LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/12 ts. 5
  • 2. Boloka Dilo Tsotlhe di le Phepa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 2. Boloka Dilo Tsotlhe di le Phepa
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boapeelo E ka Nna Lefelo le le Itumedisang
    Tsogang!—1997
  • Ditsela Tsa go Tokafatsa Botsogo Jwa Gago
    Tsogang!—2015
  • A ke Tshwanetse go Nna le Tattoo?
    Tsogang!—2003
  • Ditsela Tse Thataro Tsa go Sireletsa Boitekanelo Jwa Gago
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 6/12 ts. 5

2. Boloka Dilo Tsotlhe di le Phepa

FELA jaaka ngaka e e arang e sireletsa balwetse ba yone ka go tlhapa diatla, ka go bolaya megare e e mo didirisiweng tsa yone le ka go boloka lefelo le e arang mo go lone le le phepa, le wena o ka sireletsa ba lelapa la gago ka go ipoloka o le phepa, go boloka phaposi ya gago ya boapeelo e le phepa le dijo tsa gago di le phepa.

● Tlhapa diatla.

Public Health Agency ya kwa Canada e bolela gore, “diatla di anamisa mo e ka nnang diperesente di le 80 tsa malwetse a a tlwaelegileng a a tshelanwang a a jaaka mofikela le foluu.” Ka jalo, tlhapa diatla thata ka metsi le sesepa pele ga o ja, morago ga go dirisa ntlwana ya boithomelo le fa o tshwara dijo.

● Boloka phaposi ya gago ya boapeelo e le phepa.

Patlisiso nngwe e ne ya bontsha gore le fa gantsi ntlwana ya boithomelo e le lone lefelo le le lebegang le le phepa go a gaisa otlhe mo ntlong, “dilo tsa mo ntlong tse di neng di kgotletswe ke dibakateria tse dintsi tse di tswang mo mantleng e ne e le dipontšhe kgotsa difatuku tsa mo phaposing ya boapeelo.”

Ka jalo, nna o fetola difatuku gangwe le gape mme o dirise metsi a a fisang a a nang le sesepa kgotsa sebolayamegare go phepafatsa phaposi ya boapeelo. Gone ke boammaaruri gore go dira jalo ga se ka metlha go leng motlhofo. Mosadi mongwe yo o bidiwang Bola o nna kwa legaeng le le se nang metsi a tepe. A re: “Ke kgwetlho e kgolo. Mme ga re nke re sonaga sesepa le metsi, ka jalo di nna di le gone gore re boloke phaposi ya rona ya boapeelo le legae la rona le le phepa.”

● Tlhatswa maungo le merogo ka metsi.

Pele maungo le merogo e rekisiwa, e ka tswa e setse e kgotletswe ke metsi a a seng phepa, diphologolo, mantle kgotsa dijo tse dingwe tse di tala. Ka jalo, tota le fa o ikaeletse go obola maungo kgotsa merogo, e tlhatswe thata ka metsi gore o tlose dibakateria tse di kotsi. Seno se tsaya nako. Mmè mongwe wa kwa Brazil e bong Daiane a re: “Fa ke dira salate, ke leka gore ke se ka ka potlaka e le gore ke tlhomamise gore ke tlhatswa merogo ya me sentle.”

● Baya nama e e sa butswang e le yosi.

E le gore dibakateria di se ka tsa anama, dira gore nama yotlhe e e sa butswang ya diphologolo, ya koko le tlhapi e nne e tswaletswe e le yosi kgotsa e phuthetswe sentle e bile e sa kopana le dijo tse dingwe. Fa o segelela dijo tseo, dirisa lomati lo longwe lwa go segela le thipa e nngwe, kgotsa o tlhatswe lomati le thipa thata ka molora le metsi a a fisang pele le morago ga go di dirisetsa nama e e sa butswang.

Jaanong, e re ka o setse o le phepa mmogo le didirisiwa tsa gago le dijo tse o tlileng go di dirisa, o ka apaya dijo tsa gago jang gore di se ka tsa nna kotsi?

[Lebokoso mo go tsebe 5]

THAPISA BANA BA GAGO: “Re ruta bana ba rona gore ba tlhape diatla pele ba ja le gore ba tlhatswe kgotsa ba latlhe dijo tse di wetseng fa fatshe.”—Hoi, Hong Kong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela