LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 11/8 ts. 7-9
  • Kafa Ntwa e Utlwisang Bana Botlhoko ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa Ntwa e Utlwisang Bana Botlhoko ka Teng
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dibetsa, Tlala le Bolwetse
  • Ga go Legae, Ga go Lelapa
  • Go Bolawa ke Dibomo Tse di Epelwang
  • Go Teketa le go Betelela
  • Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong
  • Bana ba ka Thusiwang Jang?
  • Dibomo Tse di Epelwang—Go Sekaseka Tshenyo ya Tsone
    Tsogang!—2000
  • Dibomo Tsa mo Mmung—Bothata jo bo Aparetseng Lefatshe Lotlhe
    Tsogang!—1994
  • Kgato e e Isang Losong
    Tsogang!—2000
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 11/8 ts. 7-9

Kafa Ntwa e Utlwisang Bana Botlhoko ka Teng

NTWA, nngwe ya dintwa tse dintsi tsa selegae tsa kwa Sierra Leone, e ne ya tsoga mo masimologong a 1995. Fa ditlhobolo di didimala, Tenneh wa dingwaga di le nnè, yo batsadi ba gagwe ba neng ba setse ba sule mo ntweng, o ne a rapaletse fa fatshe a gobetse. Lerumo la tlhobolo le ne le mo tsene mo tlhogong, ka fa morago ga leitlho la gagwe la moja, mme kotsi e ne e le gore lerumo leo le ne le ka baka bolwetse jo bo neng bo ka anamela mo bobokong jwa gagwe mme jwa mmolaya.

Dikgwedi di le 16 moragonyana, banyalani bangwe ba kwa Borithane ba ne ba kgona go romela Tenneh ka sefofane kwa Engelane go ya go ariwa. Setlhopha sa dingaka tse di arang se ne sa ntsha lerumo leo, mme batho ba ne ba itumelela gore karo e tsamaile sentle, gore go bolokilwe botshelo jwa ngwana yoo. Le fa go ntse jalo, boitumelo joo bo ne jwa fedisiwa ke go itse gore Tenneh e ne e le lesiela le tota le ka bong le sa hulwa gotlhelele.

Dibetsa, Tlala le Bolwetse

Le fa gone Tenneh a ile a itewa ke lerumo le le neng le iphetela fela, bana ba bantsi ga ba gobale fela ka kotsi, go na le moo, ke bone ba ba tlhaselwang. Fa ntwa ya selegae e tsoga, go bolaya bagolo ga go a lekana; bana ba mmaba ba lebiwa e le baba ba kamoso. Mogasi wa dipolotiki wa radio kwa Rwanda o ne a bolela jaana ka 1994: “Go bolaya magotlo a magolo, o tshwanetse go bolaya magotlo a mannye.”

Le fa go ntse jalo, bana ba bantsi ba ba swang mo dintweng, ga ba bolawe ke dibomo kgotsa marumo, mme ba bolawa ke tlala le bolwetse. Ka sekai, mo dintweng tsa Afrika, go tlhaela ga dijo le ditirelo tsa kalafi go bolaile batho ba bantsi ka makgetlho a ka nna 20 go feta ba ba bolailweng ke dintwa ka botsone. Go thibelwa ga ditlamelo tsa botlhokwa ke maretshwa mangwe a a setlhogo a a dirisiwang mo dintweng bosheng jaana. Masole a tladitse mafelo a magolo a a ntshang dijo ka dibomo, a senya mabolokelo a dijo le metswedi ya metsi, le go gapa dilwana tsa namolo. Gape ba thubile mafelo a kalafi, ba phatlalatsa badiri ba tsa pholo.

Dilo tse di ntseng jalo di ama thata bana. Ka sekai, bana ba ba bolailweng ke dilo tse di amanang le ntwa magareng ga 1980 le 1988 kwa Angola ba ne ba le 330 000 mme kwa Mozambique ba le 490 000.

Ga go Legae, Ga go Lelapa

Ntwa e baka masiela ka go bolaya batsadi, gape e dira jalo ka go aroganya malapa. Batho ba ka nna dimilione di le 53 mo lefatsheng lotlhe, ba tshabile mo magaeng a bone ka ntlha ya go boifa thubakanyo. Ke mo e ka nnang motho a le 1 go bangwe le bangwe ba le 115 mo lefatsheng! Mo e ka nnang sephatlo sa bone ke bana. Fa go tshabiwa ka ntlha ya letshogo, gantsi bana ba kgaogana le batsadi ba bone.

Bana ba le 114 000 ba ne ba kgaogana le batsadi ba bone ka ntlha ya ntwa ya kwa Rwanda mo bokhutlong jwa 1994. Go ya ka patlisiso e e dirilweng ka 1995, ngwana a le 1 mo go ba le 5 kwa Angola o diragaletswe ke se se tshwanang. Mo baneng ba le bantsi, segolobogolo ba ba sa ntseng ba le bannye, botlhoko jwa go se nne le batsadi bo ngomola pelo go gaisa khuduego ya ntwa ka boyone.

Go Bolawa ke Dibomo Tse di Epelwang

Mo lefatsheng lotlhe, bana ba le makgolo a le dikete ba ba neng ba ile go tshameka, go disa, go rwalela dikgong kgotsa go jala kwa masimong, ba ne ba bolawa ke dibomo tse di epelwang. Dibomo tse di epelwang di bolaya batho ba le 800 kgwedi le kgwedi. Mo dinageng di le 64 go na le dibomo tse di epelwang di ka nna dimilione di le 110 tse di epetsweng fa fatshe. Cambodia e le nosi fela e tladitswe ka dibomo tse di ntseng jalo di ka nna dimilione di le supa, di le pedi mo ngwaneng mongwe le mongwe.

Dinaga tse di fetang 40 di dira mefuta e ka nna 340 ya dibomo tse di farologaneng ka dibopego le mebala. Tse dingwe di lebega jaaka maje, tse dingwe tsone jaaka dipeinapole, fa tse dingwe tsone jaaka dirurubele tse dinnye tse ditala tse di phaphaselang ka iketlo go ya fa fatshe go tswa mo dihelikopotareng, di sa thunye. Dipego di akantsha gore dibomo dingwe, tse di dirilweng gore di lebege jaaka ditshamekisi, di ne tsa bewa gaufi le dikolo le dipatlelo moo basadi le bana ba ka di bonang teng.

Go dira bomo e e epelwang go ja fela R13, mme go e senka le go e ntsha mo mmung go ka ja gareng ga R1300 le R4400. Ka 1993 go ne ga ntshiwa dibomo tse di epelwang tse di ka nnang 100 000, le fa go ntse jalo go ne ga epelwa tse disha di ka nna dimilione di le pedi. Tsotlhe tseno ke dibolai tse di pelotelele tse di sa robaleng, ga di farologanye lesole mo ngwaneng, ga di tseye tsia tumalano ya kagiso e bile di ka nna tsa fetsa dingwaga di le 50 di letetse go phatloga.

Ka May 1996, morago ga dingwaga tse pedi tsa dipuisano kwa Geneva kwa Switzerland, bannaleseabe mo dipuisanong tsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ba ne ba retelelwa ke go sireletsa lefatshe lotlhe mo dibomong tse di epelwang. Le fa gone ba kganetse mefuta mengwe ya dibomo le go iletsa go dirisiwa ga tse dingwe, go iletsa dibomo tse di epelwang gotlhelele ga go ne go akanyediwa go fitlha ka nako ya khonferense e nngwe e e latelang ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, e e rulaganyeditsweng go tshwarwa ka ngwaga wa 2001. Magareng a jaanong le nako eo, dibomo tse di epelwang di ka bolaya batho ba le 50 000 le go golofatsa ba bangwe ba le 80000. Bontsi jwa bone e tla nna bana.

Go Teketa le go Betelela

Mo dintweng tsa bosheng jaana bana ba ne ba teketiwa, e ka tswa e le gore ba iteye batsadi ba bone kgotsa gore ba ntshe tshedimosetso e e rileng ka batsadi ba bone. Ka dinako tse dingwe, fa naga e aparetswe ke ntwa e e setlhogo, ga go tlhokege lebaka lepe e bile go teketa bana go dirwa fela e le go itlosa bodutu.

Tirisodikgoka ya tlhakanelodikobo, e e akaretsang petelelo, e tlwaelegile mo ntweng. Mo ntweng ya kwa Balkans, e ne e le mokgwa o o tlwaelegileng go betelela basha ba basetsana le go ba pateletsa go tsholela baba ngwana. Ka mo go tshwanang, kwa Rwanda masole a ne a dirisa petelelo jaaka sebetsa sa go senya dikamano tsa lelapa. Mo ditlhaselong tse dingwe mo e ka nnang mosha mongwe le mongwe wa mosetsana yo o neng a falotse tlhaselo ya masole o ne a betelelwa. Basetsana ba le bantsi ba ba neng ba ithwala ba ne ba latlhiwa ke ba malapa a bone le setšhaba. Basetsana bangwe ba ne ba latlha masea a bone; ba bangwe ba ne ba ipolaya.

Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong

Bana ba ba mo ntweng gantsi ba lebana le dilo tse di boitshegang go feta ditoro tse di boitshegang thata tsa bagolo ba le bantsi. Ka sekai, kwa Sarajevo patlisiso nngwe mo baneng ba le 1505 e bontshitse gore mo e ka nnang botlhe ba ne ba hulwa ka ditlhobolo tse di hulelang kgakala. Ba ba fetang halofo ya bone ba ne ba hulwa, mme nngwetharong yone e ne ya nna mo maemong a mo go one ba neng ba solofetse gore ba tla bolawa.

Patlisiso nngwe e e dirilweng mo baneng ba le 3000 ba kwa Rwanda e fitlheletse gore diperesente di le 95 tsa bone di bone thubakanyo le dipolao ka matlho mo nakong ya kgailo le gore ba ba ka nnang diperesente di le 80 bone ba latlhegetswe ke ba malapa a bone. Mo e ka nnang nngwetharong e ne ya bona fa mongwe a betelelwa kgotsa a tlhaselwa ka tlhakanelodikobo e bile ba ba fetang nngwetharong ba bone bana ba bangwe ba nna le seabe mo go bolayeng le mo go iteyeng. Ditiragalo tse di ntseng jalo di sulafatsa ditlhaloganyo le dipelo tsa bana. Pego e e ka ga bana ba ba sotlilweng go tswa kwa se e kileng ya bo e le Yugoslavia e bolela gore: “Ba nna ba gakologelwa ditiragalo tse di fetileng . . . e leng mo go ba tsosetsang ditoro tse di boitshegang thata, letsatsi le letsatsi ba iphitlhela fela ba gakologelwa masetlapelo a a ba diragaletseng, ba tlelwa ke poifo, letshogo e bile ba sulafala dipelo.” Morago ga kgailo ya morafe kwa Rwanda, moithutatlhaloganyo mongwe wa kwa National Trauma Recovery Centre o ne a bega gore: “Gareng ga matshwao a a itshupang mo baneng ke ditoro tse di boifisang, go retelelwa ke go tlhoma mogopolo, go tshwenyega maikutlo le go itlhoboga ka isagwe.”

Bana ba ka Thusiwang Jang?

Babatlisisi ba le bantsi ba dumela gore ntho ya go sotliwa ga e fole fa bana ba bipa maikutlo le megopolo ya bone. Gantsi go fola go simolola fa ngwana a fenya go akanya ka mahutsana a a diragetseng ka go bolelela mongwe yo mogolo yo o pelotlhomogi le yo o nang le maitemogelo ka ga se se diragetseng. Modirediloago mongwe wa kwa Afrika Bophirima o ne a bolela gore, “Nngwe ya dithuso tse di botlhokwa ke go dira gore ngwana yo o tshwenyegileng a bule mafatlha a gagwe le go bua ka tshosologo.”

Selo se sengwe se se botlhokwa se se ka fodisang botlhoko jwa maikutlo ke kutlwano le kemonokeng e e maatla ya lelapa le ya setšhaba. Fela jaaka bana botlhe, bana ba ba amilweng ke ntwa ba batla go ratiwa, go tlhaloganngwa le go utlwelwa botlhoko. Le fa go ntse jalo, a go na le lebaka la go dumela gore go na le tsholofelo ya gore bana botlhe ba tla ipelela isagwe e e itumedisang?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

E Lebega Jaaka Bolo

Kwa Laos, mosetsanyana mongwe le kgaitsadie ba ne ba le mo tseleng ya go ya go fudisa nare. Mosetsanyana yono o ne a bona selo se le mo kgatamping se se neng se lebega jaaka bolo. O ne a e sela mme a e latlhelela kgaitsadie. E ne ya wela fa fatshe mme ya thunya, ya mmolaya ka yone nako eo.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

A le Mongwe Fela Gareng Ga ba Le Diketekete

Maria wa dingwaga di le 12 yo e leng lesiela, fa ntwa e ne e simologa mo kgaolong ya bone ya Angola, o ne a betelelwa a bo a ithwala. Fa ntwa e gakala, Maria o ne a tshaba, a tsamaya dikilometara di le 300 go ya kwa lefelong le le bolokesegileng, koo a neng a tsena mo lefelong la bana ba ba latlhegileng. Ka ntlha ya gore o ne a sa ntse a le monnye, o ne a belega e ise e nne nako, a tshola ngwana yo o tlhagileng e ise e nne nako ya gagwe ka bothata jo bogolo. Ngwana o ne a tshela dibeke di le pedi fela. Maria o ne a swa beke moragonyana. Maria ke a le mongwe fela gareng ga bana ba le diketekete ba ba ileng ba itewa le go betelelwa mo dintweng tsa bosheng jaana.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Megopolo le Dipelo Tse di Utlwileng Botlhoko

Go bona kafa bana ba amiwang ka teng ke thubakanyo go bontshiwa sentle fano ke Shabana wa dingwaga di le robedi wa kwa India. O ne a bona segongwana se itaya rragwe le go kgaola mmaagwe tlhogo. Mogopolo wa gagwe le pelo di nna di sule bogatsu, di fitlha poifo le tatlhegelo. O ne a bua jaana ka lentswe le le kwa tlase le le tlhokang kutlwelobotlhoko, “Ga ke gopole batsadi ba me. Ga ke akanye ka bone.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela