Se se Digelang Bontsi mo Dikolotong
MICHAEL le Reena ba ne ba keteka ngwaga wa bone wa ntlha ba nyalane ka go etela lefelo le ba neng ba etetse kwa go lone morago ga mokete wa bone wa lenyalo. Lefa go ntse jalo, ba ne ba lebana le seemo se se sa itumediseng fa ba tloga ba simolola ngwaga wa bobedi ba nyalane. Ba ne ba sa kgone go duelela dikoloto tsa bone tsotlhe le mororo ba ne ba leka thata go somarela dilo.
Akanya ka banyalani ba bangwe. Robert o ne a lebanwe fela ke go duela madi a sekae a o neng a a adimile go duelela dithuto tsa gagwe fa a ne a nyalana le Rhonda yo ene a neng a lebanwe fela ke go duela sekoloto sa koloi. Robert a re: “Roobabedi re ne re bereka mme fa re kopanya madi a re neng re a amogela e ne e le $2 950 [R12 830] ka kgwedi. Lefa go ntse jalo, re ne re sa bone se re se dirang ka one.” Rhonda o akgela jaana: “Ga re ise re reke dilo dipe tse dintsi kana sepe se segolo thata. Tota ke ne ke sa kgone go itse gore madi a rona a ne a felela kae.”
Ga se gore Robert le Rhonda ba ne ba le botshwakga. Michael le Reena le bone ba ne ba sa nna jalo. Bothata jwa bone e ne e le eng? Ba ne ba kolota dikarata tsa bone tsa sekoloto. Mo ngwageng wa ntlha wa lenyalo la ga Michael le Reena, ba ne ba kolota $14 000 (R60 900) mo dikarateng tsa bone tsa sekoloto. Morago ga dingwaga tse pedi Robert le Rhonda ba nyalane, madi otlhe a ba neng ba a kolota dikarata tsa bone e ne e le $6000 (R26 100).
Anthony, monna wa lelapa yo o mo dingwageng tse di magareng, le ene o ne a lebane le bothata jo bogolo jwa madi mo botshelong jwa gagwe. Lefa go ntse jalo, bothata jwa gagwe bo ne bo sa amane le dikarata tsa dikoloto. Ka 1993, khampani e Anthony a neng a e bereka e ne ya jewa, mme maemo a bomanejara a a neng a mo amogedisa $48 000 (R209 000) ka ngwaga a mo tswa dinaleng. Morago ga seo, go tlamela lelapa la gagwe la batho ba le banè e ne ya nna kgwetlho e e boitshegang. Janet yo e leng motsadi yo o nosi yo o nnang kwa New York City, le ene o ne a sa kgone go itshedisa ka madinyana a o neng a a amogela a $11 000 (R47 800) ka ngwaga.
Lefa go le boammaaruri gore bontsi jwa mathata a madi a ka rarabololwa ke fa motho a a dirisa sentle, gone mme re tshela mo motlheng o mo go one bontsi jwa batho ba golafaditswe ke go sepela “mo boithamakong jwa dipelo tsa bone.” (Baefeso 4:17) Grace W. Weinstein o ne a akgela jaana mo bukeng ya gagwe ya The Lifetime Book of Money Management: “Bontsi jwa melao e e malebana le tsa madi e fetogile, e fetotswe gotlhelele ke go sa tlhomamang ga ikonomi, maikutlo a masha a batho ba nang le one malebana le go dirisa madi le go a boloka le mekgwa e e fetogang ya go tshela.” Mo lefatsheng leno le le tlhakatlhakaneng le re tshelang mo go lone, batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata tota go dirisa madi a bone ka namana le a malapa a bone sentle.
Se se itumedisang ke gore, Michael le Reena, Robert le Rhonda, Anthony ga mmogo le Janet ba ile ba atlega go dirisa madi a bone sentle. Pele ga re sekaseka se se ba thusitseng, mma re tlhatlhobe selo se se anameng thata se se malebana le tsa madi se se gakatsang mathata a batho a tsa madi—ee, dikarata tsa sekoloto.