LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g17 no. 5 ts. 10-11
  • Ntwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ntwa
  • Tsogang!—2017
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng Baiseraele ba bogologolo ba ne ba ya ntweng?
  • A go na le batho ba Modimo a ba thusang go lwa gompieno?
  • A dintwa di tla tsamaya di fela?
  • Modimo o Leba Ntwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Kafa Modimo a Lebang Ntwa ka Gone Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Baiseraele ba Bogologolo Ba ne Ba ya Dintweng—Goreng Rona Re sa Ye?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Ntwa e e Tla Khutlisang Dintwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2017
g17 no. 5 ts. 10-11
Sethunya se robegile

BAEBELE YA RENG?

Ntwa

Bogologolo Baiseraele ba ne ba lwa ba dirisa leina la Modimo wa bone e bong Jehofa. A seno se raya gore Modimo o batla gore go nne le dintwa gompieno?

Goreng Baiseraele ba bogologolo ba ne ba ya ntweng?

SE BANGWE BA SE BUANG

Baiseraele ba ne ba rapela “modimo wa setso wa ntwa” yo o neng a rata tshololo ya madi.

SE BAEBELE E SE BUANG

Ditšhaba tse Iseraele e neng e lwa le tsone di ne di rata ntwa le ditiro tse di maswe tse di jaaka go tlhakanela dikobo le diphologolo, go tlhakanela dikobo le wa losika le go ntsha ditlhabelo ka bana. Morago ga gore Modimo a ba neye dingwaga di le dintsi gore ba fetole mekgwa ya bone, o ne a re: “Ditšhaba tse ke di lelekang fa pele ga lona di itshekolotse ka dilo tseno tsotlhe.”—Lefitiko 18:21-25; Jeremia 7:31.

“Ke ka ntlha ya boikepo jwa ditšhaba tseno go bo Jehofa Modimo wa gago a di leleka fa pele ga gago.”—Duteronome 9:5.

A go na le batho ba Modimo a ba thusang go lwa gompieno?

O KA TSWA O LEMOGILE SENO

Gantsi fa ditlhopha tse pedi di lwa, baruti ba tsone ba a re Modimo o mo letlhakoreng la bone. Buka ya The Causes of War ya re: “Dikereke ga di bolo go nna le seabe mo dintweng tsotlhe tse di lowang.”

SE BAEBELE E SE BUANG

Bakeresete ga ba a tshwanela go lwa le baba ba bone. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ka ene a re: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe. Lo se ka lwa ipusolosetsa.”—Baroma 12:18, 19.

Go na le gore Jesu a romele barutwa ba gagwe gore ba ye ntweng, o ne a ba raya a re: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang; gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong.” (Mathaio 5:44, 45) Tota le fa dinaga tse Bakeresete ba nnang mo go tsone di ya ntweng, Bakeresete ga ba a tshwanela go nna le seabe ka gonne ‘ga ba karolo ya lefatshe.’ (Johane 15:19) Fa Modimo a batla gore batho botlhe ba ba mo obamelang ba rate baba ba bone le gore ba se ka ba nna karolo ya lefatshe, a tota a ka thusa batho go lwa gompieno?

“Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme, kafa go ntseng ka gone, bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.”—Johane 18:36.

A dintwa di tla tsamaya di fela?

SE BANGWE BA SE BUANG

Dintwa ga di kitla di tsamaya di fela. Buka ya War and Power in the 21st Century ya re: “Ntwa e tla nnela ruri. Ga go ka ke ga kgonega gore go nne le kagiso mo nakong e re tshelang mo go yone.”

SE BAEBELE E SE BUANG

Dintwa di tla fela fa go se na ope yo o batlang go lwa. Mo nakong e e sa fediseng pelo, Bogosi Jwa Modimo, e leng puso ya mmatota e e kwa legodimong, bo tla fedisa dibetsa tsotlhe tsa ntwa mo lefatsheng le go ruta batho go tshela ka kagiso. Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo o tla “tlhamalatsa dilo malebana le ditšhaba tse di thata tse di kwa kgakala. Mme ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Mika 4:3.

Baebele e ruta gore fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, ga go kitla go nna le dipuso tse di tla gaisanang le go ipatlela melemo ya tsone, melao e e gatelelang e e dirang gore babusiwa ba tlhanoge kgotsa tlhaolele e e kgaoganyang merafe. Seo se tla dira gore dintwa di fele. “Ga di kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo; ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:9.

“O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo; O fisa dikoloi mo molelong.”—Pesalema 46:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela