LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 8/8 ts. 12-14
  • Dijo go Botlhe—A ke Toro Fela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dijo go Botlhe—A ke Toro Fela?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Tshireletsego ya Dijo” —Ke Eng fa go Lebega go sa Kgonege?
  • ‘Re Tlhoka Gore go Tsewe Kgato e Seng Dikokoano Tse Dintsintsi’
  • Ke Mang yo o Tla Fepang ba ba Bolawang ke Tlala?
  • Baebele e a Reng ka Ditlhaelo Tsa Dijo?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Go Ikemisetsa go Thusa Bana
    Tsogang!—1992
  • “Bothata jo bo Tlhokang go Tseelwa Kgato ka Bonako” bo Gaufi le go Fela!
    Tsogang!—2003
  • Kgwetlho ya go Fepa Batho ba ba Nnang mo Ditoropong
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 8/8 ts. 12-14

Dijo go Botlhe—A ke Toro Fela?

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA ITALY

“MONNA, mosadi le ngwana mongwe le mongwe ba na le tshiamelo ya go se bolawe ke tlala le ke phepelotlase” go boletse jalo World Food Conference e e tlamelwang ka madi ke Food and Agriculture Organization of the United Nations (FAO) ka 1974. Ka nako eo go ne ga dirwa boikuelo jwa go nyeletsa tlala mo lefatsheng “mo lesomeng la dingwaga.”

Le fa go ntse jalo, fa baemedi ba ditšhaba tse 173 ba ne ba kopane kwa ntlokgolong ya FAO kwa Roma mo bofelong jwa ngwaga o o fetileng mo kokoanong ya malatsi a le matlhano ya World Food Summit, maikaelelo a bone e ne e le go botsa gore: “Ke eng fa go padile?” Ga se fela gore go retetse go tlamela batho botlhe ka dijo mme gape gone jaanong, masome a mabedi a dingwaga morago foo, dilo di maswe go feta.

Dikgang tsa botlhokwa tsa dijo, palo ya baagi le lehuma di batla gore go dirwe sengwe ka bonako. Jaaka go boletse lokwalo lo lo golotsweng mo kokoanong eo, fa fela mathata ano a sa rarabololwe, “go tlhomama ga setšhaba ga dinaga le dikarolo tse dintsi go ka amiwa thata ke seo gongwe le e leng go senya kagiso ya lefatshe.” Mongwe yo o neng a etse tlhoko o ne a oketsa ka tlhaloso eno: “Re tla bona tshenyego ya tlhabologo le ya ditso tsa ditšhaba.”

Go ya ka Motsamaisimogolo wa FAO e bong Jacques Diouf, “batho ba ba fetang dimilione di le 800 gompieno ga ba na dijo tse di lekaneng; gareng ga bone go na le bana ba le dimilione di le 200.” Go fopholediwa gore ka ngwaga wa 2025, baagi ba lefatshe, ba gompieno ba ka nnang dimilione di le 5800, ba tla bo ba oketsegile go nna dimilione di le 8300 bontsi jwa bone e le ba dinaga tse di tlhabologang. Diouf o bolela jaana ka kutlobotlhoko: “Palo ya banna, basadi le bana ba ba tlhomolang pelo ba ba amogwang tshwanelo e ba sa e ipateletseng ya go tshela le go nna le seriti e boitshega tota. Batho ba ba lelang ka tlala ba patilwe ke selelo sa mmu o o swafaditsweng, dikgwa tse di khumotsweng ditlhare le mafelo a go tshwara ditlhapi a a ntseng a senngwa go ya pele.”

Ba akantsha tharabololo efe? Diouf a re tharabololo e ikaegile ka “tiro ya bopelokgale,” le ya “tshireletsego ya dijo” kwa dinageng tse di tlhaelang dijo mmogo le bokgoni, go bula dikgwebo le boranyane jwa saense jo bo tla ba thusang go itlamela ka dijo.

“Tshireletsego ya Dijo” —Ke Eng fa go Lebega go sa Kgonege?

Go ya ka lokwalo lo lo kwadilweng ke kokoano eno, “tshireletsego ya dijo e nna teng fa batho botlhe, ka dinako tsotlhe ba bona dilo tse di lekaneng tsa mmele le tsa ikonomi, go ja dijo tse di siameng le tse di nang le dikotla gore ba tshele ba itekanetse e bile ba le matlhagatlhaga.”

