Poifo—Gompieno E Aname Mme ga E na Go Nnela Ruri!
BATHO ba ba ithutang Lefoko la Modimo ga ba gakgamadiwe ke go bo poifo e aname jaana. Fela jaaka Basupi ba ga Jehofa ba boletse phatlalatsa mo bodireding jwa bone, go na le bosupi jo bontsi jwa gore re tshela mo motlheng wa botlhokwa wa hisitori ya motho. O itse gore motlha ono o tshwailwe ka poifo e e anameng. Mme lefa go ntse jalo Jesu o ne a tshwaya nako ya rona bogologolo, kana a bua ka yone. O ne a araba dipotso tsa baaposetoloi fa ba mmotsa ka ga go nna gone ga gagwe le bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo, kana ‘bokhutlo jwa lefatshe.’—Mathaio 24:3.
Karolo ya polelelopele ya ga Jesu ke eno:
“Morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi; mme go tlaa nna dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, le mo mafelong mangwe le mangwe go nne mebopamo, le dikgogodi tsa bolwetse; go tlaa nna dilo tse di rerisang fa di bonwa, le ditshupo tse di tswang legodimong.”—Luke 21:10, 11.
A o lemogile se a se buileng kaga “dilo tse di rerisang fa di bonwa”? Moragonyana mo go yone karabo eo, Jesu o ne a bua sengwe gape sa botlhokwa kaga poifo seo se ka go amang ka tlhamalalo e bile e le ka tsela e e botlhokwa, wena le baratiwa ba gago. Mme pele re tlhatlhoba seo, a re boeletseng ka bokhutshwane bosupi jo bongwe jwa gore re tshela mo metlheng ya bofelo.—2 Timotheo 3:1.
Go Tshaba Ntwa ka Tshwanelo
Dikgotlhang tsa sesole di kgautlhantse dikarolo tse dintsi tsa lefatshe. Ka sekai, makasine wa Geo o ne wa re didiba tsa lookwane tse di neng tsa tlogelwa di ntse di tuka morago ga kgotlhang ya bosheng ya kwa Bogare Botlhaba ke “namane e tona ya tshenyo e e fetang tsotlhe tse di kileng tsa dirwa ke motho.” Dintwa di bolaile kana tsa golafatsa batho ba le dimilione di le masomesome. Ka Ntwa ya Lefatshe II go ne ga bolawa batho ba le dimilione tse 55, e le palo e e fetang ya dintsho tsa masole le batho fela ba le dimilionemilione ba ba suleng ka Ntwa ya Lefatshe I. Gakologelwa gore Jesu o ne a rile “morafe o [ne o] tlaa tsogologela morafe le bogosi bo tsogologele bogosi” e le karolo ya sesupo sa gore bokhutlo jwa lefatshe bo ne bo le gaufi.
Gape ga re kake ra tlodisa matlho maiteko a motho a go phimola ditso dingwe tsa batho. Dintsho tsa batho ba le dimilione ba Ba-Armenia, Ba-Cambodia, Bajuta, Barwanda, Ba-Ukrain, le ba bangwe di okeditse molato o o boitshegang wa madi o batho ba nnileng le one mo lekgolong la bo-20 la dingwaga. Dipolao di tswelela pele kwa dinageng tse batho ba bodumedi ba ba feteletsang dilo ba santseng ba kgothaletsa batho ba ditso tse di farologaneng gore ba ilane. Ee, dintwa di santse di tsholola madi a mantsi a batho.
Dintwa tsa metlha ya segompieno di bolaya batho ba le bantsi tota le fa ntwa e setse e fedile. Ka sekai, akanya ka dibomo tsa mo mmung tse di epelwang gongwe le gongwe. Go ya ka pego nngwe ya mokgatlho wa dipatlisiso wa Human Rights Watch, “baagi go dikologa lefatshe ba mo kotsing ya go ka gobadiwa ke dibomo tsa mo mmung tse di ka nnang dimilione di le 100.” Dibomo tse di ntseng jalo di santse di le kotsi mo banneng, mo basading, le mo baneng ba ba senang molato lobaka lo lotelele ntwa e di neng di dirisiwa mo go yone e sena go fela. Go bolelwa gore kgwedi le kgwedi batho ba le diketekete ba golafadiwa kana ba bolawa ke dibomo tsa mo mmung mo dinageng di feta 60. Ke ka ntlha yang fa dilo tseno tse di ka bolayang le go golafatsa motho di sa tlosiwe tsotlhe fela? The New York Times e ne ya bolela jaana: “Go epelwa dibomo tse dintsi thata letsatsi le letsatsi go feta tse di senngwang, ka jalo batho ba ba gobalang ba ntse ba oketsega ka iketlo.”
Setlhogo seo sa pampiri ya dikgang ya 1993 se ne sa bega gore go rekisa dibomo tseo e setse e le kgwebo e e “duelang go fitlha go didolara di le dimilione di le 200 [diranta di le dimilione di le 725] ngwaga le ngwaga.” Go akaretsa “dikhampane le mafapha a puso a ka nna 100 mo dinageng di le 48” tseo “di ntseng di rekisetsa dinaga tse dingwe mefuta e e farologaneng e le 340” ya dibomo tsa mo mmung. Selo se se maswe ke gore dibomo dingwe di dirilwe gore di lebege jaaka ditshamekisi gore bana ba tle ba di kgatlhegele! Akanya fela, go itebaganya le bana ba ba senang molato ka bomo fela gore ba golafale le go swa! Setlhogo sengwe sa bagatisi se se neng se re “Dimatšhine Tse di Bolayang di le Dimilione di le 100” se ne sa bolela gore dibomo tsa mo mmung di “bolaile kana tsa golafatsa batho ba le bantsi go feta dintwa tse go dirisiwang dikhemikale mo go tsone, tse go dirisiwang ditshedinyana tse di botlhole, le dintwa tsa nuklea.”
Mme legale dibomo tsa mo mmung ga se tsone fela dilo tse di bolayang tse di rekisiwang mo dimmarakeng tsa lefatshe. Batho bao ka bogagapa ba gwebang ka dibetsa ba dira kgwebo e e busetsang dibilionebilione tsa didolara mo lefatsheng lotlhe. The Defense Monitor, e e gatisitsweng ke Center for Defense Information, e bega jaana: “Mo dingwageng tse di fetileng tse di lesome [setšhaba sengwe se se di gogang kwa pele] se ne sa rekisetsa dinaga tse dingwe dibetsa tse di lopileng Dimilione di le dikete tse 135 tsa didolara [diranta di le dimilione di le dikete tse 490].” Naga eno e e maatla gape e ne ya “letlelela gore go rekisiwe dibetsa, go agiwe dilo tsa sesole, le gore go thapisiwe ditšhaba di le 142 ka madi a didolara di le Dimilione di le dikete di le 63 [diranta di le dimilione di le dikete di le 228].” Ka jalo go simolotswe tiro e e tla gogelang kwa ntweng mo isagweng le go boga ga batho. Go ya ka The Defense Monitor, ka “1990 fela, dintwa di ne tsa dira gore batho ba le dimilione tse 5 ba thapisediwe go dirisa dibetsa, tsa lopa madi a feta didolara di le Dimilione di le dikete di le 50 [diranta di le dimilione di le dikete di le 180], mme tsa bolaya batho ba ka tshwara kotara ya milione, bontsi jwa bone e le batho fela ba e seng masole.” Kwantle ga pelaelo o ka gakologelwa dintwa tse dintsi tse di lolweng fa esale ka ngwaga oo, di tlisetsa dimilione tsa batho ba bangwe gape poifo le loso!
Lefatshe le Botshelo Jwa Lone di Senyediwa Pele
Porofesa e bong Barry Commoner o tlhagisa jaana: “Ke dumela gore fa lefatshe le ka tswelela pele le kgotlelwa, kgabagare kgotlelo e tla senya polanete eno gore e se ka ya tlhola e tshwanela gore batho ba tshele mo go yone.” O tswelela pele ka go bolela gore bothata ga se go tlhoka kitso mme ke bopelotshetlha jwa ka bomo fela. A o akanya gore Modimo wa rona o o ratang tshiamiso e bile a le lorato o tla letla seemo seno gore se tswelele pele go ya go ile, a re tlogela gore re nne mo poifong e e oketsegileng ya kgotlelo? Go senngwa ga lefatshe go dira gore go tlhokege gore basenyi ba atlholwe le gore Modimo o bo o tsosolosa polanete eno. Eo ke karolo ya se Jesu a neng a se tlhalosa fa a ne a araba baaposetoloi malebana le ‘bokhutlo jwa lefatshe.’
Pele re tlhatlhoba gore Modimo o tla atlhola jang, a re tsweleleng ka go tlhatlhoba ditiro tse motho a di dirileng. Tota le lenaane le lekhutshwane fela la makgapha a a dirilweng ke motho le a hutsafatsa: pula ya asiti le mekgwa ya go rema ditlhare ka bogagapa e e fetsang dikgwa; go latlhiwa ka bofafalele ga matlakala a nuklea, dikhemikale tse di borai, le mantle; go koafadiwa ga sesireletsi sa ozone; le go dirisiwa ka bofafalele ga dibolayamofero le dibolayaditshenekegi.
Dikgwebo di tlatsa lefatshe leswe ka ditsela tse dingwe gore di boelwe. Letsatsi le letsatsi ditone tsa leswe le le tswang mo madirelong le latlhelwa mo dinokeng, mo mawatleng, mo phefong, le mo mmung. Borasaense ba tlatsa leswe mo magodimong ka matlakala a didirisiwa tsa mo lefaufaung, ba sa phepafatse fa ba fetang teng. Lefatshe le tloga le potapotwa ke thotobolo ya matlakala e e dikologang mo lefaufaung. Fa e ne e se ka ditiragalo tsa tlholego tse Modimo a di dirileng gore lefatshe le kgone go intšhafatsa, go ka bo go sa kgonege gore go nne le botshelo mo legaeng la rona la lefatshe, gongwe le motho o ka bo a sa bolo go hupediwa ke leswe la gagwe.
Motho e bile o a ikgotlela. Tsaya ka sekai, motsoko le diokobatsi tse dingwe tse di sa dirisiweng sentle. Kwa United States, go sa dirisiwe sentle ga dilo tse di ntseng jalo ga twe ke jone “bothata jo bogolo thata jwa botsogo jwa setšhaba.” Ngwaga le ngwaga, bo lopa naga eo didolara di le dimilione di le dikete di le 238 (diranta di le dimilione di le dikete di le 863), mme didolara di le dikete di le dimilione di le 34 (diranta di le dikete di le dimilione di le 123) mo mading ao e dirisediwa “kalafi e e sa tlhokegeng [ke gore, e e neng e ka tilwa].” O akanya gore motsoko o lopa madi le matshelo a le kana kang mo nageng e o nnang mo go yone?
Botshelo jwa go dira sengwe le sengwe fela le jwa go dira dilo tse di sa rategeng, jo batho ba le bantsi ba ganelelang mo go jone ba re ba na le tshwanelo ya go tshela jalo, bo tlisitse malwetse a mantsi thata a a bolayang a a anamisiwang ka tlhakanelodikobo, ka jalo bo bolaya batho ba le bantsi ba sa le basha. Go lemogilwe gore dikholomo tsa dikitsiso tsa dintsho mo dipampiring tsa dikgang tsa ditoropokgolo jaanong di bontsha gore palo ya batho ba ba swang ba le mo dingwageng tsa bo30 le 40 e a oketsega. Ka goreng? Gantsi ba digwa ke mekgwa ya bone e e kotsi. Go oketsega jalo ga malwetse a a botlhoko ao a anamisiwang ke tlhakanelodikobo le a mangwe go dumalana gape le boperofeti jwa ga Jesu, ka gonne o rile go ne go tla nna le ‘dikgogodi tsa bolwetse mo mafelong mangwe le mangwe.’
Lefa go ntse jalo, kgotlelo e e maswe le go feta, ke ya go kgotlelwa ga mogopolo le moya wa motho, kana boikutlo jwa gagwe. Fa o sekaseka mefuta yotlhe ya kgotlelo e re setseng re e umakile, a ga se boammaaruri gore bontsi jwa yone e bakilwe ke megopolo e e kgotletsweng? Akanya fela ka tlhakatlhakano e e bakwang ke megopolo e e leswe ka go bolaya batho, go betelela, go thuba, le mefuta e mengwe ya bothubaki e motho a e dirang mo mothong yo mongwe. Batho ba le bantsi gape ba lemoga gore dimilione tsa dimpa tse di senngwang ngwaga le ngwaga ke sesupo sa go kgotlelwa mo mogopolong le mo moweng.
Boikutlo jwa basha bo re bontsha dilo tse dintsi. Go sa tlotle batsadi le batho ba bangwe ba ba nang le thata go dira gore malapa a thubege le gore go tlolwe molao le tolamo. Go sa boife batho ba ba nang le thata jalo go amana thata le go tlhoka bomoya. Ka jalo, batho ba ba rutang thutotlhagelelo, bolatolamodimo, le dithuto tse dingwe tse di senyang tumelo ba na le molato o mogolo. Batho ba bangwe ba ba molato ke barutisi ba bantsi ba bodumedi bao ba lekang go amogelwa jaaka ba segompieno le gone e le bone ba ba “siameng,” mme ba lekile seo ka go furalela Lefoko la Modimo. Bone mmogo le ba bangwe ba ba tlhotlhelediwang ke botlhale jwa lefatshe ba ruta difilosofi tse di ikganetsang tsa batho.
Diphelelo tsa seo di a bonala gompieno. Batho ga ba tlhotlhelediwe ke go rata Modimo le moagelani, mme ba tlhotlhelediwa ke bogagapa le kilo. Diphelelo tsa seno tse di bosula ke go anama ga boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, bothubaki, le go felelwa ke tsholofelo. Ka maswabi, seno se tlogela batho ba ba ikanyegang ba le mo poifong, go akaretsa go boifa gore motho o tla ipolaya a bo a senya polanete eno.
A go Tla Nnela Maswe Kwa Pele Kana go Tla Tokafala?
Go tla diragala eng ka poifo mo isagweng e e fa gaufi? A poifo e tla tswelela pele e oketsega, kana e tla fenngwa? A re boneng gape se Jesu a neng a se bolelela baaposetoloi ba gagwe.
O ne a bua ka sengwe se se tla diragalang mo bogautshwaneng—sepitla se segolo. Mafoko a gagwe ke ano: “Mme gautshwane, morago ga sepitla sa metlha eo, letsatsi le tlaa fifala, kgwedi le yone ga e ketla e ntsha lesedi la yone, dinaledi di tlaa wa kwa legodimong, le dinonofo tsa magodimo di tlaa reketlisiwa. Ke gone go tlaa bonalang sesupo sa Morwa Motho kwa legodimong. Foo ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tlaa hutsafala, mme di tlaa bona Morwa Motho a tla ka maru a legodimo, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo.”—Mathaio 24:29, 30.
Ka jalo re ka lebelela gore go ise go ye kae sepitla se segolo se tla simologa. Boperofeti jo bongwe jwa Baebele bo bontsha gore karolo ya sone ya ntlha e tla nna go tlhaselwa ga bodumedi jwa maaka mo lefatsheng lotlhe. Go tswa foo go tla tla ditiragalo tse di garolang pelo tse di sa tswang go nopolwa, go akaretsa le ditshupo tsa mofuta mongwe kwa magodimong. Dimilione tsa batho di tla amega jang?
Ebu, ela tlhoko pego e e tsamaisanang le eno ya karabo ya ga Jesu, eo e nang le dikakgelo tse di atolositsweng tsa boperofeti:
“Mme go tlaa nna ditshupo mo letsatsing, le mo kgweding, le mo dinaleding; le mo lefatsheng pitlagano ya merafe, e raraanngwa ke lewatle le dintelo go suma ka kgwaso e kgolo; le batho ba idibadiwa ke poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang mo lefatsheng; gonne dinonofo tsa legodimo di tlaa reketlisiwa.”—Luke 21:25, 26.
Seo se tla diragala mo isagweng. Mme lefa go ntse jalo ga se batho botlhe ba ba tla bong ba na le poifo e e ntseng jalo e e ka ba idibatsang. Phapaanong le seo, Jesu o ne a re: “E tlaa re dilo tse di simologa go dirala, foo lo lelale, lo tsholetse ditlhogo tsa lona; gonne thekololo ya lona e tlaa bo e atamela.”—Luke 21:28.
O ne a bolelela balatedi ba gagwe ba boammaaruri mafoko ao a a kgothatsang. Go na le gore ba idibadiwe ke poifo, ba ne ba tla nna le lebaka le le utlwalang la go tsholetsa ditlhogo ba sa boife, lefa ba itse gore konelo ya sepitla se segolo e ne e le gaufi. Ke eng ba sa boife?
Ka gonne Baebele e bolela ka phepafalo gore bangwe ba tla falola ‘pitlagano eno e kgolo’ yotlhe fela. (Tshenolo 7:14) Pego e e solofetsang seno e bolela gore fa re le bangwe ba bafalodi, re ka itumelela masego a a ka se lekanngweng le sepe a a tswang kwa Modimong. E konela ka go re tlhomamisetsa gore Jesu o “tlaa nna modisa wa bone, o tlaa ba gogela kwa metsweding ya metsi a botshelo, mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.”—Tshenolo 7:16, 17.
Bao ba itumelelang masego ao—e bile re ka nna bangwe ba bone—ga ba ne ba nna le dipoifo tse di tshwenyang batho gompieno. Lefa go ntse jalo, seo ga se reye gore ga ba ne ba nna le poifo gotlhelele, ka gonne Baebele e bontsha gone gore go na le poifo e e molemo e e siameng. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore poifo eno ke eng le gore e tshwanetse ya re ama jang.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Baobamedi ba ga Jehofa ba emetse ka boitumelo lefatshe le lesha le le tlang
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]
Pollution: Photo: Godo-Foto; rocket: U.S. Army photo; trees burning: Richard Bierregaard, Smithsonian Institution