LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 11/8 ts. 10-11
  • Isagwe ya Bana ba Rona e e Itumedisang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Isagwe ya Bana ba Rona e e Itumedisang
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba ba Amegang
  • Tsholofetso ya Modimo ya Isagwe e e Itumedisang
  • Ntwa
    Tsogang!—2017
  • Ntwa e e Tla Khutlisang Dintwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Lefatshe le le Senang Ntwa le Tla Tloga le Tla
    Tsogang!—1996
  • Ntwa e Tla Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 11/8 ts. 10-11

Isagwe ya Bana ba Rona e e Itumedisang

FA E sale Ntwa ya Lefatshe II e khutla, dipuso tsa lefatshe di ile tsa kwala le go saena ditumalano di le dintsi go sireletsa baagi mo ntweng. Gareng ga tsone go na le ditumalano tse di letlang gore go isiwe diaparo mmogo le kalafi le dijo kwa baneng. Ditumalano tsa dinaga tsotlhe di solofetsa go sireletsa bana mo go sotliweng ka tsa tlhakanelodikobo, go teketiwa le thubakanyo. Gape ditumalano di ne tsa kganela go kwadisiwa ga mongwe le mongwe fela yo o ka fa tlase ga dingwaga di le 15 mo bosoleng.

Pego ya The State of the World’s Children 1996, e e dirilweng ke United Nations Children’s Fund, e ne ya bolela fa melao eno e le “diphetogo tse dikgolo tota” mme ya oketsa ka gore: “Boradipolotiki ba ba itseng gore go na le melaometheo e ba ka atlholwang ka yone go ka direga thata gore ba tseye melaometheo eo tsia thata pele ba dira dithulaganyo tsa bone.”

Gone mme, boradipolotiki le bone ba a lemoga gore dipuso tsa dinaga tsotlhe gantsi di tlhaela bokgoni le go rata go diragatsa melao. Ka jalo, pego e dumela gore “fa go lebiwa kafa melaometheo eno e nyenyefadiwang ka teng, go motlhofo gore setlhopha sotlhe sa melao e e amang dinaga tsotlhe e e leng teng e se ka ya tsewa tsia.”

Bothata jo bongwe gape ke madi. Ka 1993, go ne ga tsoga dintwa mo dinageng di le 79. Di le 65 tsa tsone e ne e le dinaga tse di humanegileng. Dinaga tseno tse di humanegileng di tsere kae ditlhabano tse di neng tsa tlhabana ka tsone? Di le dintsi tsa tsone go tswa go dinaga tse di humileng. Mme ke dinaga dife tse tlhano tse dikgolo tse di romelelang dinaga tse di tlhabologang ditlhabano? Ke ditokololo tsa leruri tsa United Nations Security Council!

Ba ba Amegang

Ke boammaaruri gore go na le ba ba amegang thata ka mahutsana a a welang bana mo ntweng. Batho bangwe le mekgatlho mengwe ka lorato e thusa bana ba ba amilweng ke ntwa. Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ba ba sa nneng le seabe mo ntweng, ba dirile seno. Le fa go ntse jalo, selo se se ka fedisang go bogisiwa ga bana mo ntweng tota ke fa go ka fedisiwa ntwa ka boyone, e leng selo se go lebegang se sa kgonege. Ka ntlha ya hisitori e telele ya ntwa le dikgotlhang tse motho a nnileng le tsone, ba le bantsi ba konela ka gore batho ga ba kitla ba lere kagiso ya lefatshe lotlhe. Ba nepile go akanya jalo.

Gape batho ba konela ka gore Modimo ga a kitla a tsenya letsogo mo dikgannyeng tsa ditšhaba kgotsa a lere kagiso e e tla nnelang ruri mo polaneteng eno. Ga ba a nepa mo ntlheng eno.

Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo, o amegile thata ka dilo tse di diragalang mo lefatsheng. Mo Lefokong la gagwe, Baebele, Jehofa o botsa gore: “A ke na le kgatlhego mo losong lwa moleofi . . . mme bogolo a ga se gore a sokologe mo tseleng ya gagwe, mme a tshele?” Modimo o araba jaana ka kutlwelobotlhoko: “Ga ke na kgatlhego epe mo losong lwa yo o swang.”—Esekiele 18:23, 32.

Akanya ka gone: Fa e le gore Mmopi wa rona yo o pelotlhomogi o eletsa gore le e leng bagolo ba ba boikepo ba ikwatlhaye le go ipelela botshelo, ruri o batla gore le bana le bone ba tshele le go ipelela botshelo! Le fa go ntse jalo, Modimo wa rona yo o lorato ga a kitla a itshokela baikepi go ya go ile. Lefoko la Modimo le solofetsa gore, “badirabosula ba tlaa kgaolwa. Gonne e tlaa re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gone.”—Pesalema 37:9, 10.

Jesu Keresete yo o neng a bontsha botho jwa ga Rraagwe wa selegodimo sentle, o ne a rata bana e bile o ne a bolela gore “bogosi jwa magodimo ke jwa ba ba ntseng jalo.” (Mathaio 19:14) Go direla medimo ya ntwa setlhabelo ka bana ke selo se Jehofa Modimo le Morwawe Jesu Keresete ba se ilang.—Bapisa Duteronome 18:10, 12.

Tsholofetso ya Modimo ya Isagwe e e Itumedisang

Modimo o ne a letla dintwa le pogo ka makgolokgolo a dingwaga e le gore boammaaruri jo bo boletsweng ke moporofeti Jeremia bo ka tlhomamisiwa go ya bosaengkae: “Jehofa, ke a itse fa tsela ya motho e se mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Baebele e solofetsa gore gautshwane Jehofa o tla tlotlomatsa bolaodi jwa lobopo lotlhe ka go “khutlisa ditlhabano le kwa bokhutlong jwa lefatshe.” (Pesalema 46:9) Gape go boleletswe pele mo Baebeleng ka nako e “[ditšhaba] di tlaa thula[ng] ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a bone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.”—Isaia 2:4.

Go tla diragalang ka ba ba bolaetsweng kwa ntweng? A go na le tsholofelo epe ka bone? Jesu o ne a solofetsa tsogo ya baswi mo lefatsheng le le se nang ntwa, a bolela gore: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla . . . [tswang].” (Johane 5:28, 29) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a bolela seno ka tlhomamo: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 24:15.

Ditsholofetso tsa Modimo di tla diragala eleruri. O na le thata e bile o ikaeletse go diragatsa gotlhe mo a go solofeditseng. (Isaia 55:11) Jehofa fa a re o tla fedisa ntwa, o bua boammaaruri. Fa a solofetsa gore o tla tsosetsa ba ba suleng mo botshelong, o tla go dira. Jaaka moengele Gabariele a boletse, “mo Modimong ga go polelo e e tla nnang sesakgonege.”—Luke 1:37.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Fa ntwa e tla bo e fedile, bana botlhe ba tla nna le botshelo jo bo monate

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela