Loso lo Lontsho E ne E se Bokhutlo
KA October wa 1347 dikepe tsa kgwebo tse di neng di tswa kwa Botlhaba di ne tsa tsena mo boemeladikepe jwa Messina kwa Sicily. Banna ba ba neng ba le mo dikepeng tseno ba ne ba lwala e bile ba swa. Mo mebeleng ya bone go ne go na le borurusa jo bontsho, jo bo neng bo lekana le lee, jo bo neng bo tswa madi le boladu. Batsamayakadikepe ba ne ba nna mo ditlhabing tse di botlhoko mme ba ne ba swa mo malatsing a sekae fela fa matshwao a ntlha a simolola go bonala.
Magotlo a a neng a tswa mo dikepeng a ne a tlolaka ka lebelo go itswakanya le sikaloopeba lwa mo lefelong leo. Magotlo ano a ne a anamisa matsetse a a neng a tshwaetsa batho ka baketeria e e bolayang. Ka jalo, go ne ga anama kgogodi ya bolwetse jo bo neng bo bidiwa sebetso, Loso lo Lontsho, leroborobo le le kotsi go gaisa otlhe mo hisitoring ya Yuropa ka nako eo.
Sebetso seno se ne se na le mefuta e le mebedi. Mofuta o mongwe o ne o go tshwara fa o lomilwe ke letsetse le le tshwaeditsweng, o aname le madi fa a ntse a elela mme o dire gore o ruruge le go dutlela madi mo teng. O mongwe one o ne o tsena batho ba bangwe fa motho yo o tshwaetsegileng a gotlhola kgotsa a ethimola, o tshwaetsa makgwafo. Ka gonne mefuta eno e mebedi e ne e le teng, bolwetse jono bo ne jwa anama ka bonako e bile e le ka tsela e e setlhogo thata. Mo dingwageng di le tharo fela, bo ne jwa bolaya diperesente di le nnè tsa baagi ba Yuropa; gongwe go sule batho ba le dimilione di le 25.
Ka nako eo, go ne go se na ope yo o neng a itse kafa bolwetse jono bo neng bo tshwaetsa batho ka teng. Bangwe ba ne ba dumela gore mowa o ne o na le botlhole, gongwe ka ntlha ya thoromo ya lefatshe kgotsa go sa lebagane sentle go go sa tlwaelegang ga dipolanete. Ba bangwe ba ne ba akanya gore batho ba ne ba lwala ka ntlha fela ya go leba mongwe yo o lwalang. Le fa go ne go na le dikgopolo tse di farologaneng, go phepafetse gore bolwetse jono bo ne bo tshelanwa mo go maswe. Ngaka nngwe ya kwa Fora e ne ya bolela gore go ne go ntse jaaka e kete molwetse a le mongwe o ne “a ka tshwaetsa lefatshe lotlhe.”
Batho ba ne ba sa itse go bo thibela le go bo alafa. Ba le bantsi ba ne ba akanya ka boporofeti jwa Baebele jo bo jaaka jo bo boletsweng mo go Luke 21:11, jo bo bolelelang pele ka maroborobo mo nakong ya bokhutlo. Le fa go ne go neelwa madi a mantsi thata kwa dikerekeng, sebetso seno se ne sa nna sa tswelela. Montadiana mongwe o ne a kwala seno ka nako eo: “Go ne go se na ditshipi tse di neng di lela e bile go ne go se na ope yo o neng a lela go sa kgathalesege gore o latlhegetswe go le kana kang ka gonne mo e ka nnang mongwe le mongwe o ne a solofetse go swa . . . batho ba ne ba bolela le go dumela gore, ‘Seno ke bokhutlo jwa lefatshe.’”
Le fa go ntse jalo, e ne e se bokhutlo jwa lefatshe. Mo bokhutlong jwa lekgolo la bo14 la dingwaga, sebetso seno se ne se setse se fedile. Lefatshe le ne la tswelela pele.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Archive Photos