Dikarata Tsa Sekoloto—A di Tla go Thusa Kgotsa di Tla go Raraetsa?
“KGWEDI le kgwedi fa ke bula setatamente sa karata ya me ya sekoloto ke tsipoga mmele,” go rialo morutabana mongwe wa Seesemane wa kwa United States. “O fitlhela ke garolwa pelo ke madi a ke tshwanetseng go a duela jaaka e kete motho mongwe o sele mo teng ga me o ile a nnela go rekakaka kwa mabenkeleng a ditshamekisi, mabenkele a didirisiwa, mabenkele a magolo le kwa diteisheneng tsa peterolo.”
Dolores le ene o na le go iphitlhela fela a kgamilwe ke dikoloto. A re: “Go dirisa dikarata tsa sekoloto ga go matsapa. Ke ne ke ka se dirise madi a mmatota jalo. Mme go reka dilo o dirisa dikarata tsa sekoloto ga go a nna jalo. Ga o bone madi ao ka matlho. Se o se dirang fela ke go ba naya karata ba bo ba go e busetsa.”
Ga go gakgamatse go bo palogotlhe ya madi a a neng a kolotiwa dikarata tsa sekoloto kwa United States ka June 1995 e ne e le didolara di le dimilione di le 195 200 (diranta di le dimilione di le 849 120)—palogare ya go feta $1000 (R4 350) mo mothong mongwe le mongwe yo o nang le karata! Lefa go ntse jalo, dikhampani tsa dikarata tsa sekoloto di santse di ngoka badirisi ba basha ka dilo tse di jaaka gore kwa tshimologong ba tla ba duedisa morokotso o monnye fela le gore ga ba ne ba duedisiwa madi ape a a duelwang ka ngwaga. Mo dikgweding tsa bosheng jaana o setse o etetswe ke batho ba le kae ba ba tsamayang ba ngoka batho gore ba dire dikarata tsa sekoloto? Lelapa fela le le tlwaelegileng kwa United States le etelwa ke ba le 24 ngwaga le ngwaga! Kwa United States ka 1994 motho yo o nang le dikarata tsa sekoloto o ne a dirisa tse di lesome go reka ka sekoloto se se fetang se a neng a rekile ka sone ngwaga pele ga oo ka diperesente di le 25.
Kwa Japane, dikarata tsa sekoloto di feta difouno ka bontsi; mo e ka nnang Mojapane mongwe le mongwe wa dingwaga tse di fetang 20 o na le palogare ya dikarata tse pedi. Kwa Asia yotlhe, go dirwa dikarata tse di fetang dimilione di le 120, e batla e nna moagi a le 1 mo go bangwe le bangwe ba teng ba le 12. James Cassin wa MasterCard International a re: “Mo Asia go dirwa dikarata tsa sekoloto ka dipalo tse di golang ka lobelo lo logolo go gaisa kwa mafelong a mangwe.” Poresidente wa Visa International, e bong Edmund P. Jensen o bonela dilo pele jaana: “Go tla feta lobaka lo loleele re le naga e e nang le dikarata tse dintsi.”
Dikarata tsa sekoloto di tla nna di ama matshelo a batho fela thata. Fa di dirisiwa sentle di ka nna mosola tota. Lefa go ntse jalo, fa di sa dirisiwe sentle di ka loma botlhoko. Go nna le kitso ya motheo ka dikarata tsa sekoloto go ka go thusa gore o dirise sedirisiwa seno sa madi ka tsela e e tla go solegelang molemo.
Mefuta ya Dikarata
Dikarata tse di ratiwang thata ke dikarata tsa banka tse di jaaka Visa le MasterCard. Dikarata tseno di dirwa ke ditheo tsa madi mme di duelwa madi a a rileng ka ngwaga, gantsi e nna R65 go ya go R110 ka ngwaga. Ka dinako tse dingwe madi ao a a phimolwa go ikaegile ka tsela e modirisi a ntseng a duela dikoloto ka yone le kafa a ntseng a e dirisa ka teng. Motho a ka duela madi otlhe kgwedi nngwe le nngwe, gantsi ga a duedisiwe morokotso, kgotsa motho a ka a duela ka go a ripola kgwedi nngwe le nngwe a tla a duedisiwa morokotso o le montsinyana. Mong o beelwa gore a reke ka selekanyo se se kana kang go ikaegile ka tsela e a ntseng a duela ka yone. Gantsi selekanyo seo se a okediwa fa a itshupile a duela sentle.
Dikarata tsa banka le tsone di na le thulaganyo ya go letla motho go adima madi ka go a goga a dirisa motšhini wa banka kana ditšheke tsa banka eo. Lefa go ntse jalo go amogela madi ka tsela eno go ja madi a mantsi. Gantsi motho o duedisiwa madi a a magareng ga R2 le R5 mo R100 nngwe le nngwe e a e adimang. Motho o duedisiwa morokotso wa madi a o a adimileng go tloga ka letsatsi le a gogang madi ka lone.
Kwantle ga dibanka, mabenkele a le mantsi le mabenkele a magolo a a dirisanang a na le dikarata tsa one tsa sekoloto tse di dirisiwang fela mo go one. Gantsi dikarata tseo ga di duelwe madi ape ka ngwaga. Lefa go ntse jalo, fa o sa duele madi otlhe a o tshwanetseng go a duela, ba ka go duedisa morokotso o montsinyana go feta wa dikarata tsa banka.
Dikhampani tsa oli le tsone di dira dikarata tsa sekoloto tse di sa duediseng madi ape ka ngwaga. Gantsi dikarata tseo di dirisiwa fela mo diteisheneng tsa dikhampani tseo tsa peterolo mme ka dinako tse dingwe le mo dihoteleng dingwe. Fela jaaka dikarata tsa mabenkele, di letla motho go duela madi otlhe di sa mo duedise morokotso kana a ka di duela mo lobakeng lo lo rileng di tla di mo duedisa morokotso.
Gape go na le dikarata tsa mesepele le tsa dilo tsa boitlosobodutu, tse di jaaka Diners Club le American Express. Mofuta ono wa karata o duelwa madi a a rileng ka ngwaga mme fela ga o duedise motho morokotso ope ka gonne motho o tshwanetse go duela madi otlhe a a a kolotang ka nako e a amogelang tshupasekoloto ya gagwe ya kgwedi le kgwedi ka yone. Lefa go ntse jalo, dikarata tseno ga di farologane go le kalo le dikarata tsa banka. Ka sekai, American Express e direla batho karata ya Optima e e duedisang batho morokotso o o rileng mme e tshwana le karata ya banka.
Mofuta wa karata o o sa tshwaneng le e mengwe o o santseng o simolola kwa United States ke o go tweng ke smart card, o bidiwa jalo ka ntlha ya sekete nngwe ya khomputara e e tsentsweng mo go yone. E ka dirisiwa e le karata e o gogang madi ka yone ka gonne e na le sekete e mo go yone modirisi a ka supang tlhwatlhwa ya madi a o a batlang. Mme morekisi a ka kgona go goga madi a selo se se rekwang go tswa mo go yone. Mo ngwagatlola o o fetileng, Bafora ba ne ba setse ba dirisa di-smart card di le dimilione di le 23, Bajapane bone di le dimilione di le 11. Go ile ga bonelwa pele gore e tla re mo ngwageng wa 2000 palo ya dikarata tseno mo lefatsheng lotlhe e bo e setse e tlodile dimilione di le sekete.
Go ka nna botlhale gore motho a akanyetse ditumalano tse di dirwang malebana le go dira sekoloto pele ga a nna le karata. Go ya ka boroutšhara nngwe e e gatisitsweng ke Federal Reserve System of the U.S. Government, “dilo tsa botlhokwatlhokwa tse di amanang le sekoloto tse o tshwanetseng go di tsaya tsia ke, diperesente tsa selekanyo sa dituelo ka ngwaga (APR [annual percentage rate]), madi a o a duelang ka ngwaga, nako e o ka duelang ka yone mme o sa duedisiwe madi ape a a oketsegileng.” Dilo tse dingwe tse o ka di akanyetsang ke madi a o a adimiwang le madi a o a duelang fa o rekile go feta selekanyo se o se beetsweng mmogo le madi a o a duedisiwang fa o duetse thari.
Madi A o A Duedisiwang—A Kana Kang?
Madi a a oketsegileng a batho ba ka a duedisiwang fa ba sa duele madi a ba tshwanetseng go a duela ka kgwedi a ka nna mantsi thata go feta kafa ba ka akanyang ka teng. Ka sekai, akanya ka APR e e leng selekanyo sa madi a tota o a kolotang. Tsela e selekanyo sa morokotso o motho a o duelang ka ngwaga se amanang ka yone le APR e ka tshwantshiwa jaana. Mma re re o adimile tsala ya gago R100 mme o go e duela ka go go naya R108 kwa bofelong jwa ngwaga. Fa go ntse jalo, tsala ya gago e go duela morokotso wa diperesente di le 8 ka ngwaga. Mme a re re o go duela R100 eo ka go go naya R9 ka kgwedi mo dikgweding tse 12. Madi ao otlhe kwa bofelong jwa ngwaga e tla bo e ntse e le R108, lefa go ntse jalo, wena yo o mo adimileng, o ile wa nna wa dirisa madi ao fa a ntse a go a duela kgwedi nngwe le nngwe. APR ya madi a a adimilweng jalo e balwa e le diperesente di le 14,5!
Go ya ka patlisiso e e dirilweng ke U.S. Federal Reserve System ngwagatlola, di-APR tsa dikarata tsa sekoloto tsa dibanka di simolola ka diperesente di le 9,94 go ya go diperesente di le 19,80 mme gantsi di magareng ga diperesente tse 17 le 19. Lefa gone ditheo dingwe di duedisa motho madinyana a mannye fela fa a santse a simolola, gantsi e le diperesente tse 5,9, di ka nna tsa a oketsa fa nako eo ya fa a santse a simolola e sena go feta. Gape madi ao a ka tlhatlosiwa fa setheo seo se ka lemoga gore se ka nna sa latlhegelwa. Ditheo dingwe di otlhaya batho ba ba duelang thari ka go ba duedisa selekanyo sa morokotso se se ntsinyana. Gape ba otlhaya motho fa a tlodile selekanyo se a tshwanetseng go reka ka sone.
Kwa dinageng tsa Asia, madi a diperesente tsa selekanyo sa dituelo ka ngwaga sa dikarata se ka nna kwa godimo tota. Ka sekai, dikarata tsa dibanka dingwe di duedisa batho diperesente di le 24 kwa Hong Kong, diperesente di le 30 kwa India, diperesente di le 36 kwa Indonesia, diperesente di le 45 kwa Philippines, diperesente di le 24 kwa Singapore le diperesente di le 20 kwa Taiwan.
Go a bonala he gore, dikarata tsa sekoloto di tlhofofaletsa motho dilo, mme lefa go ntse jalo, di ja madi a mantsi thata. Go tsena mo lebenkeleng o rekakaka dilo ka karata ya sekoloto mme o tlile go di duelela fela ka go ripola madi a tsone go sekae go tshwana le go tsena mo bankeng o fitlha o adima madi ka tlhwatlhwa e ntsintsi fela. Lefa go ntse jalo, mo e batlileng e nna batho ba le 3 mo go ba le 4 ba ba nang le dikarata tseno kwa United States ba dira sone fela seo! Ba tlogela madi a ba tshwanetseng go a duela a oketsega thata ba sa a duele mo ba lebanwang ke go duela morokotso o montsi thata. Kwa United States, ngwagatlola palogare ya madi a a neng a tshwanetse go duelwa Visa le MasterCard ka kgwedi e ne e le $1825 (R7940), mme bontsi jwa batho bo ne bo kolota dikarata di le dintsinyana one madi a a kalo.
Serai Se se Ka go Raraetsang
Ruth Susswein yo e leng motsamaisimogolo wa Bank Cardholders of America a re beng ba dikarata ga ba lemoge mathata a magolo a madi a ba ka itsenyang mo go one. O tlhalosa gore mong wa karata yo ka kgwedi a duelang tuelo e nnye go di gaisa tsotlhe—$36 (R157)—mo sekolotong se a tshwanetseng go se duela karata ya sekoloto sa $1825 (R7940), go tla mo tsaya dingwaga tse di fetang tse 22 gore a kgone go se duela sotlhe.a Ka ntlha ya morokotso o o oketsegileng o modirisi a tla o duelang mo lobakeng loo, o tla duela mo e ka nnang $10 000 (R43 500) mo sekolotong seo sa $1825 (R7940)! Go nna jalo fa e le gore ga a ne a duedisiwa selo sepe se sele mo karateng eo! Ka jalo, fa e le gore o itlwaeditse go reka go feta selekanyo, dikarata tsa sekoloto tse di mo sekgwameng sa gago di ka nna serai.
Serai seno se tshwara batho jang? Robert yo o ileng a umakiwa mo setlhogong se se simololang a re: “Re ne ra reka dilo tse re sa di tlhokeng. Re ne ra ikwadisa mo tlelapeng ya go itshidila mmele e re neng re se ke re ya kwa go yone. Re ne ra reka kharabane mme ra dirisa diketekete tsa didolara re leka go e baakanya re sa sekaseke gore a go a tlhokega. Tota ruri re ne re sa akanye ka ditlamorago tsa dikoloto tseo.”
Reena yo le ene a umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o tlhalosa se se ileng sa diragalela ene le monna wa gagwe e bong Michael: “Re ne ra iphitlhela fela re wetse mo dikolotong. Morago ga lenyalo re ne re reka sengwe le sengwe se re neng re se tlhoka re dirisa karata ya sekoloto. Re ne re tle re duele madi a diinshorense le dilo tse re ka se keng re dirise dikarata mo go tsone ka go kopa gore ba goge madi a tsone mo dikarateng tsa rona tsa sekoloto. Mo lobakeng lwa ngwaga fela sekoloto sa rona se ne se fitlhile go $14 000 [R60 900]. Re ne ra thantshiwa ke fa re lemoga gore bontsi jwa madi a re neng re a duela kgwedi le kgwedi a ne a duelela morokotso fela.”
A ke O Nne le Dikarata?
Morago ga go sekaseka mathata a magolo a madi a dikarata tsa sekoloto di tleng di wetse dimilione tsa batho mo go one, bangwe ba ka araba ka go re nnyaa. Daphne wa dingwaga tse 32 a re: “Batsadi ba me ga ba ise ba ko ba nne le karata ya sekoloto e bile ga ba e batle.” Tota e bile, motho a le 1 mo go ba le 4 ba ba nang le dikarata kwa United States o dirisa karata ya gagwe ya sekoloto ka botlhale. E mo solegela molemo kwantle ga go utlwisiwa botlhoko ke go duela madi a mantsintsi a merokotso. Maria ke mongwe wa batho bao. A re: “Ke rata tsela e e imololang motho matsapa ka teng. Ga go tlhokege gore ke tsamaye ke tshotse madi a mantsintsi. Fa ke fitlhela sengwe se ke se tlhokang se rekisiwa ka sesolo, ke kgona go se reka.”
Maria o tswelela pele a re: “Ka metlha ke tlhomamisa gore ke aga ke na le madi a a lekaneng a a ka duelelang selo se ke se rekang. Ga ke ise ke tsamaye ke reke dilo ka sekoloto se ba gogang madi a sone moragonyana. Mme e bile ga ke ise nke ke duedisiwe madi ape a a oketsegileng.” Go dirisa karata ya sekoloto go beeletsa manno kwa hoteleng go ka go fokoletsa matsapa a mantsi e bile kwa United States karata ya sekoloto e a tlhokega fa motho a hira koloi.
Lefa go ntse jalo, batho bangwe ga ba kgone go ikgapa fa ba reka. Ba ka nna ba kgona go nna kelotlhoko fa ba reka ba dirisa madi. Michael le Reena ba ne ba sa batle go tshelela mo dikolotong. Ka jalo ba ne ba swetsa ka gore ba fetse dingwaga tse tlhano ba sa dirise karata epe—kwantle fela ga mo maemong a tshoganetso.
Gore a o tlhopha go dirisa dikarata tsa sekoloto ke tshwetso e o tla itirelang yone ka bowena. Mme fa o swetsa jalo, di dirise ka kelotlhoko. Di dirise gore di go fokoletse matsapa. Mme leka ka bojotlhe gore o tile go ikgama ka dikoloto. Go laola tsela e o rekang ka karata ya sekoloto ka yone ke kgato e e botlhokwa e e ka go thusang go dirisa madi a gago ka katlego. Akanyetsa dilo tse dingwe tse o ka di dirang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Madi a mannye go gaisa otlhe a o ka a duelang e ka nna $10 (R44) kana tlhwatlhwa e e ka lekanang le diperesente di sekae tsa madi a a salang fa o fetsa go duela, mme mangwe le mangwe a one a a bo a oketsegile.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Go dirisa dikarata tsa sekoloto ga go matsapa—go fitlha tshupasekoloto e goroga