LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 9/8 ts. 14-19
  • Basupi ba ga Jehofa Kwa Russia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basupi ba ga Jehofa Kwa Russia
  • Tsogang!—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba-Russia ba Ipelela go Obamela ka Kgololesego
    Tsogang!—2000
  • Karolo 5—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Batho ba ba Ratang Kagiso ba Femela Leina la Bone le le Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tsheko E e Sa Feleng e Felela ka Phenyo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 9/8 ts. 14-19

Basupi ba ga Jehofa Kwa Russia

Kgopolo ya Moithutabodumedi

KWA Roma, baeteledipele ba setšhaba ba Bajuta ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bolela seno ka Bokeresete: “Malebang le lekoko leno re a itse gore le buiwa ka go kgalwa gongwe le gongwe.” Ke eng se baeteledipele bao ba neng ba se dira? Se ba se akgolelwang ke gore ba ne ba ya kwa go moaposetoloi Paulo, yo ka nako eo a neng a tswaletswe mo ntlong ya gagwe mme ba bolela jaana: “Mme re akanya gore ke se se tshwanetseng gore re utlwe mo go wena gore dikakanyo tsa gago ke eng.” (Ditiro 28:22) Ba ne ba reetsa Mokeresete yo o nang le tshedimosetso e e feletseng go na le ba ba neng ba le kgatlhanong le Bokeresete.

Sergei Ivanenko e bong moithutabodumedi yo o tlotlegang kwa Russia o dirile se se tshwanang. Le fa a ne a dumela dipego di le dintsi tse di sa siamang kaga Basupi ba ga Jehofa tse di neng di anamisitswe mo Russia, o ne a swetsa go founela ofisi ya lekala ya Basupi, e e leng kwa ntle fela ga St. Petersburg, go bona tshedimosetso. O ne a amogela taletso ya go etela koo, a botse dipotso le go sekaseka Basupi ka boene.

Fa Rre Ivanenko a goroga ka October 1996, meago e maloko a a kana ka 200 a badiri ba lekala la Basupi ba ga Jehofa mo Russia e ne e le gaufi le go fela. O ne a neelwa tshono ya malatsi a a latelang a le mararo go keleka lefelo le le agiwang, a ja dijo mo phaposing ya bojelo le go botsolotsa mongwe le mongwe fela yo a ka ratang go mo botsolotsa.

Setlhogo se Rre Ivanenko a se kwadileng kaga Basupi se ne sa gatisiwa mo lekwalodikgannyeng la beke le beke le le itsegeng la kwa Russia e bong Moscow News la February 16-23, 1997. Setlhogo se se reng “A re Tshwanetse go Boifa Basupi ba ga Jehofa?,” le sone se ne sa tlhagelela mo kgatisong ya Seesemane ya Moscow News, ya letlha la February 20-26. E re ka bontsi jwa babadi ba Tsogang! ba kgatlhegela tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Russia thata, re letleletswe go tlhagisa fano karolo e kgolo ya setlhogo seno. Rre Ivanenko o ne a simolola ka maitemogelo a a latelang a a neng a kwadilwe ka mokwalo wa bontsho jo bo tseneletseng:

“‘Makoko, tswang mo Russia!’ ke kafa papetla ya phasalatso e e neng e tsholeditswe ke maloko a mokgatlho wa LDPR wa ga Zhirinovsky a a neng a ngongorega ka pokano ya Basupi ba ga Jehofa. ‘Ke eng se lo sa se rateng ka mokgatlho ono?’ Ke ne ka botsa mongwe wa bangongoregi bao. O ne a nneela khopi ya Megapolis-Express e e nang le setlhogo se se reng ‘Go Simolola ga Thosola ya Bodumedi kwa Kamchatka.’ Lekwalodikgang leo le ne le bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba senkela mokgatlho wa bone madi ka go kgothaletsa batho go ya kwa diakeng e bile ba na le dikgwebo tsa boaka, ba anamisa bolwetse jo bo tshelanwang ka tlhakanelodikobo gareng ga batsamaakadikepe. ‘A le wena o mongwe wa ba ba dirilweng jalo?’ Ke ne ka botsa jaana ke mo utlwela botlhoko gore, ‘A o dumela tshedimosetso eno?’ Karabo e ne ya nna gore ‘Seo ga se tshwenye. Selo sa botlhokwa ke gore lekoko leno la Amerika le senya bomoya le setso sa Russia mme re tshwanetse go emisa seo.’”

Setlhogo se Rre Ivanenko a se kwadileng se ne sa latelwa kwa tlase ke mola o o reng: “Ka Sergei Ivanenko, moithutabodumedi, moithutafilosofi.”

“Boikanyego jo bo ntseng jaana bo bonwa sewelo ruri, le fa gone go le boammaaruri gore bontsi jwa Ba-Russia ga ba akanye dilo tse di molemo ka Basupi ba ga Jehofa. Go umaka fela mokgatlho ono go felela ka motseletsele wa dikakgelo kaga go tlhagafalela bodumedi ga bone mo go feteletseng, gore o simologile kwa Amerika, le gore maloko a one a foufaditswe ke go tshepa baeteledipele ba mokgatlho ono thata le go dumela ga one gore bokhutlo jwa lefatshe bo gaufi thata. Mo go ba le bantsi Basupi ba ga Jehofa ba tsosa poifo e e tlhakaneng le go rata go itse.

“Bodumedi Jono ke Eng e Bile A Re Tshwanetse go bo Boifa?

“E le go iponela dilo tseno, ke ne ka etela motse wa Solnechnoye mo kgaolong ya Kururtnoye kwa St. Petersburg, koo ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa mo Russia e leng gone.

“[Lefelo leno le] mo setsheng se e kileng ya nna kampa ya selemo. Ka 1992 moago [wa kwa tshimologong] o ne o senyegile ka ntlha ya masetlapelo mme bana ba ne ba sa tlhole ba nna mo go lone, jaanong go nna bakgarakgatshegi le lesomosomo la dipeba. Go bonala selo se se thusitseng Basupi ba ga Jehofa go bona setsha seo sa diheketara di le supa go se dirisa go ya go ile e le go bo se senyegile thata. Ba ne ba tsosolosa kago ya bogologolo gape ba simolola le go aga tse disha, go akaretsa le kago ya botsamaisi ya metlhatlhaganyane e le nnè, [Holo ya Bogosi] e e tsayang batho ba le 500 le holo ya go jela. Basupi ba ga Jehofa gape ba jala bojang jo bosha (jo bo otarilweng ka tlhamalalo go tswa kwa Finland) le mefuta e e farologaneng ya ditlhare tse di bonwang sewelo. Go solofetswe fa tiro e tla bo e fedile mo selemong seno se se tlang. Tiro e tona ya lefelo la botsamaisi ke go rulaganya tiro ya go rera le go romela dibuka kwa diphuthegong tsa mono tsa Basupi ba ga Jehofa. Solnechnoye ga e ikgatisetse dibuka, ka jalo dibuka tsa Se-Russia di gatisiwa kwa Jeremane mme di romelwe kwa St. Petersburg koo di fitlhang di romelwa kwa dikgaolong tse dingwe teng. Ke batho ba ba ka nnang 190 ba ba berekang mo lefelong leo. Ba bereka ka boithaopo e bile le fa ba sa bone tuelo, ba neelwa dilo tsa botlhokwa tse ba di tlhokang tse di jaaka lefelo la bonno, dijo le diaparo.

“Tiro ya moo e kaelwa ke komiti ya bagolwane ba le 18. Vasily Kalin e nnile mogokaganyi wa botsamaisi go tloga ka 1992. O tsholetswe kwa Ivano-Frankovsk. Ka 1951 fa a ne a le dingwaga di le nnè, ene le batsadi ba gagwe ba ne ba tshabela kwa Siberia (ka 1949 le ka 1951 malapa a ka nna 5000 a ne a bogisiwa ke puso go bo e le Basupi ba ga Jehofa). O ne a kolobediwa ka 1965 mme a nna kwa kgaolong ya Irkutsk. O ne a dira e le foromane kwa lefelong le le dirang dipolanka.

“Kwantle ga baithaopi ba ba leng mo lefelong la botsamaisi go na le baithaopi ba le 200 ba ba agang ba ba tswang kwa Russia, Finland, Sweden le Norway ba ba nnang mo Solnechnoye: Ba bontsi jwa bone ba tsereng nako ya boikhutso kwa ba berekang gone. Gape go na le Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba ba tswang kwa Ukraine, Moldova, Jeremane, United States, Finland, Poland le kwa dinageng tse dingwe. (Basupi ba ga Jehofa ga ba tlhaole batho ba bangwe ka lotso. Le mororo Ba-Georgia, Ba-Abkhaz, Ba-Azerbaijan le Ba-Armenia ba nna mmogo, mo dingwageng di le nnè tse di fetileng ga go ise go nne le kgotlhang epe.)

“Bontsi jwa didirisiwa le ditlamelo tsa kago ba di abetswe ke dinaga tsa Scandinavia e bile bontsi jwa tsone ba di abetswe mahala ke badumedimmogo. Ke ne ka bontshiwa bulldozer e Mosupi mongwe wa ga Jehofa wa kwa Sweden a e tlisitseng mo Solnechnoye ka 1993. O ne a bereka ka yone nako yotlhe fa a ne a le moo mme pele fela ga a boela gae o ne a e neela bakaulengwe ba gagwe mo tumelong. Badiri ba ba agang ba nna mo matlong a bonno le mo megwafatsheng e mentle. Letsatsi la bone le ntse jaana: ka 7:00 mo mosong—sefitlholo le dithapelo; ba bereka go tloga ka 8:00 mo mosong go fitlha ka 5:00 maitseboa, ka ura e le nngwe ya dijo tsa motshegare. Ka Matlhatso ba bereka go fitlha ka nako ya dijo tsa motshegare mme Sontaga ke letsatsi la go ikhutsa.

“Ba ja sentle tota e bile ka metlha go na le leungo mo dijong tse ba dijang. Bodumedi jono ga bo ikitse go ja kgotsa go iletsa batho go ja dijo dingwe tse di rileng. Morago ga tiro, ba le bantsi ba ya kwa sauna mme ba intshe lenyora ka biri le go nna fela ba reeditse mmino. Ga go na matagwa mo gare ga Basupi ba ga Jehofa le fa gone bojalwa bo sa ilediwa. Badumedi ba teng ba letleletswe go nwa waene, cognac, vodka jalo le jalo. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba goge.

“Gararo mo bekeng go na le ditlelase tsa go ithuta Baebele tse gantsi basha ba nnang teng mo go tsone. Le fa go ntse jalo, ga se mo go sa tlwaelegang go fitlhela bangwe ba ba nang le dingwaga di le 30-40 e ntse e le Basupi ba ga Jehofa. Bontsi jwa ba ba godileng ba feditse nako e ntsi ba le kwa dikgolegelong, dikampeng tsa dipogisetso le kwa botshabelong. Morago ga gore nako ya kgatelelo e khutle, dingaka, baitsemolao, baenjeniri, barutisi, borakgwebo le baithuti ba le bantsi ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa.

“Diphuthego di leka go boloka boemo jwa go lekalekana mo gare ga maloko a tsone. Ka sekai, le e leng mogokaganyi wa botsamaisi o tlhatswa dijana mo maitseboeng fa e le nako ya gagwe ya go dira jalo. Basupi ba ga Jehofa ba bitsana ka tsela e e tlwaelegileng gape ba tla oketsa ka ‘mokaulengwe’ kana ‘kgaitsadi’ fa ba bitsa mongwe ka leina la gagwe.

“Fa Mosupi wa ga Jehofa a tlola dithuto tsa Baebele le go gana go ikwatlhaya, o neelwa mofuta o o masisi tota wa katlholo—o a kobiwa. Motho yo o ntseng jalo a ka nna a nna teng kwa dipokanong mme badumedikaene ga ba sa tlhole ba mo dumedisa. Fa a dirile phoso e e seng masisi o tla kgalemelwa fela.

“Ke ne ka fetsa nako e ntsi ke etse tlhoko Basupi ba ga Jehofa ke leka go lemoga selo se se lereng batho ba bantsi jaana ba ba farologaneng mo mokgatlhong ono wa bodumedi. Ba farologane ka botho jwa bone, maemo a thuto le dilo tse ba di ratang ka namana le tse ba sa di rateng, [Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo kobamelong le] madumedi a a ineelang mo dilong tsa lefatshe leno le le boleo. Ba ikutlwa ba sa phuthologa mo mafelong a mo go one [batho] ba tshwanetseng go dumela fela mo pusong, kwa batho ba dumelang thata mo masaitseweng, kwa batho ba tlhaolwang go ya ka ditlhopha tsa baruti le batho fela ba maemo a a kwa tlase.

“Basupi ba ga Jehofa ba farologanngwa ka tumelo ya bone e e nitameng ya go tshela tumalanong le Baebele. Ba leka go tlhomamisa kgato e nngwe le e nngwe ya bone ka molaomotheo mongwe o o rileng wa Baebele, kgotsa ka go umaka temana e e rileng go tswa mo Tesetamenteng ya Bogologolo kgotsa e Ntšha. Basupi ba ga Jehofa ba dumela mo Baebeleng le gore ke Baebele fela e e nang le dikarabo tsa dipotso tsotlhe. Mo Basuping ba ga Jehofa, Baebele ke molaotheo, molaomotheo wa boitsholo jwa batho le buka e e senolang boammaaruri jwa maemo a a kwa godimo.

“Ka lebaka leno Basupi ba ga Jehofa ba itsege lefatshe lotlhe e le batho ba ba utlwang molao gape segolobogolo ka mokgwa wa bone wa boikanyegi fa go tliwa mo go dueleng makgetho. Ofisi e e tlhokometseng lekgetho ka gale e a ba tlhatlhoba mme e gakgamadiwa ke go fitlhela go sena molao ope o ba o tlodileng. Ee gone, Basupi ba ga Jehofa ba ka nna ba dira jaaka ba bangwe ba bantsi, ba leka go bona mabaka a go se duele makgetho, le fa go ntse jalo, Baebele ya re motho o tshwanetse go ikanyega mo go dueleng makgetho mme Basupi ba ga Jehofa ba ikobela taolo eo.

“Le fa go ntse jalo, mokgwa wa bone wa go sa ineelele go tlola molao wa Baebele gantsi ke one o bakang dikgotlhang gareng ga Basupi ba ga Jehofa le puso. Boemo jwa bone jwa go sa itshunyatshunye mo dipolotiking ke jone selo sa konokono se se bakang kgotlhang e bile bo itshupa ka go gana ga bone go direla mo sesoleng.

“Basupi ba ga Jehofa ba diragatsa mafoko a ga Jesu malebana le kafa barutwa ba gagwe le bogosi jwa gagwe e seng karolo ya lefatshe leno ka teng, mme ka lone lebaka leno ba gana go nna le seabe mo dipolotiking le mo ntweng, go sa kgathalesege gore e lwelwa kae le gore go lwelwa eng. Ka gonne Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gana go goa ba re ‘Heil Hitler’ le go dira mo sesoleng sa ga Hitler, dikete di le dintsi tsa badumedi ba bone di ne tsa romelwa kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Nazi mme diketekete di ne tsa swa. Mosupi mongwe le mongwe wa ga Jehofa wa Mojeremane yo o neng a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya go gana go tsaya karolo mo go tlhaseleng Soviet Union, Ba-Russia ba mo tsaya e le motho yo o neng a tsaya kgato e e supang gore o na le boitshwaro jwa maemo a a kwa godimo. Le fa go ntse jalo, Ba-Russia ba le bantsi ga ba utlwele Basupi ba ga Jehofa bano ba [Russia] botlhoko ba ba neng ba bolawa ka go bo ba ne ba gana go tsaya dibetsa le go nna le seabe mo Ntweng ya Lefatshe II kgotsa ba ba neng ba atlholelwa go gana go nna masole mo dinakong tsa kagiso. Mme mo makgetlhong oomabedi Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira tumalanong le ditumelo tsa bodumedi jwa bone e seng maikutlo a dipolotiki.

“Gautshwane fela jaana go ne ga tsoga bothata jo bo tshwanang le jono kwa Japane, koo baithuti bangwe ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba neng ba gana go ithuta maretshwa a go lwa ka matsogo mme ba itsenya mo kotsing ya go lelekiwa mo yunibesithing. Ka 1996 Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa Japane e ne ya atlhola ka tshiamo e ema nokeng ditshwanelo tsa baithuti bano le go ba letla go tsaya dirutwa tse dingwe.

“Ke eng se se kaga Basupi ba ga Jehofa se se gakgamatsang batho ba ba akanyang ba gompieno? Mo godimo ga tsotlhe ke go bo ba rera ka bopelotelele gore bokhutlo jwa lefatshe bo gaufi (ba rera mo mebileng le ka ntlo le ntlo). Bosheng jaana bagolwane ba gakolotse bareri gore ba se gatelele thata kgang ya ‘bokhutlo jwa lefatshe’ le masetlapelo a a tla welang baikepi, mme go na le moo ba tlhalosetse bareetsi gore Jehofa o ba neela tshono ya go nna le ‘botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise.’

“Kgang e nngwe gape e e tshwenyang ke boikutlo jwa Basupi ba ga Jehofa jwa go nna kgatlhanong le ditiro tsa tlhakanelotumelo le go gana ga bone go nna seoposengwe le dikereke. Ba dumela gore batho ba ba reng ke Bakeresete ga ba a ikanyega mo Modimong le mo Baebeleng le gore madumedi a mangwe otlhe a phoso tota. Basupi ba ga Jehofa ba tshwantshanya madumedi ano le ‘seaka sa Babilone,’ le gore le one a tlile go nyelediwa. Makasine wa bosheng jaana wa ‘Tsogang!’ o boletse gore madumedi a a farologaneng a gaufi le go fedisiwa, le gore bodumedi jo bo tla salang ke jo Basupi ba ga Jehofa ba rerang ka ga jone.

“Mme e bile Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololesego ya segakolodi.

“Dinaga di le dintsi di setse di ntshitse maikutlo kaga gore a dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa di kotsi mo setšhabeng. Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa Connecticut, kwa United States (1979) le New South Wales, kwa Australia (1972), le Kgotlatshekelo ya Porofense ya British Columbia, kwa Canada (1986) le dikgotlatshekelo tse dingwe di boletse gore ga go na bosupi jwa gore Basupi ba ga Jehofa ba kotsi mo setšhabeng kgotsa ba kotsi mo botsogong jwa batho kgotsa boemo jwa bone jwa maikutlo. European Human Rights Court (1993) e ne ya sireletsa tshwanelo ya kgololesego ya bodumedi ya Basupi ba ga Jehofa e ba neng ba e amogilwe kwa Greece le kwa Austria. Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba a bogisiwa mo dinageng di le 25 . . .

“Basupi ba ga Jehofa ba ka tsewa e le sekai mo baagingkabone ka ntlha ya boineelo jwa bone mo boammaaruring jwa Baebele le go rata ga bone go emela ditumelo tsa bone ba sa ikgogone. Mme go tsoga potso: A setšhaba sa rona se ipaakanyeditse go neela mekgatlho e e ntseng jalo e e dirang dilo go ya ka se Baebele e se bolelang mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa yone ba sa ineele ka kgololesego ya segakolodi e e engwang nokeng ke molaotheo wa naga?”

Mo moleng ono wa bofelo, Rre Ivanenko o ne a tsosa potso ya botlhokwa. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo yo o neng a tlhophiwa ka tlhamalalo ke Keresete go nna moemedi wa gagwe, o ne a nna ‘mo dikgoleng tsa kgolegelo.’ Ke gone ka moo, Paulo a neng a kwalela badumedikaene kaga maiteko a gagwe “mo go femelweng le go tlhomamisiwa semolao ga dikgang tse di molemo.”—Bafilipi 1:7; Ditiro 9:3-16.

Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba amogela botlhe go tlhatlhoba ditiro tsa bone sentle, jaaka go dirile Rre Ivanenko. Re tlhomamisegile gore fa batho ba dira jalo, ba tla lemoga gore dipego tse di sa siamang kaga Basupi ga se tsa boammaaruri, fela jaaka dipego tse di ntseng jalo kaga Bakeresete ba ntlha di ne di se boammaaruri. Selo se se lemotshegang thata ke gore Basupi ba obamela “taolo e ntšha” e Jesu a e neetseng barutwa ba gagwe: “Go ratana; fela jaaka ke lo ratile.”—Johane 13:34, 35.

[Lebokoso mo go tsebe 15]

Faele ya MN

Tshedimosetso e e latelang go tswa mo difaeleng tsa Moscow News e ne ya gatisiwa mmogo le setlhogo seno ke Sergei Ivanenko.) “Basupi ba ga Jehofa ba Russia ke karolo ya mokgatlho wa Bokeresete wa lefatshe lotlhe o o dirang mo dinageng di le 233 e bile o na le maloko a le dimilione di le 5,4. Basupi ba ga Jehofa ba latela kaelo ya semoya ya Setlhopha se se Laolang se se leng kwa Brooklyn kwa New York. Mokgatlho wa gompieno wa Basupi ba ga Jehofa o simologile go tswa mo tlelaseng ya thuto ya Baebele e e neng ya bopiwa ka 1870 ke Charles Taze Russell kwa Pittsburgh kwa Pennsylvania. Mokgatlho ono o ne wa tla mo Russia ka 1887. Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa wa ntlha mo Russia e bong Semyon Kozlitsky o ne a tshaba go tswa Moscow go ya Siberia ka 1891. Go sa kgathalesege go bogisiwa, mokgatlho ono o ne wa itshoka, ka 1956 go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 17 000 mo Soviet Union. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tsewa tsia mo Russia ka March 1991, morago ga go dirwa molao ‘Wa Kgololesego ya Bodumedi.’ Gompieno go na le ditlhopha tse di fetang 500 tse di nang le maloko a a ka nnang 70 000 mo Russia. Mokgatlho ono o anamisa dikhopi tsa ‘Tora ya Tebelo’ (tse di gatisitsweng ka dipuo di le 125, mme go anamisiwa dimilione di le 20) le ‘Tsogang!’ (ka dipuo di le 81, go anamisiwa dimilione di le 18).”

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Karolo ya lefelo la ofisi ya lekala mo Russia

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Holo ya Bogosi eo maloko a lekala le le kwa Russia a tshwarelang thuto ya Baebele teng

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Malapa a Basupi a ithuta le go itumelela boitlosobodutu ba le mmogo

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Ba abelana kitso ya Baebele le ba bangwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela