LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 5/1 ts. 18-21
  • Batho ba ba Ratang Kagiso ba Femela Leina la Bone le le Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho ba ba Ratang Kagiso ba Femela Leina la Bone le le Molemo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba ne Ba Tsibogela Matshosetsi a a Oketsegang
  • Batho ba Tsibogela Letsholo Sentle
  • Go Tla Diregang Kwa Russia mo Isagweng?
  • Ba-Russia ba Ipelela go Obamela ka Kgololesego
    Tsogang!—2000
  • Go Etela Gape Kwa Russia
    Tsogang!—1995
  • Basupi ba ga Jehofa Kwa Russia
    Tsogang!—1997
  • Isagwe ya Bodumedi e Ntse Jang?
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 5/1 ts. 18-21

Batho ba ba Ratang Kagiso ba Femela Leina la Bone le le Molemo

LEKWALO LE LE KWALETSWENG BAAGI BA KWA RUSSIA: Go gatisiwa ga pego e e latelang go tla dira gore batho ba le dimilione di le masomesome ba ba nnang mo dinageng di feta 230 ba itse kafa batho bangwe kwa Russia ba amogilweng kgololesego ya bone ya kobamelo ka teng go sa tshwanela. Makasine wa Tora ya Tebelo o ranolwa le go anamisiwa go feta dimakasine tse dingwe tsotlhe mo lefatsheng. Setlhogo seno se tla nna teng ka dipuo di le 188. Go tla gatisiwa dikhopi di feta dimilione di le 40. Badiredi bangwe ba puso ba ka tswa ba sa batle gore batho mo lefatsheng lotlhe ba itse gore go diragalang ka Basupi ba ga Jehofa kwa Russia. Mme mafoko ano a ga Jesu a tla itshupa a le boammaaruri: “Ga go na sepe se se fitlhilweng ka kelotlhoko se se se kitlang se senolwa, le se e leng sephiri se se se kitlang se itsiwe.”—LUKE 12:2.

KA December 2009 le January 2010, dikgotlatshekelokgolo tse pedi tsa kwa Russia di ne tsa bolela gore bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa bo kotsi mo setšhabeng. Go ne go lebega go direga se se kileng sa direga mo dingwageng tse di fetileng. Fa Ba-Soviet ba ne ba busa kwa Russia, Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete ba ne ba latofadiwa ka maaka go twe ba kotsi mo setšhabeng. Ba ne ba tshwarwa ba isiwa kwa mafelong a mangwe, ba tsenngwa mo dikgolegelong le mo dikampeng tse batho ba dirisiwang tiro e e bokete mo go tsone. Fa puso eo e sena go phutlhama, ditatofatso tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa phimolwa. Puso e ntšha e ne ya itsise semolao gore ga ba na molato.a Jaanong go lebega batho bangwe ba ikemiseditse go senya Basupi leina gape.

Mo masimologong a 2009, babusi ba ne ba simolola go kgoreletsa kobamelo ya Basupi ba ga Jehofa. Ka February fela, basekisi ba ne ba botsolotsa batho ba feta 500 mo nageng eno. Boikaelelo jwa letsholo leno e ne e le bofe? Go senola ditiro tsa tlolomolao tse go neng go twe Basupi ba a di dira. Mo dikgweding tse di latelang, mapodise a ne a tlhasela dikokoano tsa bone tsa bodumedi tse ba neng ba di tshwere ka kagiso kwa Diholong Tsa Bogosi le kwa malapeng a bangwe ba bone. A ne a gapa dikgatiso le dingwe tsa dilwana tsa bone. Babusi ba ne ba leleka mo nageng ya Russia babueledi ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ba neng ba thusa Basupi mme ba ba thibela gore ba se ka ba tsena mo nageng eno gape.

Ka October 5, 2009, kwa molelwaneng o o gaufi le St. Petersburg, badiredi ba puso ba ba okametseng lekgetho la dithoto ba ne ba thibela go romelwa ga dibuka tsa Baebele. Dibuka tseo di ne di gatisitswe kwa Jeremane mme di ya kwa diphuthegong tse dintsi tsa kwa Russia. Di ne tsa tlhatlhobiwa ke setlhopha se se kgethegileng sa badiredi ba puso ba kwa Russia ba ba okametseng lekgetho la dithoto ba ba itebagantseng le go romelwa ga dithoto tse di kotsi tse di seng kafa molaong. Ke ka ntlha yang fa di ne di tlhatlhobiwa? Lekwalo la semolao le ne le re dibuka tseno “di ka tswa di na le tshedimosetso e e tlhotlheletsang dikgotlhang tsa bodumedi.”

Go ise go ye kae, mokgwa ono wa go sotla o ne wa gakala. Kgotlatshekelokgolo ya Puso ya Russia le ya Repaboliki ya Altay (karolo ya Russia) di ne tsa re dingwe tsa dikgatiso tse di dirisiwang ke Basupi, go akaretsa makasine ono o o o balang, di na le tshedimosetso e e kotsi. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira boikuelo, mme batho ba dinaga tse dingwe ba ne ba bontsha gore ba tshwenyegile ka kgang eno—le fa go ntse jalo kgotla ga e a ka ya fetola tshwetso ya yone! Le gone jaanong tshwetso eo ga e ise e fetoge mme e bontsha gore go tlisiwa ga dibuka tseo tsa Baebele mo Russia kgotsa go di anamisa ga go kafa molaong.

Basupi ba ne ba tla tsibogela jang maiteko ano a go ba senya leina le go thibela tiro ya bone? Mme tshwetso ya Dikgotlatshekelo e ama jang kgololesego ya bodumedi ya baagi botlhe ba kwa Russia?

A o Akanya Gore Dikgatiso Tseno Di na Le Tshedimosetso e e Kotsi?

Dingwe tsa dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa tse Kgotlatshekelokgolo ya Puso ya Russia e reng di na le tshedimosetso e e kotsi ke

  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Bibelac (e e fa godimo)

  • Atamalana le Jehofa

  • Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?

  • Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimod

  • Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, Bolumo 1e

  • Totatota Baebele e Ruta Eng?f

Dikgatiso tseno di kgothaletsa batho go tlotla Modimo le Lefoko la gagwe e leng Baebele. Di kgothaletsa babadi go nna le bokgoni jwa go akanya le go tlhatlhoba dithuto le difilosofi tse ba di rutiwang. A o akanya gore dikgatiso tse di ntseng jalo di tshwanetse go thibelwa?

c O ka bala dikgatiso tseno ka dipuo tse dintsi mo atereseng ya Internet ya www.watchtower.org.

d O ka bala dikgatiso tseno ka dipuo tse dintsi mo atereseng ya Internet ya www.watchtower.org.

e O ka bala dikgatiso tseno ka dipuo tse dintsi mo atereseng ya Internet ya www.watchtower.org.

f O ka bala dikgatiso tseno ka dipuo tse dintsi mo atereseng ya Internet ya www.watchtower.org.

Ba ne Ba Tlhatswiwa Leina Semolao

Basupi ba bofelo ba ba neng ba tsentswe mo kgolegelong ka nako ya puso ya Soviet ba ne ba gololwa ka 1990. Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete ba ne ba itumelela go tlhatswiwa leina ka go newa makwalo a semolao a a neng a bontsha gore ga “ba kotsi mo setšhabeng,” mme ba ile ba bogisiwa ba se na molato. Makwalo ao a ne a ba tlhatswa leina.

Ba ne Ba Tsibogela Matshosetsi a a Oketsegang

Ka Labotlhano, February 26, 2010, Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 160 000 mo Russia, ba ne ba simolola go anamisa dikhopi di le dimilione di le 12 tsa pampitshana e e kgethegileng ya setlhogo se se reng Could It Happen Again? A Question for the Citizens of Russia. Ka sekai, kwa toropong ya Usol’ye-Sibirskoye kwa Siberia, Basupi ba le makgolo a le mmalwa ba ne ba kopana mo mebileng ka 5:30 mo mosong. Bangwe ba bone ba ne ba kile ba tshwarwa ba isiwa kwa Siberia ka 1951 ka ntlha ya tumelo ya bone. Ba ne ba le pelokgale go ralala serame sa didikirii tsa Celsius di le 40 kwa tlase ga boswakgapetla gore ba abe dipampitshana di le 20 000 tse ba neng ba di neilwe.

Gore Basupi ba ga Jehofa ba kgone go itsise ka letsholo leo la malatsi a le mararo, ba ne ba tshwara pokano le bakwaladikgang kwa Moscow, motsemogolo wa Russia. Mongwe wa batho ba ba neng ba kopiwa go bua mo pokanong eno e ne e le Rre Lev Levinson, moitse wa Setheo sa Ditshwanelo Tsa Batho. O ne a bolela ka bokhutshwane kafa Basupi ba ga Jehofa ba neng ba tshwarwa setlhogo le go bogisiwa ka teng ka nako ya puso ya Bonasi kwa Jeremane le kwa Soviet Union a bo a bua le kafa moragonyana badiredi ba puso ba neng ba phimola ditatofatso tsa Basupi ka gone. Gape o ne a re: “Molao wa ga Poresidente Yeltsin o ne wa re batho ba madumedi otlhe a a neng a bogisiwa ka nako ya puso ya Soviet ba tlhatswitswe leina. Mme ba ne ba tshwanetse go busediwa dilo tsotlhe tsa bone tse di neng di gapilwe. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba se na dithoto dipe mo pusong ya Soviet Union, mme gone ba ne ba tlhatswiwa leina.”

Jaanong go lebega ba senngwa leina gape. Rre Levinson o ne a re: “Mo go yone naga eno e e neng ya ikwatlhaela se e se dirileng, batho bano ba bogisiwa kwantle ga mabaka ape gotlhelele.”

Batho ba Tsibogela Letsholo Sentle

A letsholo la go tsamaisa pampitshana le ne la fitlhelela boikaelelo jwa lone? Rre Levinson o ne a re: “Fa ke tla mo pokanong eno [ya bakwaladikgang] ke ne ka bona batho ba le mo tereneng ba bala pampitshana e Basupi ba ga Jehofa ba e anamisang mo Russia yotlhe gompieno. . . . Batho ba ipha nako ya go e bala mme ba e bala ka tlhoafalo.”b Ka sekai, ela tlhoko dilo tse di latelang tse di diragetseng.

Mosadimogolo mongwe yo o nnang mo karolong nngwe ya bogare jwa Russia e kwa go yone go nang le Bamoseleme ba bantsi, o ne a amogela pampitshana a bo a botsa gore e bua ka eng. Fa a ne a bolelelwa gore e bua ka ditshwanelo tsa batho le kgololesego mo Russia, o ne a re: “Kgabagare go na le mongwe yo o itsiseng batho ka dikgang tseno! Mo ntlheng eno, Russia e ntse e boela kwa ditirong tse di neng di dirwa mo motlheng wa puso ya Soviet Union. Ke leboga go menagane. Lo dira sentle!”

Mosadi mongwe wa kwa Chelyabinsk yo o neng a newa pampitshana eno o ne a re: “Ke setse ke neilwe pampitshana eno e bile ke e badile. Ke ema le lona. Ga ke itse bodumedi bope jo bongwe jo bo ka femelang tumelo ya jone ka tsela e e rulaganeng jaaka lona. Ke rata tsela e lo aparang ka yone e bile ka metlha lo dira dilo ka botlhale. Go bonala sentle gore lo tlhatswegile pelo tota ka se lo se dumelang. Ke bona e kete Modimo o na le lona.”

Kwa St. Petersburg, monna mongwe yo o neng a re o setse a neilwe pampitshana o ne a bodiwa gore a o itumeletse se a se badileng. O ne a re: “Ee. Fa ke ne ke e bala ke ne ka tsitsibana mmele ka bo ka lela. Mmèmogolo o ne a bogisiwa [ka nako ya puso ya Soviet] mme o ne a mpolelela dilo di le dintsi ka batho ba a neng a tsentswe mo kgolegelong le bone. Ba le bantsi ba bone e ne e le dikebekwa mme ba bangwe ba ne ba se na molato mme ba tshwaretswe tumelo ya bone. Ke akanya gore batho botlhe ba tshwanetse go itse ka se se diragetseng, ka jalo lo dira sentle.”

Molaetsa o o Maatla

Pampitshana ya Could It Happen Again? A Question for the Citizens of Russia e tlhalosetsa batho ka tsela e e utlwalang sentle gore Basupi ba ga Jehofa ga se batho ba ba kotsi mo setšhabeng. E bontsha kafa maiteko a a dirwang gone jaanong a go senya Basupi ba ga Jehofa le tiro ya bone leina a tshwanang ka gone le ditiragalo tse di ileng tsa felela ka gore Basupi ba bogisiwe setlhogo e bile go sa tlhokege ka nako ya puso ya Soviet. Pampitshana eno e kgothaletsa babadi go leba aterese ya Internet e e kgethegileng ya Se-Russia ya www.jw-russia.org gore ba bone tshedimosetso e e oketsegileng malebana le hisitori ya Basupi ba ga Jehofa ba kwa Russia le tiro ya bone. Gape pampitshana eno e nopola molaetsa wa bidio o o mo Internet o o builweng ke Poresidente ya kwa Russia e bong Dmitri Medvedev ka Letsatsi la setšhaba la go Gopola Batho ba ba Ileng ba Gatelelwa ke Puso ya Bopolotiki.g Le fa Basupi ba ga Jehofa e ne e le setlhopha se sennye ka nako ya puso ya Soviet Union, e ne e le bangwe ba batho ba ba neng ba gatelelwa thata ke puso eo.

g Bona lebokose le le reng “Go Gopola Batho ba ba Neng ba Gateletswe.”

Go Tla Diregang Kwa Russia mo Isagweng?

Basupi ba ga Jehofa ba itumelela kgololesego e ba nnileng le yone kwa Russia ka masome a le mabedi a dingwaga a a fetileng. Le fa go ntse jalo, ba itse sentle gore go motlhofo fela gore ba ka amogiwa kgololesego ya bone. Fa nako e ntse e ya, go tla bonala gore a go senngwa leina mo go diragetseng bosheng jaana go bontsha gore puso ya Russia e tla ba bogisa gape.

Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ititeile sehuba gore ba tla tswelela ba dira tiro ya bone ya go rera molaetsa wa Baebele wa kagiso le tsholofelo le fa go ka diregang mo isagweng. Pampitshana e e kgethegileng e sobokanya boikemisetso jwa bone jaana: “Kgatelelo e ka se atlege le ka motlha. Ga re ka ke ra kgaotsa go bua ka botlhale le ka tlotlo ka Jehofa Modimo le ka Lefoko la gagwe e leng Baebele. (1 Petere 3:15) Ga re a ka ra kgaotsa fa re ne re tshwerwe setlhogo ke puso ya kwa Jeremane ya Banasi, ga re a ka ra kgaotsa ka nako e e thata fa re ne re gatelelwa mo nageng ya rona e bile ga re ka ke ra kgaotsa gone jaanong.—Ditiro 4:18-20.”

Go Gopola Batho ba ba Neng ba Gateletswe

Bosheng jaana ka letsatsi la fa Ba-Russia ba ne ba gopola batho ba ba neng ba gateletswe ke puso ya Soviet, Poresidente Dmitri Medvedev o ne a bua mafoko a a latelang:

“Gompieno ke Letsatsi la go Gopola Batho ba ba Ileng ba Gatelelwa ke Puso ya Bopolotiki. . . . Go thata go akanya fela gore batho ba ne ba tshwarwa setlhogo jang mo nageng eno . . . Go ne ga gailwa batho ba le bantsi mo setšhabeng sa rona. . . . Batho bangwe mo madumeding otlhe ba ne ba bogisiwa. [Segopotso seno se direlwa] batho ba le dimilionemilione ba ba neng ba ketefalediwa botshelo—ba ba neng ba bolawa ba sa sekisiwa e bile go sa kwalwa sepe ka gone; batho ba ba neng ba tshwarwa ba isiwa kwa mafelong a sele le kwa dikampeng tsa pogisetso, ba amogiwa ditshwanelo tsa bone ka ntlha ya tiro ya bone ya boitshediso kgotsa ka ntlha ya lotso lwa bone. Lelapa lotlhe le ne le ka tlhalosiwa e le ‘batho ba ba kotsi mo setšhabeng’ le ‘bathusi’ ba bone. A re akanyeng fela ka kgang eno: Batho ba le dimilionemilione ba ne ba swa ka ntlha ya go bogisiwa le go latofadiwa ka maaka. Ba ne ba amogiwa ditshwanelo tsa bone tsotlhe, tota le tshwanelo ya go fitlhwa sentle. Go ne ga feta dingwaga tse dintsi go ntse jaaka e kete ga ba ise ba tsamaye ba nne teng.

“Batho ga ba na seipato sa go gatelela ba bangwe.”

a Bona lebokose le le reng “Ba ne Ba Tlhatswiwa Leina Semolao.”

b Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Moscow di ne tsa simolola go aba pampitshana eo diura pele ga pokano e e neng e tshwerwe le bakwaladikgang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela