A ke Tlogele go Kgweetsa?
AKANYA ka mogodi mongwe yo o nang le dingwaga di le dintsi a kgweetsa. E re ka a kgona go ya gongwe le gongwe kwa a batlang go ya teng, o itumelela go kgweetsa. Mme ba lelapa la gagwe le ditsala ba tshwenyegile ka ene e bile ba akanya gore o tshwanetse go tlogela go kgweetsa. Le fa go ntse jalo, ga a tlhaloganye lebaka la go bo ba ikutlwa jalo.
A le wena o diragalelwa ke se se tshwanang? Fa go le jalo, ke eng se se ka go thusang gore o kgone go dira tshwetso ya gore a o tla tswelela o kgweetsa?
Mo dinageng dingwe, bakgweetsi ba dingwaga tse di rileng ba ba batlang go ntšhafatsa lekwalo la bone la go kgweetsa, ba tshwanetse go tlhatlhobiwa ke ngaka pele. Bakeresete ba ba nnang mo dinageng tseno, ba ikobela melao eo. (Bar. 13:1) Tota le fa go se na melao eo mo nageng ya lona, go na le se o ka se dirang go itlhatlhoba gore a o sa ntse o kgweetsa ka pabalesego.
SEKASEKA TSELA E O KGWEETSANG KA YONE
Mokgatlho mongwe wa bagodi o akantsha gore o ipotse dipotso tse di latelang:
A ke thatafalelwa ke go bona matshwao a tsela kgotsa ga ke bone sentle bosigo?
A ga ke kgone go tšhika tlhogo gore ke lebe diipone kgotsa go gadima kwa morago?
A ke bonya go tsiboga, jaaka fa ke gatoga mahura ke bo ke gata mariki?
A ke kgweetsa ka bonya thata mo ke kgoreletsang pharakano?
A ke batlile ke dira dikotsi ka makgetlo a le mmalwa bosheng jaana kgotsa a koloi ya me e bobetsegile e bile e na le mengapo ka gonne ke nna ke thula?
A tsela e ke kgweetsang ka yone e ile ya dira gore mapodise a nkemise?
A nkile ka otsela ke ntse ke kgweetsa?
A ke nwa dipilisi tse di ka amang tsela e ke kgweetsang ka yone?
A ba lelapa la me kgotsa ditsala ba kile ba mpolelela gore tsela e ke kgweetsang ka yone ga e ba jese di welang?
Fa e le gore o arabile potso e le nngwe kgotsa di le pedi ka ee, o ka tswa o tlhoka go dira diphetogo dingwe. Ka sekai, o ka tswa o tlhoka go fokotsa makgetlo a o kgweetsang ka one, segolobogolo bosigo. O ka botsa mongwe mo lelapeng kgotsa tsala ya gago gore o akanya eng ka tsela e o kgweetsang ka yone. Gape o ka tsenela ditlelase tsa go kgweetsa ka pabalesego. Mme fa e le gore o arabile dipotso di le mmalwa tse di fa godimo ka ee, eo e ka tswa e le nako ya gore o tlogele go kgweetsa.a
MELAOMETHEO YA BAEBELE E KA GO THUSA JANG?
Go ka tswa go le thata go lemoga gore ga re sa tlhole re kgweetsa sentle jaaka pele. Kgang ya gore re ka nna ra tshwanelwa ke go tlogela go kgweetsa, e ka nna ya re utlwisa botlhoko. Ka jalo, melaometheo ya Baebele e ka go thusa jang gore o kgone go akanya sentle le go dira tshwetso e e siameng?
Nna boikokobetso. (Diane 11:2) Fa re ntse re tsofala, matlho, ditsebe le mesifa ya rona e a koafala e bile re ka tswa re sa tsiboge ka bonako. Ka sekai, batho ba le bantsi ba tlogela go tshameka metshameko mengwe fa ba tshwara dingwaga tse di rileng ka gonne ba lemoga gore fa ba ntse ba gola, go ka nna motlhofo gore ba gobale. Go ntse fela jalo le ka go kgweetsa. Motho yo o boikokobetso o tla tlogela go kgweetsa fa go le kotsi gore a dire jalo. (Diane 22:3) Mme fa batho ba bangwe ba mmolelela gore ba ikutlwa jang, o ikemiseditse go ba reetsa.—2 Sam. 21:15-17.
Tila go nna le molato wa madi. (Dute. 22:8) Koloi e ka nna sengwe se se kotsi thata fa e sa dirisiwe sentle. Motho yo o tswelelang a kgweetsa, tota le fa a sa tshwanela go kgweetsa, a ka ipolaya kgotsa a bolaya batho ba bangwe. Gape a ka feleletsa a dirile kotsi e e ka bolayang motho.
O se ka wa akanya gore batho ba bangwe ga ba kitla ba go tlotla ka gonne o tshwanelwa ke go tlogela go kgweetsa. Jehofa o a go rata e bile o bona dinonofo tse dintle tse o nang le tsone tse di jaaka boingotlo, boikokobetso le go amega ka batho ba bangwe. Gape o solofetsa gore o tla go tshegetsa e bile o tla go gomotsa. (Isa. 46:4) Ga a kitla a go latlha. Ka jalo, mo kope gore a go thuse go dirisa botlhale jo bo mosola le kgakololo e e mo Baebeleng fa o dira tshwetso ya gore a o tla tlogela go kgweetsa kgotsa nnyaa.
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala setlhogo se se reng “A o Babalesegile mo Dikotsing Tsa Tsela?” mo makasineng wa Tsogang! wa September 8, 2002.