LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 11/8 ts. 30-32
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Batsadi Ba Me Ba sa Nkgatlhegele Thata Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Ntlhayang Fa Batsadi Ba Me Ba sa Nkgatlhegele Thata Jaana?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka Leo go Bonalang Ekete Ba a go Itlhokomolosa
  • Mamena A O Ka A Tilang
  • Tlhagolela Gore Ba go Kgatlhegele
  • Go Tswala Phatlha e e Bulegileng
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Batsadi ba Me Ba Sa Ntlhaloganye?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ke Direng fa Batsadi Ba me Ba Omana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Nka Dira Jang Gore ke Itse Batsadi ba me Botoka?
    Tsogang!—2009
  • Go Tseela Batsadi ba Rona ba Batsofe Kwa Godimo
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 11/8 ts. 30-32

Ke Ka Ntlhayang Fa Batsadi Ba Me Ba sa Nkgatlhegele Thata Jaana?

“Nako le nako fa ke kopa mme gore a nne le nna metsotso e metlhano fela, o a bo a ntse a tshwaregile thata,” go bolela jalo mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome ka bohutsana.

CHRISTINA o ne a le dingwaga di le 16—a sa nyalwa mme a imile. Lefa gone a ne a ikwatlhaela selo se a se dirileng, o ne a bile a galefile. “Mme ga a ise a ke a itshwenye ka go ntlhalosetsa dilo tseno,” o ne a bua jalo ka go sisa pelo. “Ke fela gore o ne a sena nako ya go kgatlhegela se ke neng ke se dira.”

A ke tsela e o ikutlwang ka yone nako nngwe—gore batsadi ba gago ga ba go kgathalele? O ka ne o sa eletse gore o ka itshwara jaaka Christina fa o tlaletswe. Ebile o a itse gore go nna le batsadi ba ba tlhokomologang dilo ga se selo se o ka ipatang ka sone fa o wetse mo boitshwarong jo bo maswe. Gape le teng, o ka ikutlwa o utlwile botlhoko thata fa ba go tlhokomologa. Lefa gone o setse o tla nna mogolo, o ka nna wa bo o santse o tlhoka gore batsadi ba gago ba go rate le go go tshegetsa fela thata. Go tlhokomologiwa ke batsadi ba gago go ka go dira gore o ikutlwe o latlhegile. “Nako le nako fa ke kopa mme gore a nne le nna metsotso e metlhano fela, o a bo a ntse a tshwaregile,” go bolela jalo motsetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome ka bohutsana.

Ka tsela e e ntseng jalo, ga go gakgamatse gore, go ya ka motlhatlhobi mongwe, 25 lekgolong ya basha “ba ikutlwa gore ga ba na nako e e lekaneng le batsadi ba bone.” Mosha mongwe o ne a re: “Ke eletsa ekete nkabo ke ne ke atamalane thata le batsadi ba me ebile ke gololesegile go ba bolelela ka tsela e ke ikutlwang ka yone.” Lefa gone basha le batsadi ba bonala ba le mmogo mo nameng, ba ka tswa ba kgaogane ka maikutlo. Go ka tswa go sena puisano ya botlhokwa.

Lebaka Leo go Bonalang Ekete Ba a go Itlhokomolosa

Akanya fela: Fa e sale o letela mmaago letsatsi lotlhe gore o tle go mmolelela ka bothata bongwe. Mme lefa go ntse jalo, fa a goroga fela kwa gae go tswa tirong, o itatlhela mo setulong mme a bo a baya tlhokomelo ya gagwe yotlhe mo dikgannyeng tsa maitseboa tsa thelebishene. Fa o re o leka go tlotla le ena, o go kgalemela ka bonako a re: “A ga o bone gore ke leka go ikhutsa?”

A ke motsadi yo o tsididi, yo o se nang lorato? Nnyaa, ga se gantsi batsadi ba tlhokomologang bana ba bone ka bomo fela. Mme re tshela mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang.’ (2 Timotheo 3:1-3) Batsadi ba gago ba ka iphitlhela ba le ka fa tlase ga kgatelelo go feta le e leng pele. Ba ka tswa ba tshwenyegile thata mo maikutlong, ba kgobegile marapo, kana ba lapile thata mo e leng gore ga ba na lefa e le maatla a go nna le nako e e tla nnang le mosola mo go wena. Seno se ka nna jalo segolobogolo fa o nna mo lelapeng la motsadi a le mongwe fela. Ka tsela e e ntseng jalo, batsadi ba gago ba tsaya fela gore sengwe le sengwe se siame, kwantle ga gore o bo o ngongorega ka sengwe.

Batsadi gape ba ka tswa ba tshwaregile ka dilo dingwe tse di ba tlhokang gore ba di dire. Fa rraago e le Mokeresete yo o tlhaga, a ka tswa a sikere morwalo o o bokete wa maikarabelo a phuthego. (Bapisa 2 Bakorintha 11:28, 29.) Mme lefa e se gantsi a ka go bolelelang, mmaago o ka nna a bo a itewa tsebe ke mathata a botsogo a a ntseng a oketsega. A o na le bomorwarraago le bokgaitsadio? Ka jalo, batsadi ba gago ba ka tswa gape ba tshwaregile mo go ba tlhokomeleng.

Gone ke boammaaruri gore, batsadi ba bangwe ba lwa le mathata a a masisi a a ntseng jaaka go ineela mo bojalweng mme ka jalo ga ba kgone go ikarabelela mo dilong tseo di tlhokwang ke bana ba bone. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ke fela gore ga ba itse gore ba ka bontsha jang bana ba bone gore ba a ba kgatlhegela. Lefa go ntse jalo, bana ba ithuta go nna le lorato go tswa mo batsading ba bone. (Bapisa 1 Yohane 4:19.) Gongwe ebile batsadi ba gago ba godisitswe ke batsadi ba ba neng ba sa ba kgatlhegele.

Mo godimo ga moo, go na le lebaka le lengwe la gore go na le merafe mengwe eo go bonalang sentle fa e itlhokomolosa dilo tse basha ba di tlhokang. Mo dikarolong dingwe tsa Afrika, setso sa teng se gatelela gore ka nako ya dijo borre, bomme, le bana ga ba jele mo lefelong le le lengwe. Seno se felela ka eng? Collin, mosha mongwe wa Moafrika wa dingwaga tse 14 o gopola jaana: “Go ne go le thata gore ke ikutlwe ke tlhotlheletsega go atamalana le batsadi ba me. Ke ne ke ikutlwa ekete ke ralala botshelo fela ke le nosi ke sa itse kwa ke yang teng.”

Mamena A O Ka A Tilang

Lebaka lefa e ka nna lefe le go bonalang ekete batsadi ba gago ba go tlhokomologa ka lone, le ka nna gape la go tlogela o ikutlwa o amegile ebile o tenegile. Basha ba bangwe ba feleletsa ba sa dirisane mmogo le batsadi ba bone kana ba sa ba ikobele. Ba bangwe ba fetsa ka gore go tsuologa ke yone tsela fela eo ba ka dirang gore go tlhokomelwe bothata jwa bone ka yone. Mme lefa go ntse jalo, fela jaaka Christina, yo o umakilweng kwa tshimologong, basha ba ba tsuologang gantsi ba felela ka go ikutlwisa botlhoko. Diane 1:32 e tlhagisa jaana: “Go tenèga ga ba ba sa tlhalehañ go tla ba bolaea.”

Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o itlhokomolosa boemo joo motlhofo fela ga o kake wa kgona go fenya bothata joo bonolo—segolo jang fa bo go utlwisitse botlhoko thata. Diane 24:10 e bolela jaana: “Ha u idibala mo motlheñ oa pitlaganō, nonohō ea gago e be e le pōtlana.” Dintho tsa go amega maikutlo di ka nna botlhoko thata go feta dintho tsa mmatota. (Diane 18:14) Mme fa di tlogelwa gore di tutele, di ka nna tsa tswelela di go utlwisa botlhoko fa o setse o le mogolo. Tlhokomela kgang ya lekawana lengwe le le bidiwang Johan. Johan o gopola jaana: “Fa ke ne ke santse ke gola, ka go bo ntate a ne a ineetse mo bojalweng o ne a sa nke a bo a nna teng nako le nako fa ke ne ke mo tlhoka thata.” O oketsa ka gore: “O ne a sa kgone go nnaya tlhokomelo e ntsi ka gonne o ne a tshwaregile thata ka mathata a gagwe.” Jaaka mogolo, Johan o ne a nna le bothata jwa go hutsafala le go ikutlwa a le molato ka lobaka lo loleele.

Ka go thusiwa ke ditsala dingwe tse di molemo, Johan o ne a simolola go itshepa gape. Lefa go ntse jalo, maitemogelo a gagwe a gatelela botlhokwa jwa go leka go bona ditsela tse e leng tsone tota tsa go dirisana le boemo jo o lebaganeng le jone kwa gae.

Tlhagolela Gore Ba go Kgatlhegele

A re re gongwe Mme le Ntate ke sewelo fela ba simololang motlotlo le wena. O ka nna wa fetsa tidimalo eno e e bodutu ka go ba bontsha kgatlhego nngwe. (Mathaio 7:12; Bafilpi 2:4) Ithaope go tsamaya le bone fa ba ya go tsaya sengwe golo gongwe. Ba botse gore a o ka se ba thuse ka sengwe, gongwe ka go ba apeela dijo kana ka go phepafatsa. Morago ga nako, o ka nna wa simolola go ba bolelela ka dilo tse di go amang, jaaka go ba bolelela ka seo se diragalang kwa sekolong.

Lefa go ntse jalo, ka dinako dingwe o ka nna wa nna le mathata mangwe a magolo a o ka batlang go a tlotla le bone. Go ka se go thuse thata fa o ka bua le Rre ka nako ya fa a robetse mo sofeng, a ikhuditse morago ga go bereka bokete thata kwa tirong mo letsatsing leo. Leka go batla “nako e e tshwanetseng”—fa a ikhuditse sentle ebile a itumetse—gore o ka tlotla le ene dikgang dingwe. (Diane 15:23) Ga go belaetse gore a ka iketleeletsa thata go reetsa mathata a gago.

