LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 12/8 ts. 3
  • Go Ikemisetsa go Thusa Bana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikemisetsa go Thusa Bana
  • Tsogang!—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maiteko a a Ntseng a Dirwa a go Batla Ditharabololo
    Tsogang!—2000
  • Bana Ba mo Dipharagobeng
    Tsogang!—1992
  • Dijo go Botlhe—A ke Toro Fela?
    Tsogang!—1997
  • Maiteko a go Namola Bana
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 12/8 ts. 3

Go Ikemisetsa go Thusa Bana

MAABANE bana ba le 40 000 ba ba kafa tlase ga dingwaga tse tlhano ba letse ba sule mo mafatsheng a a tlhabologang. Ba bangwe gape ba le 40 000 ba tlile go swa mo letsatsing leno. Ba bangwe gape ba le 40 000 ka moso. Bontsi jwa dintsho tseno di ne di ka thibelwa.

Mo dingwageng di le dintsi seemo seno sentse se bidiwa “maemo a tshoganyetso a a senang leratla” kgotsa “matlhotlhapelo a a setu,” seno se tlhalosa gore lefatshe ka kakaretso ga le se tseye tsia. Peter Teeley, yo e leng mmueledi wa U.S. kwa UN World Summit for Children e e neng e tshwaretse kwa ntlongkgolo ya UN kwa New York ka 1990, o ne a bua jaana ka mahutsana, “Fa go ne go swa merubisi e le 40 000 ka letsatsi, batho ba ka bo ba gaketse. Mme bana ba le 40-000 ba a swa, mme seo ba le bantsi ga ba se lemoge.”

Bangwe ba na le boikutlo jwa gore kokoano eo e ka nna ya re kgabagare ya fetola seemo seno sotlhe. Badiredi ba maemo a a kwa godimo ba puso, go kopanyeletsa le ditlhogo tsa mafatshe di le 71, ba ne ba le teng go tswa kwa mafatsheng a le 159. Palo e ba neng ba e emetse fa e kopanngwa ke 99 lekgolong ya batho ba lefatshe lotlhe. Boikutlo jo bo neng bo le teng koo bo ne jwa sobokanngwa ke Mikhail Gorbachev, fa a ne a re: “Setho ga se kake sa tlhola se itshokela seemo sa go itse gore bana ba le dimilione ba swa ngwaga le ngwaga.”

Mo malatsing a go neng go ipaakanyetswa kokoano eo ka one, lefatshe le ne la bontsha kemonokeng ya lone. Go ile ga tshwarwa ka mmatota diphuthego tsa bosetšhaba le tsa metse, diseminara, dithuto tsa kafa go ka lwantshanwang le mathata ka teng, le dipuisano mabapi le mathata a bana ba leng mo go one. Batho ba ba fetang milione ba ba tswang mo mafatsheng a le 80 ba ne ba tshuba dikerese go supa tsholofelo ya bone ya gore lefa gone go santse go na le mathata le diphatsa kwa pele, lefatshe le santse le ka dirwa lefelo le le botoka.

UNICEF (United Nations Children’s Fund) e ne ya galaletsa letsatsi la bofelo la kokoano eo e re “e tshwanetse ya bo e le letsatsi le legolo mo baneng go dikologa lefatshe.” Ke ka ntlha yang fa go ne go itumetswe thata jaana? Ke ka go bo baeteledipele ba lefatshe ba ne ba ile ba dira “Lenaneo la Kgato Eo E Ka Tsewang” le le tlhomameng la go fokotsa pogo le dintsho tsa bana go dikologa lefatshe.

Gone ke boammaaruri gore, go setse go itsege go tswa bogologolong gore ditumalano tsa molomo di tletse ka ditsholofetso tse di sekeng di diragadiwa. Mme lefa go le jalo, bangwe ba ne ba bona go na le moya o mosha wa tlhoafalo le tirisanommogo ka ntlha ya go fela ga go Itaana ka Noga E Tshela. Mookamedimogolo wa UNICEF ebong James Grant o ne a bua jaana a itumetse: “Tota, ditlhogo tsa Mafatshe le Dipuso di tsere kgato ya ntlha ya go tlhomamisa gore batho botlhe ba tshela sentle—‘bana ba ba godileng’ le bana—go nna jone boikaelelo jwa konokono jwa kgatelopele mo thulaganyong e ntšha ya lefatshe.”

Ka boammaaruri, erile ngwaga fela morago ga kokoano eo, ditšhaba di le dintsi di ne di setse di na le mananeo a go diragatsa maitlhomo a kokoano eo. Seno se ne sa dira gore Mookamedi Grant a re: “Jaanong re na le tsholofelo e e seng ya ditoro ya gore botsogo jwa bana botlhe bo tla kgonwa ka ngwaga wa 2000.”

Mme gone mathata a bana ke afe, sephiri seo sa lelapa se se tlhabisang ditlhong se se tletseng ka lefatshe, seo se ileng sa senolwa ke bobegadikgang jwa lefatshe ka bophara? A mme gone jaanong, mo boemong jo bo leng teng jwa tirisanommogo ya merafe jwa morago ga go fela ga go Itaana ka Noga E Tshela, go na le mabaka a go dumela gore Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o tla goga kwa pele thulaganyo eno e ntšha ya lefatshe e e itumedisang? A tota ka boammaaruri re ka solofela gore bana ba rona ba tla nna le isagwe e e siameng? Ditlhogo tse pedi tse di latelang di tla araba dipotso tseno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela