Motswako O O Kotsi
“BOTHATA jo bo masisi,” go ne ga itsise jalo tautona Bush wa U.S. “Seemo se se tsitsibanyang mmele sa dilo,” go ne ga bolela jalo The Star ya Afrika Borwa. “Leroborobo,” go ne ga bega jalo U.S.News & World Report. “Petso mo setšhabeng,” go ne ga rialo moagi mongwe yo o tshwenyegileng.
A ba bua kaga megare e e tshosang ya AIDS? Nnyaa, mme ba bua kaga mofuta o mongwe wa sebetso se mo mafatsheng ka bontsi gompieno se amang batho ba bantsi go feta ba ba angwang ke AIDS. Ke sefe? Matswela a motswako o o kotsi: go nwa le go kgweetsa.
Lefatshe ka bophara, batho ba ka nna 300 000 ka ngwaga ba swa mo dikotsing tsa dikoloi. Mo bathong ba ba dimilione ba ba gobalang, ba le dikete tse di masomesome mo go bone ba nna digole botshelo jotlhe jwa bone. Go nna le ditshenyegelo tsa madi a a kana ka diranta tse di dimilione tse di diketekete di le dintsi ngwaga le ngwaga. Karolo e kgolo ya seno e tsalwa ke dikotsi tse di bakiwang ke bojalwa.
Mo lesomeng la dingwaga leo le felang ka 1990, batho ba ka nna 100 000 ba ile ba swa ka ntlha ya AIDS kwa United States. Mme lefa go ntse jalo mo go tsone dingwaga tse di lesome tseo, go sule batho ba ka nna 250 000 ba swa mo dikotsing tsa dipalangwa tse di bakilweng ke bojalwa. AIDS gantsi e ama ka tlhamalalo motho yo o nang le boitsholo jo bo repileng jwa kafa dikobong le motho yo o dirisang diokobatsi ka go itlhaba ka tsone mo ditshikeng. Mme lefa go ntse jalo mokgweetsi yo o tagilweng ke bojalwa a ka bolaya eseng motho yo o noleng thata fela mme le eleng motho fela yo o senang molato yo o ka tswang a le foo.
Go tswakanya go nwa le go kgweetsa gantsi go bakela batho mofuta o o setlhogo go e feta yotlhe wa loso ba sa solofela, mme go kgaoganya malapa. Go gapela batsadi bana ba bone, bana batsadi ba bone, go bo go gapele banyalani balekane ba bone.
Maiteko a go Kganela Leroborobo
Go dirwa maiteko a le mantsi go kganela leroborobo leno le le nang le tshenyo e kgolo. Kwa United States, makgotla a e seng a puso a a ntseng jaaka RID (Remove Intoxicated Drivers [Tlosang Batho Ba Ba Kgweetsang Ba Nole]) le MADD (Mothers Against Drunk Drivers [Bommè Ba Ba Kgatlhanong le Batho Ba Ba Kgweetsang Ba Tagilwe]) a ile a simolola maiteko a ka one go sedimosetswang setšhaba. Go na le dithulaganyo tsa Stop-DWI (Driving While Intoxicated [Thibelang go Kgweetsa O Nole]). Makgotla a a ntseng jalo a teng le kwa dinageng tse dingwe. A thusa batho ba ba amegileng malebana le ditshwanelo tsa bone mme a rotloetsa gore go nne le diphetogo mo molaong.
Makgotlana ao a tlhomamisang gore molao o a diragadiwa a dira maiteko a a oketsegileng a go tshwara batho ba ba kgweetsang ba tagilwe, ba ba tshwara ka go dirisa dilo tse di tshwanang le mafelo a mo go one go tlhatlhobiwang batho go bona gore a ga ba a nwa thata. Melao e e farologaneng e ile ya tlhomiwa eo e dirang gore bao ba rekisang dino tsa tagi ba tshwanelwe ke go sekisiwa. Le eleng mabati ao mo go one go bontshiwang dilo tse di bapadiwang a dirisiwa go gakolola bakgweetsi kaga melao e e leng teng.
Palo ya Dintsho E Ntse E Gola go Ya Pele
Go sa kgathalesege maiteko ano otlhe, palo ya dintsho tse di bakiwang ke go kgweetsa motho a nole e ntse e gola go ya pele go ralala lefatshe lotlhe. Kwa Brazil go swa motho a le mongwe mo metsotsong mengwe le mengwe e le 21—eleng mo e ka nnang ba le 25 000 ka ngwaga—mo dikotsing tse di bakilweng ke bojalwa. Seo e ka nna 50 lekgolong ya dintsho tsotlhe tsa dipalangwa koo. Kwa Engelane le kwa Jeremane, mo e ka nnang nngwetlhanong ya dintsho tsotlhe tsa dipalangwa ga twe di bakiwa ke bojalwa. Kwa Mexico, go ya ka metswedi e le mmalwa ya tshedimosetso, 80 lekgolong ya dintsho tsa dikoloi tse 50 000 di diragala ka ntlha ya ‘phoso e e dirwang ke motho, eo totatota e bakiwang ke go kgweetsa motho a nole,’ go bega jalo El Universal ya Mexico City.
Go akanyediwa gore go feta 25 lekgolong ya dikgobalo tse di diragalang mo dikotsing tsa dipalangwa mo Afrika Borwa di bakiwa ke bojalwa. Kwa United States mo ngwageng fela o o tlwaelegileng, dikotsi tse di bakiwang ke bojalwa di gobatsa batho ba ka nna 650 000, ba le 40 000 ba bone ka mo go masisi; mme go swa batho ba ba fetang 23 000—mo e ka nnang sephatlo sa dintsho tsotlhe tsa dipalangwa.
Ka ntlha ya go felelwa ke tshepo mo maitekong a go thibela go kgweetsa ga motho a tagilwe ke bojalwa, go ne ga rulaganngwa DWI Victims Panel (Puisano le Ba Ba Gobaditsweng mo Dikotsing Tse Batho Ba Neng Ba Kgweetsa Ba Nole mo go Tsone) kwa Washington State, kwa U.S.A. Jaanong seno ke karolo ya ditsamaiso tsa boatlhodi fa go atlholwa batho bao ba nang le molato wa go kgweetsa ba le kafa tlase ga tlhotlheletso ya tagi. Thulaganyo eo jaanong e dirisiwa mo dikarolong di le dintsi tsa naga eo. Maikaelelo a yone ke go dira gore badiramolato ba bone ka tlhamalalo diphelelo tse di masisi tsa go nwa ga bone ga bofafalele. Dikgotlatshekelo di atlholela bao ba leng molato wa go baka kotsi gore ba reetse batho ba ba amegileng mo kotsing le maloko a malapa a bone e le gore ba lemotshiwe ditlamorago tse di botlhoko tseo di ileng tsa nna teng ka ntlha ya seo. Tsogang! e ne ya lalediwa gore e bogele nngwe ya dipuisano tse di ntseng jalo.
[Motsewdi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
Dominic D. Massita, Sr./Accident Legal Photo Service of New York