Metsi—Selo sa Konokono mo Polaneteng Eno
METSI, le fa a sena mmala, monkgo, tatso le dikilojoule, a botlhokwa thata mo dilong tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng. Ga go na motho, phologolo kgotsa semela se se ka tshelang kwantle ga one. Go tloga ka tlou go fitlha ka ditshedinyana tse dinnyennye, metsi a botlhokwa; e bile ga go na sepe se se ka a emisetsang. Mongwe le mongwe mo dimilioneng di le dikete tsa batho o tlhoka dilitara di le 2,5 tsa metsi letsatsi le letsatsi a le seedi le mo dijong gore a nne a itekanetse. Fa go ne go se na metsi botshelo bo ne bo se kitla bo nna teng.
Kwantle ga metsi, ga o kgone go jala dijalo kgotsa go rua leruo. Fa go se na metsi, ga go nne le dijo—fa go se na dijo botshelo ga bo nne teng.
Ka lesego, go na le metsi a mantsi tota. Fa polanete ya rona e ntle ya mmala wa legodimo e tsewa senepe go tswa mo lefaufaung e lebega e tshwanetse go bidiwa Metsi e seng Lefatshe. Ee ruri, fa metsi a mo lefatsheng a ka le khurumetsa gotlhelele, lefatshe lotlhe le ka fetoga lewatle la boteng jwa dikilometara di le 2,5. Dikarolo tsotlhe tsa naga mo lefatsheng lotlhe di ka felela mo Lewatleng la Phasifike, go bo go sala phatlha e nngwe e kgolo.
Gone mme, bontsi jwa metsi a mo lefatsheng a mo mawatleng e bile metsi a lewatle a letswai. Fa motho a ka nwa metsi a lewatle fela, o tla swa ka bonako ka ntlha ya lenyora le go felelwa ke metsi mo mmeleng fa mmele o ntse o leka go ntsha letswai le lentsi mo go one. Metsi a lewatle ga a siamela temo kgotsa le e leng madirelo—a bolaya dijalo di le dintsi e bile a rusisa metšhini e mentsi ka bonako. Ka jalo, batho ba ka dirisa bontsi jwa metsi a lewatle fa fela ba a ntsha letswai e leng selo se se ka jang madi a mantsi.
Ke diperesente di le 3 fela tsa metsi a lefatshe a a leng foreshe, a a se nang letswai. Mo e ka nnang metsi otlhe a a foreshe—diperesente di ka nna 99 tsa one—a lotleletswe mo dikgapetlakeding le mo ditlhorong tsa diaese kgotsa a kwa tengteng kwa tlase ga lefatshe. Ke fela peresente e le 1 e batho ba ka e bonang motlhofo.
Peresente e le 1 ga e utlwale e le ntsi. A re tlile go tlhaelelwa ke metsi a a foreshe? Gongwe nnyaa. Makasine wa People & the Planet o boletse gore: “Le e leng [peresente e le 1] eno, fa e nathoganwa sentle mo lefatsheng lotlhe le go dirisiwa sentle, e ka lekana go tlamela palo e e fetang ya gone jaanong ya baagi ba lefatshe e menagane gabedi kana gararo.”
Sentlentle, selekanyo sotlhe sa metsi a a mo lefatsheng ga se oketsege kgotsa gone go fokotsega. Science World e bolela gore: “Metsi a o a dirisang gompieno gongwe a kile a ne a nowa ke di-dinosaur. Seno ke ka gonne metsi otlhe a re nang le one gone jaanong mo Lefatsheng ke one a re saleng re na le one—kgotsa a re tla nnang re ntse re na le one.”
Ke ka gonne metsi a a leng mo lefatsheng le go le potologa a nna a dikologa a sa fetse—go tswa kwa mawatleng go ya kwa lefaufaung, go tla mo lefatsheng, go ya kwa dinokeng le go boela gape kwa mawatleng. Go fela jaaka monna yo o botlhale a ne a kwala jaana bogologolo tala: “Dinoka tsotlhe di thelegela mo lewatleng, le fa go ntse jalo lewatle ga le a tlala; felong kwa dinoka di yang gone, di be di ye gone gape.”—Moreri 1:7.
Le fa go ntse jalo, le fa go na le metsi a mantsi a a foreshe mo lefatsheng, mafelo a mantsi a mo tlalelong. Ditlhogo tse di latelang di tla tlhatlhoba mathata a teng le dilo tse di ka dirwang go a rarabolola.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]
NASA photo