Lefa go ntse jalo, go tweng fa batsadi ba gago ba palelwa ke go go thusa lefa gone o dirile bojotlhe jwa gago?a Diane 15:22 e re gakolola jaana: “Kwa go senañ kgakololō gōna, maikaèlèlō a tla a tlhaèle.” Ee, o ka nna wa tlhoka go bolelela batsadi ba gago (gone, ka tsela e e bonolo le e e botlhale) gore o ikutlwa gore ga ba go kgatlhegele ka mo go lekaneng le gore seno se go dira gore o ikutlwe o utlwile botlhoko ebile o sa ratiwe. Ka gongwe o ne o batla fela go akgolwa nako nngwe, kana o ne o ka anaanela fa ba ne ba ka go thusa ka sengwe mo tirong ya sekolo e e dirwang kwa gae.

O ka nna wa fitlhela gore, batsadi ba gago ba tla gakgamadiwa ke go lemoga gore o ikutlwa ka tsela eno. Ba ka nna ba go bontsha lerato la bone ka bonako gongwe ebile le go ikopa maitshwarelo ka ntlha ya go go dira gore o ba akanyetse ka tsela e e seng yone. Gantsi batsadi ba tla dira ka bojotlhe gore ba fetoge fa fela ba dirilwe gore ba lemoge bothata jwa bone.

Kafa letlhakoreng le lengwe, gongwe motlotlo wa lona o tla senola gore le wena go ne go na le sengwe se o ileng wa seka wa se tlhaloganya. Gongwe ke fela gore ga o a ka wa lemoga ditsela dingwe tse di farologaneng tseo ba di dirileng go go bontsha gore ba a go kgatlhegela. Go sa kgathalesege gore maemo ke a a ntseng jang, go ntsha se se mo mafatlheng ke kgato e e botlhokwa mo go tokafatseng dilo kwa gae.

Go Tswala Phatlha e e Bulegileng

Go tweng fa tsela e batsadi ba gago ba itshwarang ka yone e santse e sa go itumedise? Go a utlwala gore, seno se ka go utlwisa botlhoko fela thata. Lefa go ntse jalo, o bulegetswe ke ditshono dingwe tse o ka di dirisang.

Ka sekai, leka go batla mongwe—bogolo jang mongwe yo mogolwanyane mo go wena—yo o ka go thusang go kaba phatlha e e tlogetsweng ke batsadi ba gago ba ba sa tlhokomeleng. Jaaka fa Diane e tlhalosa gore go na le tsala e e ‘tsaletsweng motlha wa pitlagano.’ (Diane 17:17) Batla tsala ya mofuta oo. Mme lefa go ntse jalo, o tlhophe gore ke kgakololo efe e o e amogelang, o tlhomamise gore a ke e e amanang le bothata jwa gago le gore a e dumalana le Lefoko la Modimo.

Motswedi o mongwe o o ka go thusang ke phuthego ya mo lefelong la gaeno ya Basupi ba ga Jehofa. Koo o tla bona bomorwarraago le bokgaitsadio ba semoya, bommaago le borraago ba ba tla go kgatlhegelang le go go thusa gore o gole semoyeng le mo maikutlong. (Mareko 10:30) Collin, mosha wa Moafrika yo o umakilweng mo nakong e e fetileng, o ne a bona ditsala tse di ntseng jalo. Ereka a ne a bona go tlhokafala gore a kaelwe, o ne a simolola go kopanela mo dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ka bonako o ne a nna tsala ya maloko a phuthego ba ba neng ba mo dira gore a ikutlwe a ratiwa le go nna wa botlhokwa. Morago ga nako batsadi ba gagwe le bana ba ko ga bone le bone ba ne ba simolola go kopanela mo dipokanong tsa Bokeresete.

Go ka nna ga diragala gore, ka mo go tshwanang, le wena batsadi ba gago tota ba amega ka wena mme ke fela gore ba tlhoka gore ba tlhokomele ka mo go oketsegileng se o se tlhokang. A e nne wena yo o simololang, mme ba dire gore ba itse gore ke dilo dife tse o di tlhokang! Go itse mang? Gongwe o tla fitlhela gore ba go kgatlhegela thata go feta jaaka o ne o akanya.

Fa e kare morago ga o sena go bala makasine ono, o bo o nna le dipotso dipe go tswa mo Bibeleng, tsweetswee o seka wa tshaba go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono. (Bono tsebe 5.)

[Ntlha e e kwa tlase]

a Batsadi ba ba lwang le mathata a a masisi thata a a ntseng jaaka go tshwakgolwa ke diokobatsi kana ke bojalwa ba ka nna ba tlhoka go thusiwa ke batho ba ba ithutileng ka mathata ano pele ga ba ka kgona go tlhokomela seo bana ba bone ba se tlhokang.

[Setshwantsho mo go tsebe]

Batsadi gompieno gantsi ba ikutlwa ba imetswe thata ke go akanya thata ebile ba lapile mo ba ka se keng ba kgona go ka dirisana le mathata a bana ba bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela