Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka Thibela Jang go Tlhola ke Pegilwe Molato?
“Ke Ne Ke Tlhola Ke Pegilwe Molato. Fa Ntlo E Ne E Sa Lotlelwa Kana Fa Setofo Se Sa Tingwa Kana Sengwe Fela Se Sa Siama Kana Se Sa Dirwa, E Ne E Le Molato Wa Ga Ramon!”—ramon.
FA O le mosha, ka dinako tse dingwe go ka bonala e kete o pegwa molato mo e ka nnang mo go sengwe le sengwe se se sa tsamayeng sentle. Mo setlhogong se se fetileng, re etse tlhoko gore ka dinako tse dingwe batsadi ba itlhaganelela go pega bana ba bone molato.a Mangwe a mabaka a seno e ka nna go bo batsadi ba amega thata ka bana ba bone kana e le ka ntlha ya go tshwenyega thata mo maikutlong. Le fa lebaka e ka ne e le lefe, go pegwa molato wa dilo tse o sa di dirang go ka utlwisa botlhoko thata e bile go kgoba marapo.
Gone mme, ka o le motho yo o sa itekanelang, o tla nna o ntse o dira diphoso. (Baroma 3:23) Mme gape, ka o le mosha, o na le maitemogelo a le mannye thata. (Diane 1:4) Go motlhofo gore ka dinako dingwe o dire ditshwetso tse di phoso. Ka jalo, fa o dira phoso, go tshwanetse e bile go a utlwala gore o pegwe molato.—Moreri 11:9.
Ka jalo, o tshwanetse go itshwara jang fa o pegwa molato wa selo se tota o se dirileng? Basha bangwe ba leka go dira e kete ba a sotliwa. Ba ka nna ba gakala ba re batsadi ba bone ba tlhola ba ba pegile molato wa sengwe le sengwe. Ka matswela afe? Batsadi ba ba betilweng ke pelo ba ka nna ba gagamatsa melao ya bone go dira gore bana ba bone ba ba tlhaloganye. Baebele e gakolola jaana: “Masilo a nyatsa botlhale le thuto. Morwaaka, utlwa thuto ya ga rraago, mme o se ka wa tlogela molao wa ga mmaago.” (Diane 1:7, 8) Fa o dumela diphoso tsa gago o bo o dira diphetogo tse di tlhokegang, o ka ithuta mo diphosong tsa gago.—Bahebera 12:11.
‘Go Gakololana’ le Batsadi
Le fa go ntse jalo, ke kgang e nngwe gotlhelele fa o pegwa molato wa phoso e e seng ya gago kana fa ba sa fetse go go pega molato. Go a utlwala gore o galefe le go sa itumele. O ka nna wa bo wa raelesega go itshwara ka tsela e e sa siamang o tsaya gore go thusang go itshwara sentle ka gonne o santse o tla pegwa molato. (Moreri 7:7) Le fa go ntse jalo, ditiro tsa bodipa di utlwisa botlhe botlhoko. (Bapisa Jobe 36:18.) Diane 15:22 e re kaela tsela e e botoka ya go rarabolola dilo, ka go re: “Kwa go se nang kgakololo gone, maikaelelo a tle a tlhaele.” Ee, tsela e le nngwe e o ka fetolang tsela e batsadi ba gago ba go tshwarang ka yone ke go ba itsise gore o ikutlwa jang.
Sa ntlha, senka se Baebele e se bitsang ‘lobaka lo e leng lone.’ (Diane 15:23) Mokwadi Clayton Barbeau o akantsha jaana: “Tlhopha nako le lefelo tse botlhe ba tla bong ba wetse makgwafo le lotlhe lo ikutlwang sentle thata ka yone.” Mme gape, Baebele e tlhagisa jaana: “Lefoko le le tlhokofatsang le tle le tlhotlheletse bogale.” (Diane 15:1) Ka jalo leka go nna bonolo le go bontsha tlotlo mo tseleng ya gago ya go bua, o sa lwane ka mafoko. Tila go galefa. (Diane 29:11) Go na le go tlhasela batsadi ba gago (‘Lo tlhola lo mpegile molato mo go sengwe le sengwe!’), leka go ba tlhalosetsa gore go bo ba nna ba go pega molato go dira gore o ikutlwe jang. (‘Ke utlwa botlhoko thata fa ke tlhola ke pegilwe molato wa dilo tse ke sa di dirang.’)—Bapisa Genesise 30:1, 2.
Ke kgang e e tshwanang fa batsadi ba gago ba galefile ka gonne lo sa dumalane ka sengwe. Ka nako nngwe batsadi ba ga Jesu yo mmotlana ba ne ba galefa fa ba ne ba sa itse gore o kwa kae. Mme Jesu ga a ka a galala kana a ngongorega. O ne a tlhalosa se se diragetseng a wetse makgwafo. (Luke 2:49) Fa o le mo mathateng, ke eng o sa leke go rarabolola bothata le batsadi ba gago ka tsela ya go bua jaaka motho yo o godileng? Gakologelwa gore ba galefile ka gonne ba amegile ka wena! Reetsa ka go bontsha tlotlo. (Diane 4:1) Leta go fitlhela ba wetse makgwafo pele o simolola go ba tlhalosetsa kgang ya gago.
‘Supa e e Leng Tiro ya Gago’
Le fa go ntse jalo, gone ke ka ntlha yang fa batsadi bangwe ba itlhaganelela go dira ditshwetso tse di phoso ka bana ba bone? Fa re bua puo phaa fela, ka dinako tse dingwe basha ba na le go dira gore batsadi ba bone ba belaele. Diane 20:11 e re: “Le e leng ngwanyana o tle a itshenole ka ditiro tsa gagwe, bo tiro ya gagwe e ntle, le go re a e siame.” O itiretse leina le le ntseng jang mo batsading ba gago? A “ditiro” tsa gago di go senola o “siame,” o le masisi kana o sa kgathale e bile o se na maikarabelo? Fa e le gore ga o kgathale e bile ga o na maikarabelo, o se ka wa gakgamala fa gangwe le gape ba dira ditshwetso tse di phoso ka ga gago. Ramon, lekawana le le umakilweng pelenyana, o dumalana jaana ka tsela e batsadi ba gagwe ba mo pegang molato ka gone: “Ke ne ka tshwanela gore ke ikakanye. Ka dinako tse dingwe go ne go na le boammaaruri mo dipelaelong tsa bone.”
Fa e le gore go jalo mo kgannyeng ya gago, selo se le sengwe fela se o ka se dirang ke go fetola tsela ya gago ya mo nakong e e fetileng. Ka go nna motho yo o ka ikanngwang le yo o itshwarang sentle, fa nako e ntse e ya o ka nna wa tlhatswa batsadi ba gago pelo gore o fetogile e bile o ka ikanngwa.
Boitemogelo jwa ga Ramon bo supa seno. Ditsala le ba lelapa la gagwe kwantle ga maikutlo a a maswe ba ne ba mo bitsa porofesara yo o buang ka pelo ka gonne a ne a tlhola a lebala dilo. A batsadi ba gago ba go file leina la tshotlo ba re o “matepe” kana “ga o na maikarabelo”? Jaaka mokwadi Kathleen McCoy a ile a bolela, batsadi ba ka nna ba akanya gore maina a a ntseng jalo a “tshwaya selo se se phoso mo mosheng gore a se bone mme a fetoge.” Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore, gantsi maina a a ntseng jalo a tsosa kgakalo fela. Le fa go ntse jalo, Ramon o ne a lemoga gore tota leina leo le ne le bua boammaaruri. O dumalana jaana: “Gantsi mogopolo wa me o ne o tlhomilwe mo selong se le sengwe, ka jalo ke ne ke tle ke latlhegelwe ke dilo tse di jaaka dilotlolo kana tiro ya me ya sekolo e e direlwang kwa gae le go lebala ditiro tse dingwe.”
Ka jalo Ramon o ne a simolola go fetoga. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka simolola go ithuta go nna le maikarabelo le dilo tse di tshwanetseng go dirwa pele. Ke ne ka itirela thulaganyo mme ka simolola go tsaya thuto ya me ya Baebele masisi. Ke ne ka ithuta gore Jehofa o leba dilo tse dinnye mmogo le tse dikgolo di le botlhokwa.” (Luke 16:10) Ka go dirisa melaometheo ya Baebele, kgabagare Ramon o ne a tlogela go itsege e le motho yo o lebalang dilo. Ke eng fa le wena o sa leke go dira jalo? Mme fa e le gore ruri letshwao kana leina la tshotlo le a go kgopisa, buisana le batsadi ba gago. Gongwe ba tla tlhaloganya gore o ikutlwa jang.
Fa go Lebega Mongwe a Ratiwa Thata
Ka dinako tse dingwe go lebega fa go rata ngwana yo mongwe thata e le lone lebaka la go pega molato. Ramon o gakologelwa jaana: “Bomorwarre le bomorwadiarre ba ne ba tlhola ba tla gae bosigo thata mme ba bo ba sa otlhaelwe seo. Fa nna ke tla gae bosigo, ke ne ke omanngwa.” Monna mongwe wa kwa Guyana yo o bidiwang Albert o gakologelwa a na le maikutlo a a tshwanang fa a ne a sa ntse a gola. Go ne go bonala mo go ene e kete mmaagwe o ne a mo otlhaya botlhoko thata go feta bomorwarraagwe.
Le fa go ntse jalo, gantsi dilo ga di a nna jaaka go lebega. Gantsi batsadi ba naya bana ba ba godileng kgololesego e kgolwane, e seng ka ntlha ya go bo ba ba rata go feta ba bangwe, mme e le fela ka gonne batsadi ba ikutlwa gore ba tla itshwara sentle. Kana go ka nna ga nna le maemo a a kgethegileng a a amegang. Albert o dumela gore morwarraagwe o ne a se ke a itewa ka gonne a ne a le “monnye e bile a lwala.” A ke go rata yo mongwe thata go feta ba bangwe fa batsadi ba tsaya tsia makoa kana ditlhaelo tse ngwana yo mongwe a ka tswang a na le tsone?
Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe batsadi ba na le ngwana yo ba mo ratang go feta ba bangwe. (Bapisa Genesise 37:3.) Albert o bua jaana ka morwarraagwe yo o lwalang: “Mmè o ne a mo rata ka tsela e e kgethegileng.” Se se itumedisang ke gore, lorato lwa Bokeresete lo logolo. (2 Bakorintha 6:11-13) Ka jalo, le fa batsadi ba gago ba “rata” mongwe wa barwarrago “ka tsela e e kgethegileng,” seo ga se reye gore ga ba go rate. Kgang tota ke gore, A ba go tshwara ka tsela e e sa siamang, ba go pega molato ka gonne ba rata ngwana yo mongwe ka tsela e e feteletseng? Fa go bonala go ntse jalo, tsweetswee ba bolelele kafa o ikutlwang ka teng. Ka go wela makgwafo, ka mokgwa o o utlwalang, ba neye dikai tse di rileng tsa dilo tse di dirileng gore o ikutlwe gore ba rata yo mongwe go go feta. Gongwe ba tla go utlwa.
Malapa a a Nang le Mathata
Gone ke boammaaruri, ga se maemo otlhe a go leng motlhofo go a fetola. Mo batsading ba bangwe, go tlhabisa bana ba bone ditlhong le go ba pega molato ke dilo tse ba di tlwaetseng thata. Go ka nna jalo segolobogolo mo batsading ba ba tshwenyegang mo maikutlong kana ba ba lwantshanang le go tshwakgolwa ke sengwe. Mo maemong a a ntseng jalo, go buisana ga go ne go rarabolola dilo di le dintsi. Fa e le gore go ntse jalo ka wena, itse gore mathata a batsadi ba gago ke a o ka se kgoneng go a rarabolola mme ba ka tlhoka go thusiwa go a rarabolola ke mongwe o sele. Selo se se molemo se o ka se dirang ke go nna maitseo le tlotlo ka tsela e e tshwanetseng mme o leke go tila go thulana le bone go sa tlhokege. (Baefesia 6:1, 2) Diane 22:3 ya re: “Motho yo o bonokopela a bona bosula mme a iphitlhe.”b
Ka nako e e tshwanang, kopa mongwe yo e seng wa lelapa gore a go thuse. Bua le mongwe yo o godileng, gongwe mogolwane wa Mokeresete. Fa motho yo o ntseng jalo a go reetsa ka lorato go ka go thusa thata go fenya boikutlo jwa gore o a bo o ntse o le phoso ka dinako tsotlhe. Mo godimo ga moo, ‘atamela Modimo.’ (Jakobe 4:8) Le fa batho ba bangwe ba go pega molato o e seng wa gago, “[Modimo] ga a ketla a omana ka metlha yotlhe; le fa e le go nna ka bogale ka bosenabokhutlo. . . . Gonne o itse popego ya rona, o gakologetswe fa re le lorole fela.” (Pesalema 103:9, 14) Go itse gore o botlhokwa thata mo matlhong a Modimo go tla go thusa gore o itshokele go pegwa molato e se wa gago.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Eng fa ka Metlha go Pegwa Nna Molato?” se se tlhagang mo makasineng wa rona wa August 8, 1997.
b Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Dirisana Jang le go Sotlwa ka Mafoko?” mo makasineng wa rona wa June 8, 1989 (ka Seesemane). Bona gape le ditlhogo tse di kaga puo e e kgobang tsa Tsogang! ya November 8, 1996.
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Go dumela melato ya rona go ka re thusa go ithuta mo diphosong tsa rona