Boapeelo E ka Nna Lefelo le le Itumedisang
“TSWANG mo boapeelong!” Bana ba le bantsi ba ba tshwerweng ke tlala ba ile ba tsiboswa jalo fa ba ne ba leka go utlwa dijo pele ga di tsholwa. Lefa go ntse jalo, mo boemong jwa gore ba ba leleke, batsadi ba na le lebaka le le molemo la go biletsa bana ba bone kwa boapeelong. Ka ntlha yang? Ka gonne, totatota, boapeelo ke phaposiborutelo e e kgatlhang tota.
Boapeelo ke lefelo le bana ba ka ithutang go nna le bokgoni jwa go itshimololela dilo le jwa go rarabolola mathata mo go lone, lefelo le ba ka ithutang go direla ba bangwe mo go lone le go dira e le setlhopha, lefelo le metlotlo e e mosola e e amang pelo e ka itshimologelang fela mo go lone, lefelo le mo go lone go ka rutiwang mekgwa e mentle go sa lemotshege. Ee, mo dirakeng tse di tletseng le mo dillaeng le dikobotlo tsa boapeelo bongwe le bongwe go na le dithuto di le dintsi tse di botlhokwa—tse di emetseng fela go ithutwa le go dirisiwa fa go apewa dijo tse di latelang.
Mo motlheng ono wa boranyane le tshedimosetso, ke ka ntlha yang fa o ka dirisa boapeelo go nna lefelo la go thapisa bana? Karabo ke nako. Batsadi ba le bantsi ba lemoga gore tota ga go na se se ka emisetsang go ipha nako le bana ba bone—nako e ntsintsi fela!a Bothata ke gore e ka bonwa kae. Metswedi mengwe ya tshedimosetso e kgothaletsa batsadi gore ba lebe tiro ya ka metlha e ba e dirang mo gae e le sone sebaka se se molemo sa go dira dilo le bana ba bone le go ba ruta. Seno se dumalana le taolo eno e Modimo a neng a e neela batsadi mo setšhabeng sa bogologolo sa Iseraele: “Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago. O a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.”—Duteronome 6:6, 7.
Ka gonne gantsi re fetsa nako e ntsi re le mo boapeelong, go bonala e le lone lefelo le re ka direlang mo go lone re le lelapa. E bile go farologana le ka dinako tse di kgethegileng tsa go ikitsha, tse gantsi di tshwanelwang ke go leta go fitlhelela re nna le nako, maikatlapelo, kana madi gore re di rulaganyetse, tlala yone ga e batle go nna e beelwa nako e nngwe. Mo godimo ga moo, boapeelo ke lefelo le bana ba le ratang ka tlholego fela. Le gone, ke kae gape kwa ba rutiwang go dirisa dithipa ka kelotlhoko le go tshwara didirisiwa tse dingwe? Bana ba le mo motshamekong ba ka nna ba bo ba nna botlhaswa ka dinako dingwe! Lefa go ntse jalo, re ka ithuta eng mo boapeelong?
Go Ithuta mo “Phaposiborutelong” ya Boapeelo
Louise Smith—yo barutwana ba gagwe ba dingwaga di le nnè ba ba mo itseng e le Mosadi wa Kuku ya Gemere—o ne a dira kakgelo eno a e theile mo boitemogelong jwa gagwe jwa dingwaga di le 17 a ntse a ruta bana ba bannye go apaya: “Dijo ke selo se se molemo se se ka dirisiwang go ruta ka gonne ke selo se bana botlhe ba se tlhaloganyang. Ditemosi tsa bone tsa monko, tsa tatso le tsa go ama di bogale jaana fa ba santse ba le bannye mo e leng gore fa ba di dirisa, ba di dirisa ka botlalo. E bile o ka kgona go ba ruta go bitsa mafoko sentle, dipalo le bokgoni jwa go rarabolola mathata o dirisa dijo.” Go tshela, go sila, go obola, go sefa, go fudua le go potoka di thusa bana gore ba nne le bokgoni jwa go dira ka diatla le jwa go dira gore matlho le matsogo a dirisane mmogo. Go tlhaola (go kgaoganya matshwapi a diterebe le manoko) le go baya ka thulaganyo (go paka dinkgwana tsa go lekanyetsa ka thulaganyo ya tsone) di ruta dilo tsa motheo tsa go ithuta dipalo. Go latela ditaelo tsa motswako ke selo se se ka go thapisang mo go diriseng dipalo, go lekanya dilo, go nepa dilo, go dirisa tlhaloganyo le go tokafatsa tsela ya go bua. E bile motho ga a ka ke a semelela a dira tiro e e raraaneng e e tletseng dikotsi ya boapeelo mme a sa ithute sengwe ka pabalesego, boikarabelo, go dira dilo ka thulaganyo le tirisanommogo.
Selo se sengwe se se botlhokwa ke mosola wa go ithuta go apaya. Ke selo se se tlwaelegileng ka bana ba ba simololang ba thusa fela mo boapeelong gore ba bo ba kgona go apaya dijo tse di feletseng ka nako ya fa ba fitlha mo dingwageng tsa bone tsa bolesome. Ke batsadi bafe ba ba tshwaregileng ba ba se kitlang ba rata seo nako le nako? Mo godimo ga moo, go apaya go thusa basha go itshepa le go kgotsofala ka boemo jwa bone—dinonofo tse di tlileng go ba solegela molemo moragonyana fa ba sikara maikarabelo a bogolo, e ka ne ba tla nyala kana ba tla nna ba sa nyala.—Bapisa 1 Timotheo 6:6.
Lee, yo o neng a nna a sa nyala go fitlhelela a le mo masimologong a dingwaga tsa bo30, o gakologelwa jaana: “Mmè o ne a simolola go nthapisetsa ditiro tsa letsatsi le letsatsi tsa mo boapeelong fa ke ne ke le dingwaga di le thataro. Sa ntlha, ke ne ke rata fela go dira dikuku le dijonyana tse dingwe tse di botshe. Le fa go ntse jalo, e rile ke le dingwaga di le robonngwe, ke ne ke kgona go rulaganya le go apeela lelapa la rona dijo tse di feletseng, mme ke ne ke dira seno ka metlha. Moragonyana, ke le mogolo yo o seng mo lenyalong, ke ne ka lemoga gore go itse go dira ditiro tse di farologaneng tsa lelapa, go akaretsa le go apaya, go ne go tlhofofatsa botshelo thata. Mme e bile nka rata go bua jaana ke re seno se thusitse thata gore jaanong ke bo ke le mo lenyalong le le atlegileng.”
Go Apaya go Monate!
Motsadi a ka bona jang nako ya go thapisa bana mo boapeelong? Mmè mongwe o akantsha gore go rulaganngwe nako ya fa go sena dilo di le dintsi tse di ka lo kgoreletsang ka mo go ka kgonegang ka gone. Fa o na le bana ba le mmalwa, o ka nna wa rata go bereka le ngwana a le mongwe ka nako fa ba santse ba simolola. Go dira seno, tlhopha nako e bana ba bangwe ba santseng ba ikhuditse ka yone kana ba le kwa sekolong. Rulaganyetsa gore o dirise nako e ntsi go feta fa o ne o apaya o le mongwe. Mme o ipaakanyetse go nna le nako e e monate mo boapeelong!
Mo thulaganyong ya lona ya ntlha, o ka nna wa letla ngwana wa gago gore a tlhophe sengwe se a se ratang. Batla tsela e e motlhofo ya go se apaya e e dirang gore se butswe ka bonako. Tlhomamisa gore e akaretsa ditiro tse ene a ka kgonang go di dira sentle. Go dira gore ngwana wa gago a se ka a tlhoatlhoega le go lapa pelo, dira gore a batle mengwe ya metswako e e tlhokegang le didirisiwa e sa le pele. O ka nna wa ba wa baakanya mengwe ya metswako e sa le pele gore thulaganyo ya lona e se ka ya tsaya lobaka lo loleele e bile e lapisa.
Bala ditaelo tsa motswako le ngwana wa gago, o mmontsha kafa a ka dirang tiro nngwe le nngwe ya tsone ka teng. Naya ngwana wa gago sebaka sa gagwe mo boapeelong—gongwe llae e e nang le dijana di le mmalwanyana le didirisiwa tse dingwe di se kae—mme o mo neye le khiba. Go na le gore o apese mosimane khiba ya basadi, o ka nna wa mo batlela khiba e e diretsweng diapei tsa banna. Go tloga fela kwa tshimologong, gatelela ka tsela e pabalesego e leng botlhokwa ka teng mme o tlhome melao e e utlwalang ya mo boapeelong.—Bona lebokoso le le reng “Thuto ya Ntlha—Pabalesego,” tsebe 18.
Mo godimo ga tseo tsotlhe, leka go dira gore e nne nako e e monate. O se ka wa dira gore ngwana wa gago a nne fela a go lebile; dira gore a tlhape diatla, mme di dirise mo go apeeng ka bogone. Letla sebaka sa gore a batlisise, a lekeletse, a bo a botse dipotso. Mme fa se lo se apayang se sa tswe sentlentle, se tshwenyege. Fa ngwana wa gago e le ene a se dirileng, o santse a tla se ja!
Seoposengwe mo Lelapeng
Ga go belaetse gore melemo e megolo thata e e ka tswang mo boapeelong e akaretsa kutlwano le mekgwa e mentle ya lelapa. O ka tswa o lemogile gore mo magaeng mangwe gompieno, mongwe le mongwe mo lelapeng o tshwaregile fela ka go itirela ditiro tsa gagwe kwa ntle ga go kopana go le go kalo le ba bangwe. Mo maemong a a ntseng jalo, legae le ka se nne fela lefelonyana le o emang fela mo go lone go ikhutsa, lefelo la go tlatsa mpa fela o bo o feta. Phapaanong le seo, lelapa le le apayang mmogo go direga thata gore le je mmogo le bo le phepafatse mmogo. Ditiro tseno di ba naya ditshono tsa go buisana ka metlha, go direlana dilo le go kopana mmogo. Mmè mongwe o gakologelwa jaana: “Ke nnile le metlotlo e e molemo thata le basimanyana ba me fa re le mo botlhatswetsong jwa dijana jo bo mo boapeelong.” Mme Hermann, rrabana mongwe wa Mokeresete, o oketsa jaana: “Re ne ra fetsa dingwaga di sekae re sa reke motšhini o o tlhatswang dijana ka boomo, gore dijana di tlhatswiwe di bo di phimolwe ka matsogo. Bomorwaarona ba ne ba abelwa gore ba phimole, ba go fapaanela. Eno e ne e le nako e e molemolemo ya go buisana fela re iketlile.”
Ee, nako e o e dirisang le bana ba gago mo boapeelong—beke nngwe le nngwe, ngwaga nngwe le nngwe—e go naya motheo o o ka agelang mekgwa e mentle le dinonofo tsa bomodimo mo go one. Ke ka dinako tseno tsa go nna mmogo lo iketlile go itiragalelang fela gore motsadi le ngwana ba kgone go tlotla go tswa pelong mme tlhotlheletso ya sekao sa motsadi e kgonang go ama pelo ya ngwana. Thapiso e e ntseng jalo e ka solegela ngwana molemo botshelo jotlhe jwa gagwe, gonne Diane 22:6 ya re: “Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.”
Ka jalo, fa wena o le motsadi o batla ditsela tsa go dirisa nako e e oketsegileng le bana ba gago, ke ka ntlha yang fa o sa ba kope gore ba go thuse go dira kuku kana go apaya dijo fela tse di feletseng? O ka fitlhela gore go dira le bone mo boapeelong ke tsela ya go fepa lelapa la gago le go le thapisa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona motlotlo wa kgang eno, bona setlhogo se se reng “‘Nako ya Botlhokwa’ e Ajwa ka Lemmenyana Fela,” mo makasineng wa Tsogang! wa May 22, 1993, ditsebe 16-17 (ka Seesemane).
[Lebokoso mo go tsebe 18]
Thuto Ya Ntlha—Pabalesego
Nna Motho yo o Amegileng ka Pabalesego
• Ka tsela e e masisi mme e se e e tshosang, tlhalosa dikotsi tsa go bereka mo boapeelong, fela jaaka fa o ne o ka tlhalosa dikotsi tsa pharakano mo mmileng o o tlhanaselang. Tlhoma sekao se se molemo ka bowena.
• Dira gore go nne le motho yo mogolo yo o beileng dilo leitlho nako le nako fa bana ba bereka mo boapeelong. O se ka wa letla ngwana a dirisa sedirisiwa sepe, bogolo jang sa motlakase, go fitlhelela a ka kgona go se dirisa ka pabalesego.
• Boloka boapeelo jwa gago bo rulagantswe sentle. Phimola fa go tshologileng gone mme o tlose lefa e le eng se se leswe ka bonako. Diruiwa tsa mo gae le dilo lefa e le dife fela tse dingwe tse di kgoreletsang di tshwanetse go tlosiwa mo boapeelong fa o apaya.
Sireletsa Menwana
• Metšhini ya motlakase e e fuduwang le e e segang dijo e tshwanetse ya dirisiwa fela fa motho mongwe yo mogolo a beile leitlho. Tlhomamisa gore sedirisiwa se timilwe le gore se ntshitswe mo polakeng ya motlakase pele ga ngwana a tsenya sedirisiwa se sengwe mo sejaneng.
• Dira gore dithipa di nne di le bogale, ka gonne thipa e e boboi e batla gore o e gatelele thata mme ka jalo go ka direga gore e relele.
• Fa ngwana wa gago a ithuta go dirisa thipa, dira gore a latele dikgato tseno: (1) tshwara thipa ka matshwaro a yone, (2) baya thipa mo sejong, (3) baya seatla se sengwe mo lemoragong la thipa, o bo o (4) e gatelela go sega sejo.
• Dirisa lomatsana lo go segelwang mo go lone. Go dira gore merogo e se ka ya nna ya kgokologa fa ngwana wa gago a leka go e sega, e kgaoganye ka bogare pele mme o bo o baya letlhakore le le sephara kwa tlase mo lomatsaneng lo go segelwang mo go lone.
Ikele Tlhoko mo go Sheng
• Ka metlha tima setofo le onto fa o sa di dirise. Tlosa difatuku, dibuka tsa ditaelo tsa go apaya le matsela a go tshwara dipitsa mo polateng ya setofo.
• Lebisa matshwaro a dipane kwa bogareng jwa setofo, kwa di ka se keng tsa thulwa motlhofo gone mme tsa tsholola.
• Fa o letla ngwana wa gago gore a bereke fa setofong, tlhomamisa gore o eme mo lefelong le le tlhomameng le le sa tshikhinyegeng.
• O se ka wa tshwara selo se se molelo ntle le fa o setse o itse gore o ile go se baya kae. Tlhomamisa gore ba bangwe mo boapeelong ba a itse fa o tshwere selo se se molelo, bogolo jang fa o tlile go tsamaya mo morago ga bone.