Go Etela Gape Kwa Russia
SENGWE SA DILO TSE DI FETOGILENG THATA KWA GO SE PELE E NENG E LE SOVIET UNION KE KGOLOLESEGO YA GO TLOTLA KA BODUMEDI. BA-RUSSIA BA LE BANTSI BA DIRISA KGOLOLESEGO EO GO SEKASEKA DILO TSE BAEBELE E DI RUTANG. SENO SE BAKILE GORE GO DIREGE SE GO KA TWENG KE KGAKGAMATSO YA SEGOMPIENO.
ABO ke ile ka gakgamala jang ne fa mo mosong wa July 28, 1993, ke bona setshwantsho se segolo se se tserweng kwa Moscow sa batho ba ba kolobediwang mo tsebeng ya ntlha ya New York Times! Se ne se na le mafoko ano kafa tlase: “Kgololesego ya bodumedi kwa Russia e dirile gore palo e kgolo ya badumedi ba basha ba Basupi ba ga Jehofa ba tle go kolobediwa mo Locomotive Stadium kwa Moscow.”
E ne e le gone fela nna le mosadi wa me re sa tswang go bowa go tswa kwa Russia letsatsi pele ga leo. Re ne re le gone mo kolobetsong eo ya batho ba le 1 489. Re ne re kgatlhilwe tota ke lorato lwa Bokeresete lwa Ba-Russia le tsela e ba ratang dilo tsa semoya ka yone. Se se neng sa diragala morago ga thulaganyo e e konelang ya kopano ka Sontaga maitseboa se supa seno.
Mo maitseboeng ao fa re ne re boela kwa hoteleng ya rona ka Metro, ke ne ke bapile le lekawana lengwe le le neng le na le dingwaga tse 18 kana tse 19. Ke ne ka mo naya pampitshana ya Baebele ya Se-Russia ya Go Na Le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng?a O ne a e lebaleba go sekae mme a e fitisetsa kwa go mmaagwe. Ka jalo, ke ne ka naya lekawana leno e nngwe. Ka nako eo o ne a supa potso e e simololang, “Ha monna a shwa a o tla ba a tshela?” a bo a mpotsa jaana ka lentswe le le supang go belaela, a bua ka Seesemane, “A o dumela kgang e?”—Jobe 14:14.
Ke ne ka mo araba jaana ke mo tsepile matlho ka tsela e e supang fa ke tlhatswegile pelo ka seo: “Ke e dumela tota!” Ka bonako ke ne ka oketsa jaana: “Akanya fela ka kgang e. Botshelo jwa rona jaaka ditshedi tse di botlhale le tse di kgonang go akanya bo gakgamatsa tota. Go tshwanetse ga bo go na le Mongwe yo Mogolo yo o dirileng melao e e dirang gore re bo re tshela. Ka jalo, ke dumela gore Yo Mogolo yono, gape a ka kgona go bopa motho yo o suleng gore a tshele gape.”
Ka yone nako eo mosha yono o ne a simolola go bala pampitshana eno. Fa a sena go e fetsa, ke ne ka mo neela boroutšhara jwa Se-Russia jwa A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?* O ne a batla ke mo tlhalosetsa go le gontsi, mme re ne re tshwanetse go fologa mo setopong se se latelang sa terena eno ya kafa tlase ga lefatshe. Le mororo mosha yono le mmaagwe ba ne ba tshwanetse go ya go palama terena e nngwe gape mo bosigong joo, ba ne ba fologa le rona gore re tlotle metsotso e sekae gape. Morago ga go ba tlhalosetsa ka bokhutshwane ka thulaganyo ya rona ya go ithuta Baebele, ke ne ka mmontsha aterese mo tsebeng ya bofelo ya boroutšhara koo a ka kwalelang teng go kopa tshedimosetso e e oketsegileng.
Mo letsatsing le le latelang re ne ra emelela go tswa kwa Russia, lefa go ntse jalo, ditiragalo tse di jaaka eno di ne tsa dira gore re se ka ra e lebala.
Re Santse re Gopola Russia
Ke santse ke akanya ka palo e e gakgamatsang ya batho ba basha ba ba neng ba kolobediwa kwa go se pele e neng e le Soviet Union morago ga gore thibelo ya tiro ya Basupi ba ga Jehofa e tlosiwe ka March 1991. Go ne ga rulaganngwa dikopano tse supa ka bonako mo selemong sa 1991, mme go ne ga kolobediwa batho ba le 7 820. Mme jaanong mo dikopanong tsa selemo sa 1993—go akaretsa e re neng re le kwa go yone kwa Moscow—go ne ga kolobediwa ba le 11 238.
Batho ba le bantsi kwa Russia ba etse tlhoko tsela e Basupi ba kwa Russia ba tlhagafaletseng boefangele ka yone. Tsela e Ba-Russia ba tsibogelang dilo tse Baebele e di rutang ka teng e gakgamatsa tota.
Re ne re ipotsa jaana: ‘Go tla jang gore tiro ya teng e bo e gola thata jaana? Ba-Russia bano ba na le kitso e e kana kang ka dithuto tsa Bokeresete?’
E ne ya re fa banyalani bangwe ba kwa Moscow ba bolela gore ba ka re rulaganyetsa marobalo fa re ka etela Russia gape, re ne ra simolola go rulaganya tsa mosepele. Re ne re fela pelo gore re tla fitlha leng kwa Russia fa re sena go utlwa ka tsela e batho ba teng ba kgatlhegelang boammaaruri jwa Baebele ka yone.
Lelapa la Ba-Russia le le Ratang Batho
Re ne ra goroga mo lefelong le re neng re tla nna kwa go lone kwa Moscow—phaposi e e mo boalong jwa bobedi e e neng e le sebaka sa mosepele wa metsotso e le lesome go tswa mo kagong e ditsala tsa rona di neng di nna mo go yone—ka July 24 re rwele disutukeise. Mo lelapeng le re neng re tla nna le lone, re ne ra fitlhela fela Katia wa dingwaga tse 15 mo gae. E ne e le Sontaga maitseboa, mme lelapa lotlhe le ne le ile bodireding jwa Bokeresete.
Go ise go ye kae ba bangwe mo lapeng ba ne ba simolola go boela gae—ga tla mmè e bong Galina; mosetsana wa teng yo mmotlana wa dingwaga tse 13 e bong Zhenia; mme kwa bofelong ga tla rre wa teng e bong Viktor. Ga go ope wa bone yo o neng a itse Seesemane thata, mme se ne se le botoka go gaisa Se-Russia sa rona. Go ne go le motlhofo go buisana le bone fa ditsala tsa rona tse di buang Seesemane di ne di le teng go re ranolela mme go ne go le thata fa ba sena go tsamaya. Re ne re dirisa dikishenari ya Se-Russia-Seesemane le go tlhalosa dilo ka go bua ka diatla. Katia le Zhenia e ne e le ditswerere mo go bueng ka puo ya diatla ka gonne ba ne ba ithutile puo ya bosusu.
Lelapa leno le ne la kolobediwa lotlhe ka nako e le nngwe dingwaga di le pedi fela tse di fetileng. Viktor e ne e le motlhanka wa bodiredi mo phuthegong mme basetsana bone ba ne ba tle ba dirise malatsi a boikhutso a sekolo go oketsa bodiredi jwa bone. Fa ba le kwa sekolong ba ne ba sa okaoke go buisana le ba bangwe ka tumelo ya bone. Totatota, tsela e ba neng ba rera ka yone e ne ya fitlha le mo ditsebeng tsa balaodi ba ba seng mo kgaolong e sekolo sa bone se neng se le mo go yone. Re ne ra kgatlhiwa thata ke go utlwa gore lelapa leno le tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele di le 28 beke le beke le batho ba ba kgatlhegang!
Kwa ntle ga pelaelo, mongwe le mongwe mo lapeng o ne a ganelela thata mo go ithuteng Baebele le mo bodireding jwa Bokeresete, mme e bile re ne re kgona go bona gore ba ne ba segofetse thata mo matshelong a bone. O ne o kgona go bona boitumelo fela mo go bone.—Ditiro 20:35.
Ba Itse Baebele Tota
Maitseboa pele ga re ya go robala, ke ne ke botsa lelapa leno dipotso kaga ditemana tsa Baebele. La ntlha ke ne ka botsa gore Tshenolo 21:3, 4 e a reng. Teng fela foo, basetsana ba ne ba bua mafoko a yone ba buela gongwe fela. Morago ga moo ke ne ka botsa ka Isaia 2:4. Le yone ba ne ba e itse ba bo ba dirisa diatla go tlhalosa fa e re go tla thulwa ditšhaka go nna megoma.
Ke ne ka tswelela jalo ke botsa ka dikwalo tsa Isaia tse di buang ka puso ya Bogosi le masego a lefatshe le lesha, e bong Isaia 9:6, 7; 11:6-9; 25:8; 33:24; 35:5, 6; le 65:21, 22. Lelapa leno le ne le kgona go bolela se temana nngwe le nngwe e se buang kwantle ga go leba mo Dibaebeleng tsa bone. Basetsana ba ne ba tla ba supa gore ba itse temana ka go dirisa puo ya diatla, e e jaaka fa ngwana a goga tau.
Maitseboa mangwe re ne ra sekaseka dikwalo tse di buang ka dinonofo tsa Modimo, re bua thata ka tse di supang gore Jesu o mmotlana mo Modimong le gore Modimo le Jesu ga se selo se le sengwe fela mme ba a utlwana. Lelapa leno le ne le kgona go tlhalosa se dikwalo tse di jaaka Johane 10:30, Johane 17:20, 21, le 1 Bakorinthe 11:3 di se bolelang. Nna le mosadi wa me re ne re gakgamadiwa ke tsela e lelapa leno le neng le itse Baebele ka yone.
Ka Labobedi mo mosong re ne ra kopana re le setlhopha sa batho ba ka nna lesomepedi mme ra tsamaya rotlhe ka Metro ya teng ra ya kwa parakeng nngwe e ntle, koo re neng ra fitlha ra fetsa diura tse pedi le halofo re buisana le batho ka Baebele teng. Re ne ra ikgaoganya mme ra dira ka bobedi le bobedi. Mongwe wa bao ke neng ka dira le bone e ne e le Nadia, mosetsana wa Mo-Russia yo o neng a simolola motlotlo le batho ka botswerere le go ba dira gore le bone ba tlotle. E ne e le setswerere tota mo go tlhokomediseng batho dikgopolo tsa Modimo tse di mo Baebeleng. Ke ne ka ithaya mo pelong ka re, ‘Ruri yono ke mmoledi yo o nang le maitemogelo.’ Morago ga moo ke ne ka gakgamadiwa ke go utlwa gore o na le dingwaga di le 17 fela le gore o ne a na le dikgwedi tse pedi fela a kolobeditswe!
Re ne ra nna le maitemogelo a mantsi a a tshwanang le ano mo go neng ga dira gore re bone fa maemo a Russia a sa tshwane le ape. Fa e sale Bokomonisi bo phutlhama, Ba-Russia ba supile fa ba tlhoafaletse go sekaseka se Baebele e se rutang. Bontsi jwa bone ba rutegile, e bile ba rata go bala. Tota le ba bannye ba kgona go bala le go tlhaloganya dilo sentle, jaaka go ile ga lemotshega fa re ne re etetse lelapa lengwe la Ba-Russia le le neng la ithuta boammaaruri jwa Baebele ka nako ya fa Basupi ba ne ba thibetswe.
Morwa yo mmotlana wa banyalani bano o ne a kopa go re botsa potso. O ne a e re botsa a ranolelwa ke mongwe. Potso eno e ne ya nkama thata mo ke bileng ka re fa a ka e kwala ke tla e fitisetsa kwa bagatising ba Tsogang! O ne a nna fa fatshe ka bonako a kwala lekwalo. Thanolo ya se a se kwadileng e a latela. Lekwalo leno le tlhagisitswe gape mo go tsebe 25.
“Serosha o kwala jaana a le mo Russia a kwalela Mokgatlho wa Watchtower. Ke na le dingwaga tse supa e bile ke setse ke kgona go ya go rera le Rre le Mmè. Ke rata go buisana le batho ka Bogosi jwa Modimo. Gape ke rata go bala makasine wa Tsogang! Mono Russia e tswa ka Se-Russia gangwe fela ka kgwedi mme ka puo ya Seesemane gone e tswa gabedi ka kgwedi. Ruriruri ke tla rata thata fa makasine ono o ka tswa gabedi ka kgwedi gonne ke o rata thatathata, thatathata tota. Tsweetswee dirang jalo.”
Go ne go se motlhofo go kgaogana le ditsala tsa rona tsa kwa Moscow. Mo lobakeng loo lo lokhutshwane, re ne re setse re ba rata tota.
Ba Tshwana le Bakeresete ba Pele
Re ne ra tswa teng ka terena ya bosigogare re ya kwa Tallinn, kwa Estonia. Fa re fitlha koo re ne ra bona dikago tse dintle tse disha tse di dirisediwang tiro ya go rera kwa repaboleking eo e e kileng ya bo e le ya Soviet Union. Malatsi a le mararo morago ga moo re ne ra pagama terena go leba kwa St. Petersburg. Kwa mafelong ano ka bobedi Bakeresetekarona ba ne ba botsa kaga tiro ya go rera kwa Moscow. “Go etela teng le go iponela kafa ba gatelang pele ka teng, go nthusitse gore ke tlhaloganye sentle se se kwadilweng mo karolong e e simololang ya Ditiro 17 le mo makwalong a Bathesalonika,” ke ne ka araba jalo.
Ke ne ke ntse ke gakgamadiwa ke gore go ile ga tlhongwa phuthego kwa Thesalonika mo e ka nnang mo dibekeng di le mmalwa fela tsa bodiredi jwa ga moaposetoloi Paulo koo. Gape ke ne ke gakgamadiwa ke gore mo e batlang e le ngwaga fela morago ga moo, Paulo o ne a kwalela Bakeresete bano ba basha makwalo a mabedi a bua ka dilo tsa semoya tse di boteng tse di jaaka tsogo le go “tsholediwa . . . mo marung,” “letsatsi la Morena,” go goelediwa ga “kagiso le thagamo,” le “go nna gone ga ga Morena Jesu Keresete.” (1 Bathesalonika 4:13-17; 5:1-3; 2 Bathesalonika 2:1, 2, NW) Totatota, tiro ya Bakeresete bao ba pele ba ba tlhaga e ne ya dira se go ka tweng ke kgakgamatso ya lekgolo la ntlha la dingwaga—phuthego e e godileng le e e nonofileng semoyeng ya bareri ba ditšhabatšhaba mo lobakeng lo lokhutshwane fela. Mo e ka nnang dingwaga di le lesome morago ga moo, Paulo o ne a kwala a re, “mafoko a a Molemo” a setse “a [reretswe] lobopo lotlhe tlase ga legodimo”! (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Bakolosa 1:23.
Mo go nna, dilo tse di neng di direga kwa Russia di ne di lebega di tshwana le tsa lekgolo la ntlha la dingwaga.
Maiteko a Magolo a go Lepalepana le Koketsego
Russia ke naga e kgolo go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng, ka jalo, go kaela diketekete tsa batho ba ba nnang koo ba ba rerang mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo ga se kgetsi e potlana.—Mathaio 24:14.
Baebele e bolela jaana kaga bao ba neng ba utlwa ka Bokeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga: “Seatla sa Morena sa nna nabo, mme batho ba le bantsi thata ba ba dumetseng ba sokologela mo Moreneng.” (Ditiro 11:21) A bo re ne ra fitlhela mafoko ano a tshwanela bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba Russia sentle jang ne! E kete tshimo ya Russia e ka tswelela e ntse e budule gore thobo ya semoya e tswelele mo go yone, le gore diketekete tse dingwe le tsone di tle go thusa go dira tiro eno e e botlhokwatlhokwa ya go thusa batho ba bangwe gape go bona tsela ya botshelo.—E neetswe.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Kwa godimo: Lelapa le re neng re nna le lone. Kwa godimo le kafa mojeng: Fa re ne re rera mo parakeng. Kwa tlase kafa mojeng: Serosha le lekwalo la gagwe
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Dikago tse disha tsa Watch Tower, kwa Tallinn, Estonia