Masetlapelo a batshabi ba kwa Zaire a ne a bontsha sentle ka fa tshireletsego ya dijo e ka senngwang ka teng. Le fa batshabi ba le dimilione ba kwa Rwanda ba ne ba bolawa ke tlala, baemedi ba lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ba ne ba na le dijo tse dintsi go ka ba fepa. Mme dithulaganyo tsa go di tsamaisa le go di aba di ne di tlhoka tetlelelo ya sepolotiki le tirisanommogo ya balaodi ba mafelo a teng—kgotsa baeteledipele ba sesole fa e le gore ba laola dikampa tsa batshabi. Kotsi ya tshoganyetso e e neng ya diragala kwa Zaire e bontsha gape ka fa go leng thata ka gone gore ditšhaba tsotlhe di ka tlamela ka dijo le e leng le fa dijo di le teng. Mongwe yo o neng a etse tlhoko o ne a bolela seno: “Go ne go tshwanetswe ga kopanwa le mekgatlho le ditlhopha tse dintsintsi le go ikuela mo go yone pele ga go simololwa sengwe le sengwe.”

Jaaka go bontshitswe ke lekwalo le le kwadilweng ke Lephata la Temothuo la United States, tshireletsego ya dijo e ka nna ya senngwa ke dilo di le dintsi tse dikgolo. Kwantle ga masetlapelo a tlholego, dilo tseo di akaretsa ntwa le kgotlhang ya semorafe, melao e e sa siamang ya naga, dipatlisiso le boranyane jwa saense tse di sa lekanang, go senngwa ga tikologo, lehuma, palo e e oketsegang ya baagi, go sa lekalekana ga bong le botsogo jo bo bokoa.

Gone mme go ile ga nna le katlegonyana. Go tloga ka bo-1970 palogare ya maikatlapelo a a bonwang mo dijong, e leng selo se go lekanngwang ka sone gore motho o ja dijo tse di kana kang, e tlhatlogetse godimo go tswa go dikilojoule di le 8970 go ya go di le 10 560 mo mothong a le mongwe ka letsatsi mo dinageng tse di tlhabologang. Le fa go ntse jalo, go ya ka FAO, e re ka go solofetswe gore palo ya baagi e ka nna ya gola go nna dimilione di le sekete ka ngwaga wa 2030, “gore go age go na le dijo ka selekanyo se se lekanang le sa gone jaanong, go tla tlhokega gore go tlhagisiwe dijo tsa dijalo tse di golang ka bonako le tse di nang le dikotla ka selekanyo se se fetang diperesente di le 75 kwantle ga go senya dikungo tsa tlholego tse rotlhe re ikaegileng ka tsone.” Ka jalo, tiro ya go tlamela baagi ba ba bolawang ke tlala ka dijo ga e solofetse sepe.

‘Re Tlhoka Gore go Tsewe Kgato e Seng Dikokoano Tse Dintsintsi’

Dithulaganyo tsa World Food Summit le ditumalano tse e neng ya di dira di ne tsa tshwaiwa diphoso. Moemedi mongwe wa kwa Latin America o ne a nyatsa maitlamo “a e seng a sepe” a go fokotsa palo ya batho ba ba sa boneng dijo tse di lekaneng go nna halofo fela ya selekanyo sa gone jaanong a re ke “matlhabisa ditlhong.” Dinaga di le 15 di ne tsa bolela fa di sa dumalane le tsela e di tlhaloganyang ka yone dikakantsho tse di amogetsweng ke kokoano. Lekwalodikgang la Italy la La Repubblica le boletse gore tota le e leng go dira maitlamo a e seng a sepe fela le thulaganyo ya dikgato tse di tla tsewang, “go ne ga tlhokega dingwaga di le pedi tsa dikhuduthamaga le dipuisano. Go etswe tlhoko lefoko lengwe le lengwe le phegelwana nngwe le nngwe e le gore go se ka ga dirwa gore dintho tse di bulegileng . . . di simolole go tswa madi gape.”

Bontsi jwa batho ba ba neng ba thusa go kwala dikwalo tsa kokoano ba ne ba sa itumelela diphelelo tsa yone. Mongwe wa bone o ne a re: “Re na le dipelaelo tse dintsi thata tsa gore a ditshikinyo tse di molemo tse di neng tsa bolelwa di tla diragadiwa.” Kgang e go neng go ganetsanwa ka yone ke gore a thulaganyo ya dijo e tshwanetse go tlhalosiwa jaaka “tshwanelo e e tsewang tsia ke dinaga tsotlhe,” e re ka “tshwanelo” e ka nna ya isiwa kwa dikgotlatshekelong tsa molao go sirelediwa. Mongwe wa kwa Canada o tlhalositse jaana: “Dinaga tse di humileng di ne di boifa gore di tla patelediwa go tlamela ka thuso. Ke lone lebaka le le dirileng gore di gatelele gore lekwalo la maitlamo le se ka la kwalwa ka tsela e e gagamatsang dilo.”

Ka ntlha ya dipuisano tse di sa feleng kwa dikokoanong tse di engwang nokeng ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, modiredi mongwe wa puso ya Yuropa o rile: “Morago ga go dira maitlamo a le mantsi kwa kokoanong ya kwa Cairo [ka ga palo ya baagi le tlhabololo, e e neng e tshwerwe ka 1994], re ne ra iphitlhela re boaboeletsa selo se le sengwe fela re sa fetse.” O ne a akantsha gore: “Go diragatsa maano a go tsaya kgato gore bang ka rona ba solegelwe molemo e tshwanetse ya nna selo se se tlang pele mo dilong tse go tlotliwang ka tsone e seng Dikokoano tse dintsintsi.”

Baelatlhoko ba bontshitse gape gore le e leng palo ya ba ba nnang teng kwa kokoanong eo e lere ditshenyegelo tse di kwa godimo mo dinageng tse dingwe tse di dikobo dikhutshwane. Naga nngwe e nnye ya Afrika e ne ya romela baemedi ba le 14 le ditona tse 2, ba botlhe ba neng ba nna dibeke tse di fetang tse pedi kwa Roma. Lekwalodikgang la kwa Italy e bong Corriere della Sera le ne la bega gore mosadi wa poresidente nngwe ya Afrika, e kwa nageng ya gagwe ka kakaretso motho a le mongwe a amogelang madi a a sa feteng R14 600 ka ngwaga, o ne a nnela go reka dilo tse di jang R102000 kwa borekelong jo bogolo jo bo rekisang dilo tsa feshene tsa maemo a a kwa godimo go gaisa kwa Roma.

A go na lebaka la go dumela gore Leano la go Tsaya Kgato le le tserweng kwa kokoanong eo le tla atlega? Mokwadi mongwe wa dikgang o araba ka gore: “Re solofela gore jaanong dipuso di tla e tsaya masisi e bile di tla tsaya dikgato go bona gore dikakantsho tsa yone di a diragadiwa. A di tla dira? . . . Hisitori e re neela lebaka le lennye la go solofela seo.” Ene moakgedi yono o ne a bontsha lebaka le le swabisang la gore go sa kgathalesege go dumelana kwa Rio de Janeiro Earth Summit ya 1992 malebana le go ntsha meneelo e le go thusa tlhabologo ka diperesente di le 0,7 tsa ditlhagisiwa tsotlhe tsa naga nngwe le nngwe, “ke dinaga di le mmalwa fela tse di neng tsa diragatsa mokgele oo o o sa pateletseng.”

Ke Mang yo o Tla Fepang ba ba Bolawang ke Tlala?

Hisitori e bontshitse ka phepafalo gore go sa kgathalesege maikaelelo otlhe a a siameng a motho, “tsela ya motho [ga e] mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Ka jalo ga go kgonege gore batho ka bobone ba ka kgona go dira gore batho botlhe ba nne le dijo. Bopelotshetlha, go sa rulaganye dilo sentle le go itseela kwa godimo thata go dirile gore batho ba wele ka lengope. Motsamaisimogolo wa FAO e bong Diouf o boletse gore: “Se se tlhokegang kwa bokhutlong jwa patlisiso eno ke gore go fetolwe dipelo, ditlhaloganyo le maikaelelo.”

Seo ke selo se se ka dirwang ke Bogosi jwa Modimo fela. Sentlentle, makgolo a dingwaga a a fetileng, Jehofa o ne a bolelela pele jaana ka batho ba gagwe: “Ke tlaa tsenya molao wa me mo teng ga bone, ke o kwala mo pelong tsa bone. Ke tlaa nna Modimo wa bone, le bone ba tlaa nna batho ba me.”—Jeremia 31:33.

Ka nako ya fa Jehofa Modimo a ne a baakanyetsa batho legae la ntlha la tshimo, o ne a tlamela motho ka “morogo mongwe le mongwe o o tsalang peo, o o mo lefatsheng lotlhe, le setlhare sengwe le sengwe se se nang le loungo lwa setlhare lo lo ntshang peo” e le dijo. (Genesise 1:29) Dijo tseo tse ba neng ba di baakanyeditswe di ne di le dintsi, di na le dikotla e bile di bonwa motlhofo. E ne e le se motho a neng a se tlhoka gore a kgone go ja.

Maikaelelo a Modimo ga a fetoga. (Isaia 55:10, 11) Ga a bolo go tlhomamisa gore ene a le nosi o tla tlamela batho ka sengwe le sengwe se ba se tlhokang ka Bogosi jwa ga Keresete, a tlamele batho botlhe ka dijo, a nyeletse lehuma, a laola masetlapelo a tlholego le go fedisa dikgotlhang. (Pesalema 46:8, 9; Isaia 11:9; bapisa Mareko 4:37-41; 6:37-44.) Ka nako eo, “lefatshe [le tla ntsha] totafalo ya lone; Modimo, e bong Modimo wa rona tota, o tlaa re segofatsa.” “Go tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng, mo ditlhoeng tsa dithaba; loungo lwa one lo tlaa ebelega.”—Pesalema 67:6; 72:16.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]

Dorothea Lange, FSA Collection, Library of Congress

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela