Dithulaganyo Tsa go re Thusa go Ithiba mo Mading
Baboledi ba ba kolobeditsweng, ba e leng gore mo nakong e e fetileng ba ile ba tlatsa karata ya Advance Medical Directive/Release (md) kgotsa Identity Card (ic) e e sa kwalwang letlha le e gatisitsweng ka lone kgotsa e e bontshang gore e gatisitswe ka letlha la 3/99, ga ba ne ba tlhoka go tlatsa e nngwe gape monongwaga. Ka Pokano ya Tirelo ya beke ya January 26, mokwaledi o tshwanetse a dira gore go bo go na le dikarata tse di lekaneng baboledi ba ba sa tswang go kolobediwa bosheng, bana ba bone, le bao ba tlhokang go tlatsa tse disha. Fa phuthego e se na dikarata tse di lekaneng, mokwaledi a ka tlhola mo diphuthegong tse di fa gaufi kgotsa a kopa dikarata tse di oketsegileng mo kopong e e latelang ya dibuka.
Dikarata tseno di tshwanetse tsa tladiwa sentle kwa gae mme DI SE KA tsa saeniwa. Mo Thutong e e latelang ya Buka ya Phuthego, dikarata tseno di tshwanetse go saeniwa ke mong wa karata le basupi ba gagwe di bo di kwalwa le letlha, mme molebedi wa thuto ya buka o tla thusa fa go tlhokegang gone. Ba ba saenang e le basupi ba tshwanetse ba bona fa mong wa karata a e saena.
Baboledi ba ba sa kolobediwang ba ka ikwalela dikarata tsa bone le bana ba bone ba dirisa mafoko a a mo karateng ya Advance Medical Directive/Release le Identity Card.