LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 8/8 ts. 30-32
  • A go Phoso go ja Nama?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Phoso go ja Nama?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang ba Bangwe Ba sa Je Nama?
  • A go Phoso go Bolaya Diphologolo?
  • Go ja Diphologolo
  • Go Tlotla Botshelo Jwa Phologolo
  • Go Tlhomogela Diphologolo Pelo
  • A Mokeresete o Tshwanetse go Nna Mojamerogo?
  • Diphologolo
    Tsogang!—2015
  • Go Sotla Diphologolo—A go Phoso?
    Tsogang!—1998
  • A Modimo o Amega ka Diphologolo?
    Tsogang!—2011
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 8/8 ts. 30-32

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A go Phoso go ja Nama?

“BONANG, KE LO NEILE MOROGO MONGWE LE MONGWE O O TSALANG PEO, O O MO LEFATSHENG LOTLHE, LE SETLHARE SENGWE LE SENGWE SE SE NANG LE LOUNGO LWA SETLHARE LO LO NTSHANG PEO; E TLAA NNA DIJO TSA LONA.” —Genesise 1:29.

SUJATA wa dingwaga di le 18 go tswa kwa lelapeng la bajamerogo la Bahindu, o ne a dumalana ka bonako fela le ditaelo tsa go ja tse Modimo a di neetseng motho wa ntlha e bong Atame. Mme ka yone nako eo o ne a botsa gore: “Ke ka ntlha yang he, fa batho ba bolaya diphologolo gore ba di je fa go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse ba ka di jang?”

Batho ba le bantsi go dikologa lefatshe ba ipotsa seno seo. Dimilione di le makgolokgolo kwa Botlhaba di ja dijo tse di se nang nama. Mo godimo ga moo, palo ya bajamerogo kwa Bophirima e a oketsega. Kwa United States fela, dimilione di ka nna 12,4 tsa batho di ipolela fa di ja merogo fela, e bong dimilione di le 3 go feta lesome le le fetileng la dingwaga.

Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba tlhopha dijo tse di senang nama? Pono e e siameng ka botshelo jwa diphologolo ke efe? A go ja nama go bontsha go sa tlotle botshelo? Go ya ka se se boletsweng mo go Genesise 1:29, a go phoso go ja nama? Sa ntlha, ela tlhoko lebaka la go bo bangwe ba sa je nama.

Ke ka Ntlha Yang ba Bangwe Ba sa Je Nama?

Mo go Sujata, dijo tse a di jang di amana le ditumelo tsa bodumedi jwa gagwe. O tlhalosa jaana: “Ke godisitswe ke le Mohindu, ke dumela mo thutong ya go tsalwa ka mmele o mosha. E re ka moya wa motho o ka nna wa bowa e le phologolo, ke tsaya diphologolo di lekana le nna. Ka jalo, go bonala go le phoso go di bolaya gore di jewe.” Madumedi a mangwe le one a buelela go ja merogo fela.

Go na le mabaka a mangwe gape kwantle ga ditumelo tsa bodumedi a a tlhotlheletsang batho go tlhopha dijo tse ba di jang. Ka sekai, Dr. Neal Barnard o tlhomamisitse ka phepafalo gore: “Mabaka a a dirang gore go jewe nama ke tlwaelo kgotsa botlhokakitso.” Maikutlo a gagwe a konokono a theilwe mo dilong tse di amanang le dikotsi tsa boitekanelo tsa go ja nama tse di jaaka bolwetse jwa pelo le kankere.a

Kwa United States, go bolelwa fa basha ba le gareng ga palo e e golang ya bajamerogo. Mme lebaka la gone ke go amega ka diphologolo. Tracy Reiman wa People for the Ethical Treatment of Animals a re: “Bana ba rata diphologolo. Fa ba simolola go ithuta ka se se diragalelang diphologolo pele ga di bolawa go re di jewe, seno se godisa tsela e ba di tlhomogelang pelo ka yone.”

Batho ba le bantsi ba le bone ba tshwenyegileng ka tikologo ba tlhaloganya kgolagano e e leng teng gareng ga dijo tse ba di jang le dilo tse dintsi tsa tlholego tse di tlhokegang mo go godiseng diphologolo gore di jewe. Ka sekai, go tsaya dilitara di le 3300 tsa metsi go ntsha kilogerama e le nngwe fela ya nama ya kgomo le dilitara di le 3100 go ntsha kilogerama e le nngwe ya koko. Go bangwe, seno e nna lone lebaka la go tila go ja nama.

Go tweng ka wena? A o tshwanetse go tlogela go ja nama? Pele ga o araba potso eo, ela tlhoko kgopolo e nngwe gape. Jaaka e bonwa mo go Pesalema 50:10, 11, Jehofa Modimo, Modiri wa dilo tsotlhe a re: “Setshedi sengwe le sengwe sa sekgwa ke sa me, le dikgomo tse di nnang mo dithabeng tse di makgolo a le some. Dinonyane tsotlhe tsa dithaba, ke a di itse; le diphologolo tsa naga ke tsa me.” E re ka tota diphologolo tsotlhe e le tsa Modimo, go botlhokwa go tlhaloganya ka fa Mmopi a ikutlwang ka teng ka botshelo jwa phologolo le ka moo motho a di dirisang ka teng go di ja.

A go Phoso go Bolaya Diphologolo?

Bangwe ba ba jaaka Sujata ba ba tsayang diphologolo di lekana le motho ba dumela thata gore go bolaya phologolo ka lebaka lepe fela go phoso—segolobogolo go di bolaya fela gore di jewe. Le fa go ntse jalo, Dikwalo di bontsha gore Modimo o leba botshelo jwa phologolo bo farologane le botshelo jwa motho e bile o na le mabaka a mantsi a a letlelelang ka one gore diphologolo di bolawe. Ka sekai, kwa Iseraele phologolo e ne e ka bolawa fa e ne e tshosetsa botshelo jwa motho kgotsa diruiwa tsa yo mongwe.—Ekesodo 21:28, 29; 1 Samuele 17:34-36.

Go tloga bogologolo, Modimo o ne a ntse a letlelela gore diphologolo di dirwe ditlhabelo mo kobamelong. (Genesise 4:2-5; 8:20, 21) O ne a bo a laela Baiseraele go dira segopotso sa go Fuduga ga bone kwa Egepeto ka go dira moletlo wa ngwaga le ngwaga wa Tlolaganyo, o o neng o akaretsa go dira ditlhabelo ka kwana kgotsa ka podi le go ja nama ya tsone. (Ekesodo 12:3-9) Gape mo Molaong wa ga Moshe, go ne go na le ditiragalo tse dingwe tse mo go tsone go neng go dirwa ditlhabelo tsa diphologolo.

E ne ya re fa mosadi mongwe wa Mohindu wa dingwaga di le 70 a bala Baebele ka lekgetlho la ntlha, a se ka a itumelela kgang ya go dira ditlhabelo ka diphologolo. Mme fa a ntse a gatela pele mo kitsong ya gagwe ya Dikwalo, o ne a kgona go bona gore ditlhabelo tse di neng di laelwa ke Modimo di ne di na le maikaelelo. Di ne di lebisa kwa setlhabelong sa ga Jesu Keresete, se se neng se tshwanetse go diragatsa tlhokego ya semolao ya go tshwarela maleo. (Bahebere 8:3-5; 10:1-10; 1 Johane 2:1, 2) Gantsi ditlhabelo tseo di ne di thusa baperesiti go bona dijo mme ka dinako dingwe le baobamedi ba bangwe. (Lefitiko 7:11-21; 19:5-8) Modimo yo setshedi sengwe le sengwe se se tshelang e leng sa gagwe, o ne a ka simolola thulaganyo e e ntseng jalo ka maikaelelo a a rileng. Gone mme, morago ga gore Jesu a swe, ditlhabelo tsa diphologolo ga di a ka tsa tlhola di dirisiwa mo kobamelong.—Bakolosa 2:13-17; Bahebere 10:1-12.

Go ja Diphologolo

Le fa go ntse jalo, go tweng ka go bolaya diphologolo gore di jewe? Ke boammaaruri gore dijo tsa motho go tswa tshimologong e ne e le merogo. Mme Jehofa morago o ne a di oketsa ka go akaretsa le nama ya diphologolo. Dingwaga di ka nna 4000 tse di fetileng—mo malatsing a ga Noa yo o siameng—Jehofa o ne a tlisa morwalela wa lefatshe lotlhe le go fedisa lefatshe le le boikepo le le neng le tshela ka nako eo. Noa, lelapa la gagwe le ditshedi tse di tshelang tse a neng a di tsenya mo arakeng ba ne ba falola Morwalela. Morago ga go tswa mo arakeng, Jehofa o ne a bolela seno ka lekgetlho la ntlha: “Dilo tsotlhe tse di tsamayang tse di tshelang, di tlaa nna dijo tsa lona; jaaka merogo e metala, ke di lo neile tsotlhe fela.” (Genesise 9:3) Le fa go ntse jalo, ka yone nako eo, Modimo o ne a neela molao ono: “Le fa e le mang yo o tshololang madi a motho, le ene madi a gagwe a tlaa tshololwa ke motho; gonne Modimo o dirile motho mo setshwanong sa one.” (Genesise 9:6) Ka phepafalo, Modimo ga a lebe diphologolo di lekana le batho.

Totatota, se Sujata a neng a se dumela ka diphologolo se ne se theilwe mo tumelong ya thuto ya bodumedi ya go tsalwa ka mmele o mosha. Mo ntlheng eno Baebele e tlhalosa gore le fa tota batho le diphologolo e le meya, moya o a swa. (Genesise 2:7; Esekiele 18:4, 20; Ditiro 3:23; Tshenolo 16:3) Ka e le meya, batho le diphologolo ba a swa ba bo ba sa tlhole ba nna teng. (Moreri 3:19, 20) Le fa go ntse jalo, batho ba na le tsholofelo e e molemo ya tsogo ya baswi mo lefatsheng le lesha la Modimo.b (Luke 23:43; Ditiro 24:15) Seno le sone se bontsha gore diphologolo ga di lekane le batho.

Sujata o ne a batla go itse gore: “Ke ka ntlha yang go ne ga dirwa diphetogo malebana le dijo?” Go phepafetse gore tlelaemete ya lefatshe e ne ya fetoga thata ka ntlha ya Morwalela. Baebele ga e bolele gore a Jehofa o ne a oketsa dijo tsa batho ka nama ka ntlha ya gore a ne a bonela pele dilo tse dikokomana tsa isagwe tse di neng di tla tshela mo mafelong a mo go one dijalo di bonwang sewelo di neng di tla di tlhoka. Le fa go ntse jalo, Sujata o ne a amogela gore Mong wa dilo tsotlhe tse di tshelang o ne a na le tshwanelo ya go fetola dilo.

Go Tlotla Botshelo Jwa Phologolo

Le fa go ntse jalo, Sujata o ne a ipotsa gore, ‘A gone ga re a tshwanela go tlotla botshelo jwa phologolo ka tsela nngwe?’ Ee, re tshwanetse. E bile Mmopi wa dilo tsotlhe o re boleletse gore re ka dira seno jang. O ne a bolela molawana ono mo go Genesise 9:4: “Nama e e tlhakanyeng le botshelo jwa yone, jo e leng madi a yone, lo se ka lwa e ja.” Ke ka ntlha yang a iletsa go ja madi? Baebele ya re: “Gonne botshelo jwa nama ke madi.” (Lefitiko 17:10, 11) Jehofa o ne a laela gore: ‘O tshololele madi a phologolo e e bolailweng fa fatshe jaaka metsi.’—Duteronome 12:16, 24.

Seno ga se bolele gore thulaganyo e re e neetsweng ya go ja nama e re letlelela go bolaya diphologolo go sa tlhokege e le fela go itlosa bodutu ka go di tsoma kgotsa go supa ka fa re leng bopelokgale ka teng. Go bonala, Nimerote a ne a dira seno. Baebele e mo kaya e le “motsomi yo o nonofileng fa pele ga Jehofa.” (Genesise 10:9, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Le e leng gompieno, bangwe ba ka nna ba itumelela go tsoma le go bolaya diphologolo. Mme moya o o ntseng jalo o tsamaisana le go itlhokomolosa ka tsela e e setlhogo botshelo jwa phologolo mme Modimo ga a o amogele.c

Go Tlhomogela Diphologolo Pelo

Bajamerogo bangwe gompieno le bone ba tshwenyegile ka tsela e diphologolo di tshwarwang ka yone ke madirelo a segompieno a nama. The Vegetarian Handbook e akgetse jaana: “Kgwebo ya temothuo ga e kgathalele tsela ya tlholego e diphologolo di ikutlwang ka yone.” Buka eo e akgela ka gore: “E re ka di godisediwa mo mafelong a a kgotlaganeng le ditikologo tse e seng tsa tlholego, diphologolo tsa segompieno di sotlwa thata go feta ka moo diphologolo di neng di tshwarwa ka teng pele.”

Le fa gone go ja diphologolo go se kgatlhanong le thato ya Modimo, tsela e e setlhogo e di tshwarwang ka yone e kgatlhanong le ene. Baebele e bolela jaana mo go Diane 12:10: “Motho yo o siameng o tle a gopole botshelo jwa kgomo yabo.” Gape Molao wa ga Moshe o ne wa laela tlhokomelo e e siameng ya diphologolo tsa legae.—Ekesodo 23:4, 5; Duteronome 22:10; 25:4.

A Mokeresete o Tshwanetse go Nna Mojamerogo?

Jaaka go bontshitswe fa godimo, kgang ya go nna mojamerogo—kgotsa go tswelela o le ene—ka tlhamalalo ke tshwetso ya motho ka namana. Ka ntlha ya boitekanelo, ikonomi, ikholoji kgotsa go tlhomogela diphologolo pelo, motho a ka nna a tlhopha go itlwaetsa go tshela ka merogo fela. Mme o tshwanetse go go tsaya e le mokgwa mongwe fela wa go ja. Ga a tshwanela go tshwaya ba ba jang nama phoso fela jaaka le bone ba ba jang nama ba sa tshwanela go nyatsa mojamerogo. Go ja nama kgotsa go se e je ga go dire motho ope go nna botoka. (Baroma 14:1-17) E bile dijo tse motho a di jang ga e a tshwanela go nna selo sa konokono mo botshelong jwa gagwe. Jesu o rile: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.”—Mathaio 4:4.

Fa e le ka ga go nna setlhogo mo diphologolong le go dirisa dikuno tsa lefatshe ka tsela e e sa siamang, Jehofa o solofetsa go fedisa tsamaiso eno e e bosula le e e pelotshetlha le go e emisetsa ka lefatshe le lesha le a le dirileng. (Pesalema 37:10, 11; Mathaio 6:9, 10; 2 Petere 3:13) Mo lefatsheng leo le lesha, motho le diphologolo ba tla tshela mmogo mo kagisong ka bosakhutleng e bile Jehofa o tla ‘kgorisa keletso ya ditshedi tsotlhe fela.’—Pesalema 145:16; Isaia 65:25.

Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.5

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona Tsogang! ya July 8, 1997, ditsebe 21-31.

b Bona Tora ya Tebelo ya May 15, 1997, ditsebe 3-8, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

c Bona Tora ya Tebelo ya May 15, 1990, ditsebe 30-1.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]

Punch

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela