LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 11/1 ts. 3
  • Modimo o Leba Ntwa Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o Leba Ntwa Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ntwa
    Tsogang!—2017
  • Kafa Modimo a Lebang Ntwa ka Gone Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ntwa e e Tla Khutlisang Dintwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Kafa Modimo a Neng a Leba Ntwa ka Gone ka Lekgolo la Ntlha la Dingwaga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 11/1 ts. 3
Masole, kanono le difofane tsa ntwa

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Modimo o Leba Ntwa Jang?

O ne o ka araba potso eo jang? Batho ba le bantsi ba akanya gore Modimo o amogela ntwa. Ba re o ne a laela baobamedi ba gagwe ba bogologolo gore ba tsenele ntwa e bile pego ya Baebele e tlhomamisa seo. Le fa go ntse jalo, bangwe ba re Morwa wa Modimo e bong Jesu, o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapelele baba ba bone. (Mathaio 5:43, 44) Ka jalo, ba re nako nngwe tsela e Modimo a neng a leba ntwa ka yone e ne ya fetoga le gore gompieno ga a tlhole a e amogela.

O akanyang? A Modimo o amogela ntwa? Fa go le jalo, o mo letlhakoreng lefe mo dintweng tsa gompieno? Go bona dikarabo tsa dipotso tseo go ka go thusa go bona gore o ikutlwa jang le gore o leba ntwa jang. Ka sekai, fa o ka bo o itsile gore Modimo o tshegetsa letlhakore le o leng mo go lone la ntwa, ga go pelaelo gore o ne o tla itumelela go bo o le mo letlhakoreng leo, o tlhomamisegile gore lo tla fenya. Kafa letlhakoreng le lengwe, o ne o ka ikutlwa jang fa Modimo a ka bo a le mo letlhakoreng le le kgatlhanong le la lona? Ga go pelaelo gore o ne o tla akanya gape ka letlhakore le o leng mo go lone.

Go na le sengwe se se botlhokwa go feta seo. Go itse gore Modimo o leba ntwa jang go ka ama tsela e o mo lebang ka yone. Fa e le gore o mongwe wa batho ba le dimilione ba ba utlwisitsweng botlhoko ke ntwa, ga go pelaelo gore o batla go itse karabo ya potso eno: A Modimo ke ene yo o tlhotlheletsang ntwa kgotsa yo o letlang batho ba bogisiwa ke ntwa, kgotsa a a ka tswa a sa amege ka batho ba ba gateletsweng, jaaka bangwe ba akanya?

O ka gakgamadiwa ke go itse gore karabo ya Baebele e farologana le dingwe tsa dikgopolo tseo. Mo godimo ga moo, go tloga bogologolo go tla go fitlha gompieno, tsela e Modimo a lebang ntwa ka yone ga e ise e fetoge. Mma re sekaseke gore Baebele ya re Modimo o ne a leba ntwa jang bogologolo le ka lekgolo la ntlha la dingwaga fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. Seno se tla re thusa go bona gore Modimo o leba ntwa jang gompieno le gore a e tla tswelela e le teng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela