Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Eng fa ka Metlha go Pegwa Nna Molato?
“Rre o na le dilo tse mmele wa gagwe o di ilang mme o bereka le batho ba ba gogang. Fa a goroga mo gae, ka dinako dingwe wa bo a tenegile thata. O tla latlha sengwe a bo a re ke nna. Fa ke mo bolelela gore o se latlhile, a shakgale mme a mpolelele gore ga ke a tshwanela go bo ke mo tshwaile phoso.”—Mosha mongwe wa mosetsana.
AKA dinako dingwe o ikutlwa gore ke wena yo o bonwang phoso ka gale mo lelapeng? A go lebega e kete go sa kgathalesege gore go senyega eng, go pegwa wena molato? Go lebega go le jalo mo go Joy wa dingwaga di le 14. O nna mo legaeng la motsadi a le mongwe mme gantsi o tlhokomela morwarraagwe le kgaitsadie. Joy o ngongorega ka gore: “Ke tla bo ke le kwa boalong jo bo kwa tlase fa ba simolola go lwa. Ba itshwara ka tsela e e se nang tlhaloganyo le jaaka bana, mme fa Papa a fitlha mo gae, o goa nna ka ntlha ya gore ke ne ke seyo go ba kgalema.”
Fa batsadi ba gago ba re o matepe, o setshwakga kgotsa ga o na maikarabelo kana ba dirisa mafoko a mangwe a a dirang gore o lebege e kete o palelwa ke go dira dilo, ka dinako dingwe go ka nna ga bonala e kete ba solofetse gore o palelwe. Ba gaabo Ramon ba ne ba mo bitsa porofesa yo o buang ka pelo—leina la go sotla le a neng a le tlhoile mo go maswe. Le wena o ka nna wa tswa o tlhoile leina la go sotla kgotsa lefoko fela le le senolang makoa a gago, le e leng le fa ba le bua ka lorato. Go na le go go rotloeletsa go tokafatsa, lefoko le le sa siamang le ka nna la oketsa maikutlo a gore ka gale o bonwa phoso.
Go bonwa molato go ka nna botlhoko segolobogolo fa go lebega e kete go ratiwa mongwe go gaisa wena. Mosha yo o bidiwang Frankie a re: “Ke ngwana wa magareng e bile ka gale ke tshwarwa ka tsela e e sa itumediseng go feta botlhe.” Go ka nna ga lebega e kete bomorwarrago ka gale ga ba belaelwe ka sepe mme wena o bonwa molato mo go sengwe le sengwe se se phoso se se tlhagang.
Lebaka La go Bo Batsadi ba Tshwaya Phoso
Gone mme, go siame gore batsadi ba kgaleme bana ba bone fa ba dira phoso. Kana e bile, go kgalema bana sentle ka tsela e e agang ke nngwe ya ditsela tse batsadi ba ba boifang Modimo ba godisang bana ba bone ka yone “mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe le e leng batsadi ba ba molemo ba ka nna ba phashumela dilo kgotsa ba dira ditshwetso tse di phoso. Gakologelwa tiragalo e e neng ya diragala ka nako ya fa Jesu a sa le monnye. Ka nako eo Jesu o ne a latlhegile. Go ne ga fitlhelwa gore o ne a le kwa tempeleng ya Modimo, a tshwere motlotlo wa Baebele. Le fa go ntse jalo, fa batsadi ba gagwe ba mo fitlhela moo, mmaagwe o ne a botsa gore: “Ngwanaka, ke ka ntlha yang fa o ne o re tshwara ka tsela eno? Bona rraago le nna re ntse re go batla re tshwenyegile mo mogopolong.”—Luke 2:48.
E re ka Jesu a ne a itekanetse, go ne go sena lebaka la go boifa gore o ne a tla dira ditiro tsa boganana. Mme fela jaaka batsadi botlhe ba ba lorato, mmaagwe o ne a ikutlwa a ikarabela mo ngwaneng wa gagwe ka jalo a tsiboga ka tsela e e nonofileng, gongwe a boifa gore o ne a tsene mo mathateng. Batsadi ba gago le bone ka dinako dingwe ba ka phashumela dilo, e seng ka gonne ba batla go go tshwenya kgotsa go nna setlhogo, e le ka ntlha ya go bo ba amegile ka wena.
Lemoga gape gore re tshela mo “dinako[ng] tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) E re ka batsadi ba gago ba bereka le go tlhokomela legae, ba ngomogile pelo thata mme seno se ka ama tsela e ba go tshwarang ka yone. (Bapisa Moreri 7:7.) Modiredi mongwe wa boitekanelo jwa tlhaloganyo o ile a re: “Mo malapeng mangwe, fa go na le bothata, batsadi ba ka nna bogale thata mme ba dira ditshwetso tse di sa siamang le mororo ka metlha e le batho ba ba molemo.”
Batsadi ba ba nosi e ka nna bone ba gantsi ba kgwelang matshwenyego a bone mo baneng ba bone, ka gonne ga ba na molekane yo ba ka tlotlang dilo le ene. Ke boammaaruri gore ga go monate go utlwa manokonoko a matshwenyego a motsadi yo o nosi. Lucy wa dingwaga di le 17 a re: “Fa ke dirile sengwe mme ke tshwanelwa ke go otlhaiwa ga go molato. Mme ga go a siama fa ke otlhaiwa fela ka gonne mmè a sa itumela.”
Go rata yo mongwe thata go feta yo mongwe ke lebaka le lengwe. Le fa tota motsadi gantsi a rata bana ba gagwe botlhe, ga se mo go sa tlwaelegang go bo a ka kgatlhegela ngwana yo mongwe thata.a (Bapisa Genesise 37:3.) Go ikutlwa gore o ngwana yo o sa ratiweng thata ka bogone go botlhoko. Mme fa go lebega e kete dilo tse o di tlhokang di a itlhokomolosiwa kgotsa gore ka metlha o pegwa molato wa dilo tse bomorwarraago ba di dirileng, o ka nna wa tenega. Roxanne yo mosha a re: “Ke na le nnake yo o fa yo go tweng Darren. Ke moengelenyana wa ga Mama. . . . Ka gale o pega nna molato e seng Darren.”
Malapa a a Nang le Mathata
Mo malapeng a a tshedisanang sentle go tshwaya phoso mo go sa siamang go ka nna ga diragala ka dinako dingwe. Mme mo malapeng a a nang le mathata batsadi ba ka itlwaetsa go aga ba tshwaya diphoso, ba tlhabisa ditlhong le go nyenyefatsa. Ka dinako dingwe go tshwaya diphoso go ka nna ga patiwa ke “bogalaka jotlhe jwa bopeloetlhoi le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgojwa.”—Baefeso 4:31.
A mosha a ka bonwa molato wa go gakala jalo ga batsadi? Ke boammaaruri gore morwa kgotsa morwadi yo o senang tsebe a ka “ledisa” batsadi ba gagwe. (Diane 17:25) Le fa go ntse jalo, Baebele e bua jaana le batsadi: “Lo se ka lwa bo lo sera [fa re e tsaya jaaka e ntse, “lwa rumola go ba gakatsa”] bana ba lona.” (Baefeso 6:4) Fela jaaka Bakeresete botlhe, motsadi o tshwanetse go bontsha boikgapo, “a ipoloka a ithibile mo bosuleng.” (2 Timotheo 2:24) Ka jalo fa motsadi a latlhegelwa ke boikgapo, a ka se dire jalo a ipata ka makoa a ngwana wa gagwe.
Go kgoba ka mafoko e ka nna sesupo se sengwe sa gore motsadi o hutsafetse mo maikutlong, o tshwenyegile thata mo maikutlong kgotsa go inyatsa. E ka nna ya nna sesupo se sengwe se se bontshang gore o na le mathata mo lenyalong kgotsa o lemaletse bojalwa. Go ya ka motswedi mongwe, bana ba batsadi ba bone ba tshwakgotsweng gantsi ba aga ba pegwa molato mo go sengwe le sengwe. “Ga go na sepe se ba se dirang se se siameng. Ba ka nna ba bidiwa gore ke ‘dieleele,’ ‘ba bosula,’ ‘ba pelotshetlha,’ le a mangwe. Ka nako eo ba lelapa ba a bo ba tlhomile mogopolo mo ngwaneng yoo (kgotsa mo baneng) jaaka e kete ke bone ‘bothata’ mme ba tlhokomologile dilo tse e leng tsone di ba dirang gore ba se ka ba ikutlwa sentle le mathata a bone.”
Go Dirisana le go Bonwa Molato Mo go Sa Siamang
Dr. Kathleen McCoy o akgetse jaana: “Go taya ngwana maina a tshotlo, go nyatsa le go tshwaya botho [jwa] ngwana diphoso . . . e ka nna lone lebaka le le dirang gore basha ba inyatse, ba tshwenyege thata mo maikutlong le go sa bue le batho.” Kgotsa jaaka Baebele le yone e bolela, go tshwarwa makgwakgwa go ka “gakatsa” bana le go ba ‘kotlomanya pelo.’ (Bakolosa 3:21) O ka nna wa simolola go akanya gore o motho yo o senang mosola. O ka nna wa nna le maikutlo a a sa siamang ka batsadi ba gago. O ka nna wa konela ka gore ga go na sepe se o ka se dirang go ba itumedisa le gore ga go na lebaka la go leka go dira jalo. O ka nna wa simolola go galefa le go nna o sa itumela, e leng se se ka nnang sa dira gore o gane kgalemo—le e leng le fa ba go lemosa diphoso ka tsela e e molemo.—Bapisa Diane 5:12.
O ka itshokela seno jang? Go tla ikaega thata ka seemo se o leng mo go sone. Ke ka ntlha yang o sa eme o se keleke ka tsela e e siameng? Ka sekai, a ke boammaaruri gore o pegwa molato ka metlha? Kgotsa e ka nna fela gore batsadi ba gago ba na le go go tshwaya diphoso thata ka dinako dingwe le go bua dilo tse di sa siamang? Baebele ya re: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi,” mme seno se akaretsa le batsadi. (Jakobe 3:2) Ka jalo le e leng fa batsadi ba gago ba kgopisega go sa tlhokege ka dinako dingwe, a o tshwanetse go kgopisega jalo? Kgakololo ya Baebele mo go Bakolosa 3:13 e ka tshwanela kgang eno sentle: “Tswelelang lo iphapaanyelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa ope a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.”
Go itsenya mo ditlhakong tsa batsadi ba gago go ka go thusa go dira seno. Diane 19:11 ya re: “Pharologanyo ya motho e mo dira gore a nne bonya go galefa; le gone ke kgalalelo ya gagwe go tlhokomologa tlolo.” Fa e le gore rre wa gago o lebega a tenegatenega fela fa a goroga mo gae a tswa tirong mme a go pega molato ka sengwe se o sa se dirang, a go a tlhokega go dira seo kgang e kgolo? Fa o lemoga gore gongwe ke fela gore o tshwenyegile e bile o lapile go ka go thusa thata go ‘tlhokomologa tlolo ya gagwe.’
Le fa go ntse jalo, go tweng fa e le gore go pegwa molato jalo ka tsela e e sa siamang ga se selo se se diregang sewelo fela mme go dirwa ka metlha go sa kgaotse? Setlhogo sa makasine o o latelang se tla tlotla ka ditsela tsa go tokafatsa seemo sa gago.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke ka Ntlha yang Fa go Le Thata go Dirisana Sentle le Morwarre le Morwadiarre?” mo makasineng wa rona wa July 22, 1987, (ka Seesemane).
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Ga go molato fa motsadi a go kgalema sentle fa go tlhokega