LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/09 ts. 11-13
  • Go Kgweetsa—Kafa o ka Nnang o Babalesegile ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Kgweetsa—Kafa o ka Nnang o Babalesegile ka Teng
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ✔Itshekatsheke
  • ✔Sekaseka Bokgoni Jwa Gago
  • ✔Sekaseka Koloi ya Gago
  • Rotlhe re Tshwanetse go Nna le Seabe go Dira Gore Legae le Nne le le Phepa
    Tsogang!—2005
  • A ke Tlogele go Kgweetsa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Kafa o ka Tilang Dikotsi Tsa Koloi ka Gone
    Tsogang!—2011
  • A o Babalesegile mo Dikotsing Tsa Tsela?
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 7/09 ts. 11-13

Go Kgweetsa—Kafa o ka Nnang o Babalesegile ka Teng

LE FA gone batho ba le dimilione gompieno ba tsaya go kgweetsa koloi e le selo se motho a tshwanetseng go itse go se dira, go na le dikotsi tsa gone. Go fopholediwa gore batho ba ba fetang 1 200 000 ba swa mo dikotsing tsa dikoloi ngwaga le ngwaga mo lefatsheng lotlhe! Ka jalo, a go ka se nne molemo go ithuta go kgweetsa ka tsela e e babalesegileng? Mma re sekaseke dikgato dingwe tse di molemo tse re ka di dirisang.

✔Itshekatsheke

Pego nngwe ya lokwalopaka lwa Australian Journal of Social Issues e ile ya bolela gore nngwe ya dikgato tse di botlhokwa thata tse mokgweetsi a ka di tsayang go fokotsa dikotsi tse di ka bakang dintsho ke go tokafatsa tsela e a itshwarang ka yone fa a kgweetsa. Ka jalo, pele ga mokgweetsi a simolola loeto lwa gagwe, a ka nna a ipotsa gore, ‘A boemo jwa me le maikutlo a me a siametse gore nka kgweetsa?’ Letsapa le ka dira gore mogopolo wa motho o nne bonya mme a se ka a tsibogela dilo ka bonako. Land Transportation Office ya kwa Philippines e umaka kgalefo, tlhobaelo le boitumelo e le maikutlo a a ka amang tsela e motho a kgweetsang ka yone le gore dilo tseno di ka dira gore motho a dire ditshwetso tse di seng botlhale le e leng go baka dintwa mo ditseleng.

Seemo sa mmele wa motho le sone se tshwanetse sa akanyediwa, ka gonne malwetse mangwe le dikgobalo dingwe di ka kgoreletsa bokgoni jwa motho jwa go kgweetsa ka tsela e e babalesegileng. Mokgweetsi yo o tlotlang matshelo a batho ba bangwe a ka se ka a tsena mo tseleng fa bokgoni jwa gagwe jwa go kgweetsa bo kgorelediwa ke bojalwa. Diokobatsi dingwe kgotsa melemo mengwe le yone e ka ama tsela e mokgweetsi a tla tsibogang ka yone fa a kgweetsa. Mo maemong mangwe, go ka nna botlhale go emisa loeto kgotsa go kopa motho yo mongwe go kgweetsa.

✔Sekaseka Bokgoni Jwa Gago

E re ka palo ya dikoloi e ntse e oketsega segolobogolo mo dinageng tse di tlhabologang, palo ya bakgweetsi ba basha ba ba se nang maitemogelo le yone e a oketsega. Ka jalo, go molemo go akanya ka dilo tse pedi tse mokgweetsi mongwe le mongwe a tshwanetseng go di dira e le gore a tile dikotsi.

Kgweetsa ka kelotlhoko! Nna o ntshitse matlho dinameng, lebelela dilo tse di ka bakang dikotsi mo tseleng tse di ka diregang kwa pele le kwa morago ga gago mme o bo o nna o akantse ka se bakgweetsi ba bangwe ba ka nnang ba se dira—go akaretsa le dilo tse di phoso. E re ka palo e kgolo ya go thulana ga dikoloi e bakiwa ke go bo koloi e nngwe e setse e nngwe morago gaufi thata, mokgweetsi yo o botlhale o tla boloka sekgala se se babalesegileng fa gare ga koloi ya gagwe le tse dingwe.

Tlhokomela matlhakore a a sa bonaleng sentle le dilo tse di ka go itayang tsebe. Retolosa tlhogo go bona se se diragalang go go dikologa mme o se ka wa ikaega fela ka diipone. Tila dilo tse di ka go itayang tsebe fa o ntse o kgweetsa. O se ka wa dira dilo tse dintsi ka nako e le nngwe—tse di jaaka go bua mo founong kgotsa go dirisa didirisiwa tse dingwe, tse di ka go itayang tsebe.

Fa o kgweetsa sekuta: Balaodi bangwe ba re mo kilometareng nngwe le nngwe go ka direga ka makgetlho a le 37 gore mokgweetsi wa sekuta a swe mo kotsing go feta mopalami wa koloi. O ka dira eng gore o itshireletse? Mokgweetsi wa sekuta le ene o tshwanetse go latela dikgato tse pedi tse di umakilweng fa godimo. Mo godimo ga moo, Motorcycle Safety Foundation ya United States ya re: “Dira gore o bonale.” Tlhomamisa gore batho ba bangwe ba kgona go go bona. Tshuba dipone tsa gago tsa kwa pele. O se ka wa kgweetsa mo bakgweetsi ba bangwe ba ka se go boneng teng. “Apara ka tsela e e babalesegileng.” Rwala helemete le diaparo tsa mmala o o bonalang, tse di ka go sireletsang. “Kgweetsa ka kelotlhoko thata.” Ipolelele gore ba bangwe ga ba kgone go go bona, mme o bo o kgweetsa ka tsela e e supang seo.

✔Sekaseka Koloi ya Gago

Mokgweetsi o tshwanetse go nna kelotlhoko ka metlha mme koloi ya gagwe e tshwanetse go nna mo seemong se se siameng. Mariki mmogo le dikarolo dingwe tsa koloi di tshwanetse go nna mo seemong se se siameng thata. Dithaere di tshwanetse go nna le metlhala e e bonalang sentle go fokotsa go relela le fa tsela e le metsi. Moya o o lekaneng mo dithaereng o tla tokafatsa tsela e motho a laolang koloi ka yone le kafa a dirisang mariki ka teng. Bontsi jwa dikoloi gompieno di na le mabanta. Mabanta ano ga a thuse sepe fa motho a sa a bofe.

Kgweetsa koloi ya gago go ya kafa maemo a leng ka teng. Ditsela tse di metsi, segolobogolo tse di nang le aese kgotsa kapoko, di ama nako e o tla e tsayang go ema le tsela e o laolang koloi ka yone. Fa o kgweetsa bosigo, dipone tsa kwa pele di tshwanetse go bolokiwa mo seemong se se siameng mme o tshwanetse wa fokotsa lobelo. E re ka botshelo e le mpho e e tswang kwa Modimong, go a tshwanela gore re dire se re ka se kgonang go sireletsa matshelo a rona, go akaretsa le go ithuta go kgweetsa ka tsela e e babalesegileng.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 13]

KGWEETSA KA TSELA YA GO SOMARELA

◼ Kgweetsa ka thelelo: Fa o nna o oketsa lobelo e bile o nna o gata mariki o senya lookwane.

◼ Tila go tlogela enjene e duma: Dikoloi gompieno gantsi ga di tlhoke go thutafadiwa pele ga di kgweediwa. Fa e le gore koloi e tla bo e eme nako e e fetang halofo ya motsotso, tima enjene.

◼ Boloka moya wa dithaere o siame: Dithaere tse di pompetsweng moya o o lekaneng di tsamaya ka thelelo mme seno se fokotsa thata lookwane lo lo dirisiwang.

◼ Fokotsa lobelo: Go kgweetsa ka lobelo lo lo kwa godimo go kotsi e bile go ka dirisa lookwane lo lontsi.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

❏ Nna o ntshitse matlho dinameng

❏ Bofa lebanta

❏ O se ka wa dira dilo tse dintsi ka nako e le nngwe

❏ Tila dilo tse di ka go itayang tsebe

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

❏ Ela tlhoko matlhakore a a sa bonaleng sentle

❏ Mariki a tshwanetse go nna mo seemong se se siameng

❏ Moya o o lekaneng mo dithaereng

❏ Metlhala ya dithaere e e bonalang sentle

❏ Latela dikoloi tse dingwe ka sekgala se se babalesegileng

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

❏ “Apara ka tsela e e babalesegileng”

❏ “Dira gore o bonale”

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

❏ Sekaseka dipone tsa kwa pele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela