go ka nna ga tena yo o mo galefetseng motlhofo fela mo a ka batlang go ipusolosetsa Ka dinako tse dingwe, boemo jo bo ntseng jaana bo feletse ka kutlobotlhoko. Ka sekai, monna mongwe mo Brooklyn, kwa New York, o ne a bolawa fa a ne a omanela lefelo le go emisiwang dikoloi mo go lone mo mmileng mongwe. Bibela e tlotlomatsa bothata fa e re: “Motho eo o bogale o cosa kgañ, le motho eo o gakalañ o tletse ditlolō.” (Diane 29:22) Abo go le botlhale jang ne go latela kgakololo e e reng: “Se dueleñ boshula yoa ga opè ka boshula. . . . Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona.”!​—Baroma 12:17, 18.

Ka gone, go galefa ga rona ga go re thuse go agisana le batho sentle. A mme go siametse mebele ya rona? Dingaka di le mmalwa di feditse ka gore ga go a e siamela. Dipatlisiso di bontshitse gore batho ba ba galefetseng ruri ba nna le kgatelelo e kgolo ya madi a magolo go feta botlhe. Bangwe ba begile gore kgalefo e ile ya tsosa matlhoko a pelo, go opa ga tlhogo, go tswa mokola, sedidi, kana go sa bueng ka lentswe le le phepa. Mo letlhakoreng je lengwe, Monei-botshelo wa rona o tlhalosa jaana: “Pelo e e thethebetseñ hèla ke botshelō yoa nama.” (Diane 14:30) Jesu o ne a re: “Go segō ba ba letlanyañ: gonne ba tla bidiwa bomorwa Modimo.”​—Mathaio 5:9.

Dilo tse di Tsosang Kgalefo

Dingwe tsa dilo tse di tsosang kgalefo ke go senngwa ga boitlotlo jwa rona, go inyatsa, tlhapatso, go sa tshwarweng sentle, le go khidiega mo go sa tshwanelang Fa batho ba galeñle, baa bo ba gatelela molaetsa mongwe: “O batla go senya boitumelo jwa me le polokesego! O nkisa kwa tlase! O ntshenyetsa boitlotlo jwa me! O tshameka ka nna!”

Ka dinako tse dingwe batho ba dirisa kgalefo ba fitlha sengwe. Ka sekai, mosimane wa dingwaga tse 14 mo New York City o ne a nna a galefile fela ebile a tlhola a lole le batho. Ka thuso ya ngaka, mosimane o ne a felela a dumetse ka gore: “Ke ne ke se ke ke re, go siame ka motlha ope, ke tlhoka thuso, ke batla mongwe yo ke ka buisanang nae . . . O a bo o boifa gore batho ga ba na go go rata.” Jalo, se tota a neng a se batla e ne e le tlhokomelo le lorato.

Banyalani bangwe mo Oalifornia ba ne ba omana nako le nako fa mosadi a ne a etela tsala ya gagwe. Go galefa ga monna go ne ga dira gore mosadi le ene a galefe. Fa bagakolodi ba ntse ba ba botsolotsa, monna labofelo o ne a bolelela mosadi sengwe se a neng a ise a ko a se bolelele ope pele. Fa mosadi a ne a tsamaya a mo tlogela, le e leng ka sebaka se se seng kae fela, mo teng ga pelo ya gagwe o ne a tshogetse gore o ka nna a tswa a mo tlogeletse ruri ka gonne rraagwe o ne a mo latlhile fa a santse a le mmotlana. Fa mosadi a ne a utlwisisa lebaka la konokono la kgalefo ya monna wa gagwe​—ebong go boifa go latlhiwa​—go ne ga mo thusa gore a seka a tlhola a mo galefela mme a mo tlhomamisetse lorato lwa gagwe.

Ka gone, kgalefo e ka tswa e supa sengwe. Mo mabakeng a a ntseng jalo, re ka kgona go dirisana le yone sentle ka go lemoga se tota se e tsosang.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Dingaka di le mmalwa di konetse ka gore go galefa ga go a siamela botsogo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela