Dibomo Tsa mo Mmung—Bothata jo bo Aparetseng Lefatshe Lotlhe
DIKETEKETE tsa banna, basadi le bana ba ba senang molato di a gobala kana go swa kgwedi le kgwedi ka ntlha ya dibomo tsa mo mmung mo dinageng tse di fetang 60. Go fopholediwa gore dibomo tse di epelwang mo mmung go tlhasela masole di bolaile batho ba le bantsi kana go ba gobatsa go feta dibetsa tsa dikhemikale, tsa baeoloji, le tsa nuklea. Go ya ka mokgatlho o o dirang dipatlisiso wa Human Rights Watch, kwa Cambodia fela, batho ba ka nna 30 000 ba ile ba gobadiwa ke dibomo tsa mo mmung.
Dibomo tseno tse dipotlana di ntse di epelwa mo mmung ka nako ya dintwa mme bontsi jwa tsone ga di ise di epololwe. Go fopholediwa gore go na le tse di ka nnang dimilione tse 100 tse di santseng di epetswe mo dinageng tse di fetang 60. Di thuntshiwa ke go gatwa fela ka lonao mme di dirisiwa thata mo ntweng ka gonne di se tlhwatlhwa e e kwa godimo e bile di dira tiro ka botlalo. Mofuta mongwe wa tsone o ja R10 fela. O mongwe o mo go one go tobetsweng dikgolokwenyana tsa tshipi di le 700 mme o kgona go bolaya motho a le bokgakala jwa dimetara di le 40, o ja R93 fela. The New York Times e bega gore di rekwa thata mo e leng gore dinaga di le 48 di dira le go rekisa mefuta e le 340 ya tsone. Mme go epelwa di le dintsi mo mmung letsatsi le letsatsi go na le tse di raololwang ke batho ba ba epololang dibomo.
Ga go bonolo go epolola dibomo tseno e bile go ja madi a mantsi e re ka masole a le mantsi a sa tshwaye mo a di epetseng teng; e bile gape, bontsi jwa dibomo tseno di dirwa ka logong, polasetiki, le dilo tse dingwe tse metšhini e e dupelelang dibomo e sa kgoneng go di dupelela. Mosenate wa United States e bong Patrick Leahy, yo o neng a dira boikuelo jwa gore dibetsa tseno di se ka tsa tlhola di romelelwa mafatshe a sele, o ne a re: “Kwa Netherlands, batho ba santse ba bolawa ke dibomo tse Majeremane a neng a di epela ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Akanya kafa seemo seno se leng maswe ka teng kwa Afghanistan, Cambodia, Angola, Bosnia le dinaga tsotlhe tse dingwe tse go ileng ga epelwa dibomo tseno thata kwa go tsone.”
Ke lefatshe le le tlang la Modimo fela le le tla kgonang go rarabolola mathata a a jaaka ano. Lefoko la gagwe le solofetsa jaana: “[Modimo] o khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe; o rōba bora, o putlaganya lerumō ka bogare; o hisa dikara tsa tlhabanō mo moleloñ.”—Pesalema 46:9.