Ditsela Tse Thataro Tsa go Sireletsa Boitekanelo Jwa Gago
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA NIGERIA
GO YA ka World Health Organization (WHO), diperesente di ka nna 25 tsa batho ba ba nnang kwa dinageng tse di tlhabologang ga ba bone metsi a a phepa. Mo diperesenteng tse di fetang 66—bobotlana batho ba ka nna dimilione di le 2500—ga ba na mekgwa e e siameng ya go tlosa leswe le go thibela bolwetse. Mo go ba le bantsi matswela e nna bolwetse le loso.
Mo maemong a a ntseng jalo, go nna phepa sentle ke kgwetlho. Le fa go ntse jalo, fa o leka go nna phepa ka dinako tsotlhe, o tla bo o itshireletsa kgatlhanong le malwetse a mantsi. Dikgato tse thataro tse o ka di tsayang go itshireletsa wena le lelapa la gago mo megareng e e ka tsenang mo mmeleng wa gago mme ya baka bolwetse jo bo masisi ke tseno.
1. Tlhapa diatla tsa gago ka sesepa le metsi fa o se na go tshwara mantle le pele ga o tshwara dijo.
Tsela e e botlhokwa ya go kganela bolwetse ke go tlhomamisa gore sesepa le metsi di nna di le teng ka gale e le gore botlhe mo lelapeng ba ka tlhapa diatla tsa bone. Sesepa le metsi di tlosa megare mo diatleng—megare e e ka nnang ya tsena mo dijong kgotsa mo molomong ka tsela nngwe. E re ka bana ba rata go tsenya menwana mo leganong, go botlhokwa gore ba tlhape diatla tsa bone gantsi, segolobogolo pele ga o ba naya dijo.
Go botlhokwa segolobogolo go tlhapa diatla tsa gago ka sesepa morago ga go dirisa ntlwana ya boithomelo, pele ga o tshwara dijo le morago ga go tlhakola lesea kgotsa ngwana yo o sa tswang go ithoma.
2. Dirisa ntlwana ya boithomelo.
Go thibela go anama ga megare, go botlhokwa go epela mantle ka tshwanelo. Malwetse a mantsi, segolobogolo letshololo, a bakwa ke megare e e tswang mo mantleng a motho. Megare eno e ka nna ya tsena mo metsing a a nowang kgotsa mo dijong, mo diatleng kgotsa mo didirisiweng le mo mafelong a a dirisiwang go apaya le go tshola dijo. Fa seno se diragala, batho ba ka nna ba metsa megare mme ba lwala.
Go thusa go kganela seno, dirisa ntlwana ya boithomelo. Mantle a diphologolo a tshwanetse go bolokwa kgakala le matlo le metswedi ya metsi. O ka nna wa gakgamadiwa ke go itse gore mantle a masea le a bana ba bannye a kotsi go gaisa a bagolo. Ka jalo le bana ba tshwanetse ba rutiwa go dirisa ntlwana ya boithomelo. Fa bana ba ithomela golo gongwe fela, mantle a bone a tshwanetse a olelwa sentle le go latlhelwa mo ntlwaneng ya boithomelo kgotsa a epelwe.
Matlwana a boithomelo a tshwanetse go bolokiwa a le phepa e bile a khurumeditswe.
3. Dirisa metsi a a phepa.
Malapa a a nang le metsi a mantsi a a tswang mo thepeng ga a bobole thata jaaka a a se nang one. Ba ba se nang metsi a thepe ba ka sireletsa boitekanelo jwa bone ka go boloka didiba di khurumeditswe le ka go boloka metsi a a leswe kgakala le metsi a a nowang, a a tlhapang kgotsa a a tlhatswang. Gape go botlhokwa go se letle diphologolo go tsena mo ntlong mme di nne kgakala le metsi a a nowang.
Tsela e nngwe gape ya go itshireletsa mo malwetsing ke ka go boloka dikgamelo, dikgole le digelelo tsa metsi di le phepa ka mo go ka kgonegang ka teng. Ka sekai, go botoka go lepeletsa kgamelo go na le go e tlogela fa fatshe.
Metsi a a nowang a a leng mo gae a tshwanetse go tshelwa mo emereng e e phepa le e e khurumeditsweng. Go tshwanetswe ga gelelwa metsi ka sego kgotsa kopi e e phepa go tswa mo emereng eo. Se letle batho go tsenya diatla mo metsing a a nowang kgotsa go nwa ka tlhamalalo go tswa mo emereng ya metsi.
4. Bidisa metsi a a nowang kwantle fela ga fa a tswa mo thepeng e e sireletsegileng.
Metsi a a sireletsegileng gantsi ke metsi a a tswang mo thepeng. Metsi a a tswang mo metsweding e mengwe a ka tswa a na le megare le fa tota a ka lebega a le phepa.
Go bedisa metsi go bolaya megare. Ka jalo fa o ga metsi mo megobeng, mo melapong kgotsa mo ditankeng, go botlhale go a bedisa mme o a tlogele gore a fole pele ga o a nwa. Metsi a a se nang megare a botlhokwa thata mo maseeng le mo bananyaneng, ka gonne ga ba kgone go emelana le megare jaaka bagolo.
Fa go sa kgonege gore o bidise metsi a a nowang, a tshele mo emereng e e khurumeditsweng e e dirilweng ka polasetiki kgotsa ka galase. Mme o beye emere eo mo letsatsing malatsi a le mabedi pele ga o dirisa metsi ao.
5. Boloka dijo tsa gago di le phepa.
Dijo tse di tla jewang di sa apewa di tshwanetse tsa tlhatswiwa sentle. Dijo tse dingwe di tshwanetse tsa apewa sentle, segolobogolo nama e khibidu le nama ya koko.
Go botoka go ja dijo fa di se na di apewa; ka tsela eno ga di ne di senyega. Fa e le gore o tshwanetse go baya dijo tse di apeilweng go feta diura di le tlhano, o tshwanetse wa di boloka di le bolelo kgotsa di le mo setsidifatsing. O tshwanetse go di thutafatsa sentle pele ga o di ja.
Nama e e iseng e apewe gantsi e na le megare, ka jalo ga o a tshwanela go e letla gore e kgome dijo tse o setseng o di apeile. Fa o sena go berekana le nama e e sa apewang, phepafatsa didirisiwa le sengwe le sengwe mo ntlong ya boapeelo se se kgomilweng ke yone.
Mafelo a go direlwang dijo mo go one a tshwanetse go bolokwa a le phepa ka gale. Dijo di tshwanetse go nna di khurumeditswe le go bewa mo di sa kakeng tsa fitlhelelwa ke dintsi, magotlo, dipeba le diphologolo tse dingwe.
6. O fise kgotsa o epele matlakala a mo gae.
Dintshi tse di anamisang megare di rata go tsalela mo dijong tse di latlhilweng. Ka jalo matlakala a mo gae ga a tshwanela go latlhelwa fa fatshe. A tshwanetse go fisiwa kgotsa go epelwa kgotsa go latlhelwa kwa go latlhelwang matlakala teng letsatsi le letsatsi.
O ka thusa go itshireletsa wena le lelapa la gago mo go tshwarweng ke letshololo, kholera, thaefoete, diboko tse di tshwaetsang, dijo tse di nang le botlhole le malwetse a mangwe a mantsi ka go dirisa dikaelo tseno.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Motswedi: Facts for Life, e e gatisitsweng ke United Nations Children’s Fund, United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization, le WHO.