Ba Ba Amegileng mo Kotsing Ba Kopana le Ba Ba Molato wa go Baka Kotsi
LEFELO: Upper New York State’s Genesee County DWI Victims Panel. Tiragalo: Batho ba le barataro, ba ba kopantsweng ke kutlobotlhoko e botlhe ba leng mo go yone mme ba tshwere ditshwantsho tsa baratiwa ba bone, ba tsaya karolo mo maitekong a a botlhoko a go dira gore bao ba bakileng kotsi ba ba tshwaretsweng go kgweetsa ba nole ba utlwe manokonoko a se se diragetseng.
Tse di latelang ke ditsopolo tse di tserweng mo dikakgelong tsa bone, di khutshwahaditswe ke Tsogang!
Ba Ba Amegileng mo Kotsing
Rre: “Yono ke morwa wa rona Eric. E ne e le morwa yo o molemo thata, a tletse metlae, a le ditshegwana. Jaanong ke fetogile rre yo o hutsafetseng, yo o mo selelong ka ke tlhokafaletswe ke morwa yo o dingwaga di 17. Ka ponyo ya leitlho, dikeletso tsa rona, ditsholofelo tsa rona tsa isagwe, lorato lwa rona di ne di fedile—di bolailwe ke motho yo o neng a kgweetsa a tlhapetswe.
“Ke tlhola ke tsamaya le mosadi wa me go ya kwa diphupung. Ke sone fela se se setseng seo re ka ikgomotsang ka sone. Re bala mafoko a ga Eric ao a kwadilweng mo sefikantsweng ao a reng: ‘Ke tla lo tlhoafalela ka pelo ya me yotlhe, mme ke solofela gore re tla bo re sa katogana thata; mme fa e le gore re tla bo re katogane thata, ke tla lela ka gonne ke ne ke sa batle go laela le ka motlha ope.’ Mme le rona ga re batle go laela.”
Motlholagadi yo mosha: “Leno ke lelapa la me. Monna mongwe wa dingwaga tse 22 o ne a tswa kwa moketeng wa lenyalo a bolela fa a sa ikutlwe a nole thata. A le mo beneng ya gagwe, eo e neng e siana ka lobelo lo lo kwa godimo mo tseleng e e lefifi, eo a sa e tlwaelang, o ne a atamela letshwao lengwe la tlhagiso mme a le itlhokomolosa, a bo a kgabaganya letshwao la go ema a sa ema mme a re thula a re sugakanya. Morago ga foo ke gakologelwa ke thanya mme ke imelwa ke sengwe mo go botlhoko mo sehubeng sa me. Fa ke ntse ke kgaratlha ke leka go bula matlho a me, ke ne ka kgona go gaodisa monna wa me a betagane mo leotwaneng la go kgweetsa. Ke ne ka utlwa losea lwa me lo lela. Ke gakologelwa ke botsa ke re, ‘Go diragetseng?’
“Ga go a ka ga araba ope. Go ne go sule monna wa me, ebong Bill, wa dingwaga tse 31; morwaake yo mogolo, wa dingwaga tse 6; le bomorwaake ba mawelana, ba ba dingwaga tse 4. Tsholofelo e ke ne ke setse ka yone fela e ne e le mosetsanyana wa me wa dikgwedi tse di robang bongwe, yo o neng a robaditswe mo sepatela ka ntlha ya go gobala go go maswe mo tlhogong.
“Fa ke ntse ke robetse kwa sepatela mo mosong mongwe wa Laboraro, o o bosula, wa pula e na, monna wa me le bomorwaake ba bararo ba ne ba fitlhwa. Ke ne ka akanya ka dikesi tse nne, ditopo di le nne tse di robegileng, batho ba le bane bao ke neng ke se kitla ke tlhola ke ba bona, kana ke ba utlwa, kana ke ba tshwara gape. Ke ne ke tshwanetse gore ke tswelele jang?
“Nna le morwadiake yo monyenyane re ne ra tlamega gore re simolole botshelo jo bosha. Ke ne ka rekisa legae la me, ka go bo ke ne ke sa kgone go tshela ke ntse ke gakologelwa dilo tseo. Ke go fitlhela go le bokete gore ke emelelane le bonnete jwa gore monna wa me le bomorwaake ba bararo ba bantle ba kwa diphupung. Tsela yotlhe eo re neng re ba tlamela, le go ba tlhokomela, le go ba rata ka yone, di ne di sa lekana go ka ba sireletsa. Ga go na mafoko a a ka tlhalosang botlhoko jo ke leng mo go jone, tlalelo eo ke leng mo go yone, le go ikutlwa ke sena mosola mo ke nang le gone. Ba tshedile ka lobaka lo lokhutshwane fela thata.
“Motho yo o bolaileng ba lelapa la me e ne e se senokwane se se padileng kana lekgoba la bojalwa kana motlolamolao yoo e leng mokgwa wa gagwe go dira jalo—e ne e le motho fela yo o neng a ile maitisong maitseboa. Ditlamorago tseno tse di botlhoko di nkwetse ka go bo mongwe a ne a tlhopha gore a kgweetse a nole. Ekete seno se ka se ke se tsamaye se go diragalele kana sa diragalela mongwe yo o mo ratang.”
Mmè: “Leina la morwadiake ke Rhonda Lynn. O ne a tshwanetse go ka bo a alogile mo sekolong se segolwane ka June 21. Ka June 10 o ne a le mo kgatong ya gagwe ya bofelo ya go rutwa go kgweetsa. Ka lone letsatsi leo batho ba le babedi bao ba neng ba ntse ba le mo moketeng mme baa nwa thata ba ne ba dira phetso ya bofafalele ya gore ba kgweetse. Ka motsotswana fela, ba ne ba dira gore letsatsi leo e nne lone la bofelo la botshelo jwa ga Rhonda, mmogo le jwa morutabana wa gagwe wa thuto ya go kgweetsa le a baithuti ka ene ba le babedi.
“Mo tshokologong ya letsatsi leo ke ne ka amogela mogala o re Rhonda o ne a bone kotsi. Seo ke neng ka se akanya fela e ne e le gore ke ne ke tshwanetse gore ke ye go nna le ene. Fa ke goroga kwa sepatela, ke ne ka bolelelwa gore ke se ka ka tsena gore ke bone Rhonda. Mme ke ne ke tshwanetse go tlhomamisa. Ke ne ka dira gore ba henose letsela. Sefatlhego sa gagwe se ne se rurugile thata mme se le mangapongapo. Ke ne ka nnela go lebelela matlho a gagwe a mantle le go ama letsogo la gagwe, mme lefa go ntse jalo ke ne ke sa kgone go ka tokafatsa mmele wa gagwe o o sugakaneng. Seo ke neng ke ka se dira fela e ne e le go tshwaratshwara moriri wa gagwe o montle. O ne a se ka a tshikinyega. O ne a ile.
“Ke ne ka lebanwa ke tiro ya bomadimabe ya go bolelela rraagwe le bokgaitsadie gore o ne a ile. Jaanong malatsi a rona ga a sa tlhole a tshwana le pele ka ntlha ya phatlha e e boitshegang eo e bulegileng. Fa fela re ne re ka kgona go mo atla, go boela re mo tshwara gape. Botshelo ga bo kitla bo tlhola bo tshwana gape le pele. Re saletswe fela ke go gakologelwa ka seo.”
Motho Yo O Molato wa go Baka Kotsi
Lekawana: “Kgang ya me e farologane le tseo lo setseng lo di utlwile. Ya me e simolola dikgwedi di le 23 tse di fetileng. Ke e gakologelwa fela jaaka ekete ke ya maabane. Mosetsana yo ke neng ke ratana nae o ne a tshameka bowl le setlhopha sengwe mo bosigong joo, ka jalo ke ne ka dira phetso ya gore ke nwe go se kaenyana ke ntse ke mo lebeletse jaaka a tshameka bowl. Ke ne ka nwa digalase di le tlhano kana di le thataro tsa bojalwa mo dioureng tse pedi le sephatlo tseo di neng tsa latela. Ke ne ka akanya gore ke tla dira dilo segolo mme ke eme pele sebaka sa oura pele ga ke ka kgweetsa go ya gae.
“Mo e ka nnang metsotso e le 30 ke ntse ke le mo mosepeleng wa go ya gae, go ne ga bonala ambulense mo tseleng, mme go ne go na le monna mongwe fa gare ga tsela a laola pharakano. Ga ke a ka ka bona monna yoo go fitlhelela maloba e setse e le maabane. Ke ne ka leka go pheuga le go gata mariki. Erile fela fa sesiraphefo sa me se thubega, ka bo ke ipolelela jaana: ‘E bo e le kgama kana ntša tlhe!’ Mme ke ne ke itse gore e ne e se yone. Ke ne ka tswa mo koloing ka ya kwa go ene, ke goa ke re, ‘A ga o a gobala? A ga o a gobala?’ O ne a seka a nkaraba. Ke gakologelwa ke eme fa thoko ga gagwe, ke lebile sefatlhego sa gagwe. Se ne se tlhakatlhakanye tota.
“Mapodisi a puso a ne a tla fa go nna mme ba mpotsa dipotso. Go tswa foo ba bo ba re: ‘O tirisanommogo tota, mme lefa go ntse jalo o tsamaya ka tsela e e sa tlwaelegang gape o bua ka tsela e e sa tlwaelegang. A o ntse o nwa?’ Ba ne ba nkisa kwa kampeng ya mapodise mme ba ntlhatlhoba. Ke ne ke na le 0,08 [selekanyo se se sa letlelelweng kafa molaong sa bojalwa mo mading kwa dikarolong di le dintsi tsa kwa United States]. Ke ne ke sa dumele gore seno se ne se diragalela nna. Ke ne ke tlhola ke akanya gore sengwe se se ntseng jaana se ka se ke se bo se tsamaye se ntiragalele. Lefa go ntse jalo, jaanong ke ne ke lebanwe ke melato ya bosenyi ya go bolaya motho ka bofafalele, DWAI [Driving While Ability Impaired (Go Kgweetsa Ntswa Motho A Tlhapetswe)].
“Ke ne ke saletswe ke kgwedi fela gore ke bone lekwalo la me la go ruta. Akanya fela ka moo setšhaba se lebang barutabana ka gone. Se lebeletse gore ba bo ba sena selabe sepe mo boitsholong. Ke gone kafa ke neng ke leka go nna ka teng, mme jaanong ke ne ke le gaufi le gore go ntatlhegele gotlhe fela.
“Ke ne ka fiwa sebaka sa ngwaga se mo go sone ke neng ke tla lebelelwa gore ke se ka ka dira molato gape, ke ne ka gapelwa lekwalo la me la go kgweetsa ka lobaka lwa dikgwedi di le 19, ke ne ka atlholwa diranta di le 625, ka nna mafelobeke ke le mo kgolegelong, ke ne ka dira tirelosetšhaba ka dioura di le 600, mme ka tsenelela thuto ya kgalemelo kaga bojalwa ka sebaka sa dibeke tse robong. Go feta moo, ke gakologelwa masigo a mangwe ao ke neng ke a tle ke thanye ke tshogile ebile ke roroma ka one, ke akantse ka sefatlhego sa monna yole mo mogopolong wa me. Gape ke ne ke tshwanetse gore ke boe ke ye go lebana le ditsala tsa me tsotlhe le ba lelapa la gaetsho. Go ne go lebega ke tlile go kgaratlha thata gore ke tswelele le botshelo jwa me. Ke ne ke sa tlhomamise gore a go na le mosola. Ke ne ka tshwanela gore ke boele kwa go ruteng bana mme ke lebagane le bananyana bale botlhe. Ke ne ke ipotsa fela gore ke ba le kae ba bone bao ba neng ba itse kaga seo ke neng ke se dirile. Mme ke ne ke ipona molato ebile ke ikotlhaya thata fa ke akanya ka ba lelapa la monna yole.
“Mo bosigong jwa gore kotsi e diragale, ke ne ka tshwanelwa ke go dira sengwe se se bokete go feta tsotlhe tse ke kileng ka tshwanela go di dira mo botshelong jwa me—eleng go leletsa mmè mogala le go mmolelela jaana, ‘Mmè, ke dirile kotsi mme ka bolaya monna mongwe. Ke tlhoka se se ka nkisang gae.’ Erile fa a tsena koo, re ne ra tshwaragana fela mme ra lela. Ga ke eleletse le eleng mmaba wa me yo re itaanang ka noga e utlwa gore a bone tse nna ke di boneng. Batho ba ba kgweetsang ba nole—joo ke bothata jo ke batlang go thusa mo go jone. Fa lo tswa mo pokanong eno, tsamayang lo ntse lo gopotse ka rona. Lo se ka lwa ba lwa re lebala.”
Puisano E A Fela
Patricia Johnston, yo e neng e le motsamaisi wa puisano eno ya ba ba amegileng mo kotsing, o ne a konela ka maitemogelo a gagwe ka boene a masetlapelo a a leng kaga kotsi e e maswe e rraagwe yo o neng a dule lekgoba la bojalwa a neng a nna le yone. O ne a re: “Fa ke ne ke ka kgona go tsaya khutsafalo eo bojalwa bo e bakang mme ka e tsenya mo lebotloleng mme ka dira gore e nowe e le ‘mofago wa tsela,’ go ne go se kitla go tlhola go tlhokafala gore go nne le thulaganyo e e ntseng jaana gape!”
Kwa bokhutlong, modulasetilo o ne a botsa gore a go ne go na le mongwe yo o nang le dipotso. Ga go a ka ga bodiwa dipe. Mme lefa go ntse jalo go ne go na le ba le bantsi ba matlho a bone ba neng a geletse dikeledi bao ba neng ba re: “Nka itoma sekgono fa o ka tlhola o utlwa go twe ke ne ke kgweetsa ke nole gape.”
Go tla bonala morago ga nako fela gore dithulaganyo tse di ntseng jaana di tla ama jang dipalo tsa batho ba ba tshwarelwang go baka dikotsi bao ba boelang kwa tseleng gape go ya go kgweetsa ba tagilwe. Mme lefa go ntse jalo seo se dirang gore bothata jono e nne jwa selekanyo se se tshosang ke palo e kgolo, ya dimilione, ya bao ba kgweetsang ba tlhapetswe mme ba bo ba sa tshwarwe.
Dipego tsa bosheng jaana tse di tswang go Bureau of Justice Statistics ya U.S. Department of Justice e bontshitse gore mo ngwageng mongwe wa bosheng jaana, batho ba ka nna dimilione tse pedi ba ne ba tshwarelwa DUI (Driving Under the Influence [Go Kgweetsa O le Kafa Tlase ga Tlhotlheletso ya Bojalwa]). Mme lefa go ntse jalo dipalo gape di bontshitse gore fa go tshwarwa motho a le mongwe a tshwarelwa DWI (Driving While Intoxicated [Go Kgweetsa A Nole]), ba bangwe gape ba bantsi ba ba ka nnang 2 000 ba ka nna ba itsamaela fela ba sa lemogwe mo mafelong a a sa disiwang, e le dipalo tse di tlogang di tsala dikgobalo.
Ke eng seo se dirileng gore go nne le tikologo e e tlhotlheletsang boitshwaro jwa bofafalele jo bo kotsi jaana? Ke ka ntlha yang fa ntwa e e kgatlhanong le go kgweetsa o nole e tswelela pele e lowa mme go sa fenngwe mo go yone? A re tlhatlhobeng dingwe tsa dikarabo.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go boelediwa ga puisano ya motho yo o nang le molato wa go baka kotsi a kopane le ba ba amegileng mo kotsing