LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 7/8 ts. 16-17
  • A Saense le Baebele di a Dumalana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Saense le Baebele di a Dumalana?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Dikgakgamatso di Thulana le Saense?
  • A Baebele e Ganetsa Saense?
  • Kitso e e Tswang Kwa Motsweding o o Kwa Godimo
  • Kafa Saense e go Amang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele
    Tsogang!—1993
  • Lobopo le Botshelo di Nnile Gone Jang?
    Tsogang!—2002
  • Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 7/8 ts. 16-17

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Saense le Baebele di a Dumalana?

GO TLOGA ka difofane le dibomo tsa atomo go ya go boranyane jwa go dira dijine le dinku tse di itiretsweng, lekgolo la rona la bo20 la dingwaga e nnile motlha o o laolwang ke saense. Borasaense ba thusitse batho go ya kwa ngweding, ba fedisitse sekgwaripana, ba tlhabolotse temothuo le go tlisa tlhaeletsano ya ka bonako mo lefatsheng lotlhe go dimilione di le dikete. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo fa borasaense ba bua, batho ba a reetsa. Mme le fa go ntse jalo, ke eng se borasaense ba ka se buang ka Baebele fa e le gore se teng? Mme mo letlhakoreng le lengwe Baebele e re bolelela eng ka saense?

A Dikgakgamatso di Thulana le Saense?

Saetlopedia nngwe ya segompieno e bolela gore: “Batho ba mogopolo wa bone o sekametseng kwa saenseng ba dumela gore ‘sengwe le sengwe se direga ka gonne se dirilwe ke sengwe.’ Ba dumela gore selo sengwe le sengwe se ka tlhalosiwa sentle go ya ka melao ya tlholego.” Baithuti ba Baebele le bone ba dumela melaometheo e e leng teng ya saense. Le fa go ntse jalo, ba lemoga gore Baebele gantsi e tlotla ka ditiragalo tsa kgakgamatso tse di sa ka keng tsa tlhalosiwa ka tsela ya saense go ya ka kitso e e leng teng gone jaanong. Dikai tse di leng teng ke tsa letsatsi le le neng la ema mo motlheng wa ga Joshua le fa Jesu a ne a tsamaya mo godimo ga metsi. (Jošua 10:12, 13; Mathaio 14:23-34) Le fa go ntse jalo, go tlhalosiwa fa dikgakgamatso tseo di ile tsa direga ka ntlha ya maatla a Modimo a a dirang ka mokgwa o o fetang wa tlholego.

Ntlha eno e botlhokwa thata. Fa Baebele e tshegetsa gore batho ba ka tsamaya mo godimo ga metsi kwantle ga thuso ya Modimo kgotsa gore se se tsewang e le go kgabaganya loapi ga letsatsi go ka kgoreletsega kwantle ga mabaka ape fela, go ka nna ga lebega e kete e ganetsa saense. Le fa go ntse jalo, fa e kaya ditiragalo tse di ntseng jalo e le maatla a Modimo, ga e ganetse saense, go na le moo, seo se lebisa kgang kwa go se saense e iseng e kgone go se tlhaloganya.

A Baebele e Ganetsa Saense?

Mo letlhakoreng le lengwe, go tweng mo mabakeng mangwe a mo go one Baebele e tlotlang ka ditiragalo tse di tlwaelegileng mo matshelong a batho kgotsa e bua e feta fela ka dimela, diphologolo kgotsa dikgakgamatso tsa tlholego? Se se kgatlhang ke gore ga go na sekai sepe se se tlhomamisitsweng se mo go sone Baebele e ganetsang boammaaruri jo bo itseweng jwa saense mo mabakeng a a ntseng jalo fa go elwa tlhoko se se dikologileng kgang eo.

Ka sekai, Baebele gantsi e dirisa puo ya poko e e bontshang maikutlo a batho ba ba neng ba tshela dingwaga tse di diketekete tse di fetileng. Fa buka ya Jobe e bua ka Jehofa a tsharolola kgotsa a thula loapi “thata jaaka seipone se se thetsweng,” e tlhalosa loapi sentle jaaka seipone sa tshipi se se phatsimang ka tsela e e galalelang. (Jobe 37:18) Ga go tlhokege gore o tseye setshwantsho seo jaaka se ntse, fela jaaka o ne o se kitla o dira jalo ka setshwantsho sa gore lefatshe le “nitamisitswe” kgotsa gore le na le “lentswe la kgokgotsho.”—Jobe 38:4-7.

Seno se botlhokwa ka gonne baakgedi ba le bantsi ba tsere ditshwantsho tse di jaaka tseno fela jaaka di ntse. (Bona 2 Samuele 22:8; Pesalema 78:23, 24.) Ba konetse ka gore Baebele e ruta sengwe se se ntseng jaaka se se latelang, se se nopotsweng go tswa mo go The Anchor Bible Dictionary.

“Lefatshe le batho ba ba nnang mo go lone le akanngwa le le sedikwe, e le selo se se thata gongwe se se sephaphathi, se se kokobetseng mo godimo ga bobidibidi jwa metsi. Go lebagana le bobidibidi jono jwa metsi jo bo kwa tlase go na le jo bongwe gape jwa bobedi jo bo kwa godimo jo le jone bo boitshegang jo metsi a tshologang go tswa mo go jone e le pula ka marobana le mesele e e phunyeletsang go tswa mo madutelong a magodimo. Ngwedi, letsatsi le masedi a mangwe a kgomaretse mo go sengwe se se nang le popego ya kgogoropo se se fitlhang se phekamela mo godimo ga lefatshe. Selo seo se itsege e le ‘gogoropo ya loapi’ (rāqîa‛) mo ditlhalosong tsa baperesiti.”

Ka phepafalo, tlhaloso eno ga e dumalane le saense ya segompieno. Mme le fa go ntse jalo a seno se tlhalosa sentle se Baebele e se rutang ka legodimo? Le e seng. The International Standard Bible Encyclopaedia e bolela gore ditlhaloso tse di ntseng jalo tsa lobopo tsa Sehebera “tota di theilwe thata mo dikgopolong tse di neng di tlwaelegile thata kwa Yuropa mo nakong ya Metlha ya Lefifi go feta mo dipolelong dipe fela tsa mmatota tse di mo [Tesetamenteng e Kgologolo].” Dikgopolo tseo tsa metlha ya bogologolo di simologile kae? Jaaka David C. Lindberg a tlhalosa mo go The Beginnings of Western Science, di ne di theilwe mo thutolobopong ya mofilosofi wa bogologolo wa Mogerika e bong Aristotle, yo ditiro tsa gagwe e neng e le motheo wa thuto ya metlha ya bogologolo.

Go ne go se kitla go utlwala e bile go ne go tla gakgamatsa fa Modimo a ne a ka kwala Baebele ka puo e e neng e tla ikuela mo go rasaense wa lekgolo la bo20 la dingwaga. Baebele ga e tlhalose dilo ka tsela ya saense, go na le moo e dirisa ditshwantsho tse dintsi tse di utlwalang sentle tse di tserweng mo ditiragalong tsa letsatsi le letsatsi tsa batho ba ntlha ba ba neng ba di kwala—ditlhaloso tse di tshelang tse le gompieno di sa tlhotlhelediweng ke nako.—Jobe 38:8-38; Isaia 40:12-23.

Kitso e e Tswang Kwa Motsweding o o Kwa Godimo

Le fa go ntse jalo, se se kgatlhang ke gore ditshupiso dingwe tsa Baebele di tsamaya di tlhagisa kitso ya saense e e neng e seyo mo bathong ba ba neng ba tshela mo nakong eo. Jobe o tlhalosa Modimo a “phutholola botsheka kwa sebakeng se se lolea fela, [a] lepeletse lefatshe kwa go seng sepe.” (Jobe 26:7) Kgopolo ya gore lefatshe le ne le lepeletse “kwa go seng sepe” e ne e farologane thata le ditlhamane tsa batho ba le bantsi ba bogologolo, ba ba neng ba re le tshwerwe ke ditlou kgotsa dikhudubane tsa lewatle. Molao wa ga Moshe o ne o na le dilo tse di batlegang tsa boitekanelo tse di fetang kgakala kitso ya kalafi ya nako eo. Ditaelo tsa go ikilela ga batho ba ba neng ba belaelwa ba na le lepero le go kganelwa go ama batho ba ba suleng kwa ntle ga pelaelo go ne ga namola matshelo a Baiseraele ba le bantsi. (Lefitiko 13; Dipalo 19:11-16) Go farologana le seo, go tlhalosiwa fa Baasiria mo dilong tsa kalafi ba ne ba “di tswakanya le bodumedi, go phekola le bodimona” le gore di ne di akaretsa go alafa motho ka mantle a ntša le motlhapo wa motho.

Jaaka motho a ka solofela go tswa mo bukeng e e tlhotlheleditsweng ke Mmopi, Baebele e na le tshedimosetso e e opang kgomo lenaka e e neng ya e senola pele ga e itsiwe ke batho ba motlha wa yone le fa gone e sa remelele thata mo go tlhaloseng dilo tsa saense tse di neng di se kitla di nna le bokao bope kana tse di neng di tla tlhakanya batho ba bogologolo tlhogo. Baebele ga e na sepe se se ganetsang dilo tse di itsegeng tsa saense. Mo letlhakoreng le lengwe, Baebele e na le dilo di le dintsi tse di ganetsanang le dikgopolo tse di sa tlhotlhomisiwang tse di jaaka kgopolo ya thutotlhagelelo.

[Mafoko a a mo go tsebe 17]

Kakgelo ya ga Jobe ya gore lefatshe le ‘lepeletse kwa go seng sepe’ e senola kitso e batho ba motlha wa gagwe ba neng ba se na yone

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

NASA

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela