A o Diega go e Tlatsa?
Go tlatsa eng? Go tlatsa karata ya DPA (durable power of attorney) e e diretsweng Basupi ba ba kolobeditsweng. E re ka o sa ‘itse se botshelo jwa gago e tla bong e le sone ka moso,’ go botlhokwa thata gore o dire tshwetso go sa le gale o bo o kwale gore ke mekgwa efe ya kalafi e o ka e amogelang fa go tlhaga maemo a tshoganyetso a kalafi. (Jak. 4:14; Dit. 15:28, 29) Bidio ya Transfusion-Alternative Health Care—Meeting Patient Needs and Rights e diretswe go go thusa go dira jalo. Lebelela bidio eno mme ka thapelo o boeletse se o se ithutileng mo go yone ka go dirisa dipotso tse di fa tlase fano.—Ela tlhoko: E re ka bidio eno e nna e tlhagisa ka bokhutshwane ditshwantsho tse go dirwang dikaro mo go tsone, batsadi ba tshwanetse go dirisa temogo gore a ba tla lebelela bidio eno le bana ba bone ba babotlana kgotsa nnyaa.
(1) Ke eng fa bangwe ba tsa kalafi ba fetola maikutlo a bone malebana le kgang ya go tshela madi? (2) Umaka dikai di le tharo tsa dikaro tse di raraaneng tse di ileng tsa dirwa go sa tshelwe madi. (3) Go na le dingaka di le kae mo lefatsheng lotlhe tse di iketleeditseng go thusa go alafa balwetse kwantle ga go ba tshela madi? Ke eng fa ba iketleeditse go dira jalo? (4) Dipatlisiso tsa bosheng tsa dikokelo di senotse eng malebana le kgang ya go dirisa madi? (5) Go na le dikotsi dife tsa kalafi tse di amanang le go tshelwa madi? (6) Baitse ba le bantsi ba tsa kalafi ba ile ba fitlhelela ditshwetso dife malebana le melemo ya go dirisa mekgwa e sele ya kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone? (7) Ke eng se se bakang bothata jwa go tlhaela ga disele tse dikhibidu tsa madi? Mmele wa motho o kgona go itshokela selekanyo se se kana kang sa go tlhaela ga disele tseno? Ke eng se se ka dirwang go thusa molwetse yo o nang le bothata jono? (8) Mmele wa molwetse o ka thusiwa jang gore o kgone go oketsa selekanyo se o tlhagisang disele tse dikhibidu ka sone? (9) Go dirisiwa mekgwa efe go fokotsa selekanyo sa go dutla ga madi a mantsi ka nako ya karo? (10) A mekgwa mengwe ya kalafi e mo go yone motho a sa tshelweng madi e ka bereka le mo baneng ba babotlana kgotsa mo bathong ba ba mo seemong se se kotsi thata sa tshoganyetso? (11) Nngwe ya melaometheo e e botlhokwatlhokwa ya tlhokomelo e e molemo ya kalafi ke ofe? (12) Ke eng fa go le botlhokwa gore Bakeresete ba dire tshwetso go sa le gale malebana le kalafi e motho a sa tshelweng madi mo go yone? Re ka dira seno jang?
Kgang ya gore motho o tla dumela gore go dirisiwe mekgwa mengwe ya kalafi e e tlhagang mo bidiong eno ke tshwetso e mongwe le mongwe a tshwanetseng go itirela yone ka boene go ya ka segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele. A o setse o dirile tshwetso ya gore ke kalafi efe e wena le bana ba gago lo ka e amogelang mme lo bo lo tlatsa karata ya DPA? Go bona tlhaloso e e feletseng malebana le dikgang tseno boeletsa ka kelotlhoko kgaolo 7 ya buka ya “Lorato Lwa Modimo” le ditshupiso tse di bontshitsweng foo. Bona gape le tsenyeletso e e nang le setlhogo se se reng “Ke Leba Jang Dikarolwana Tsa Madi le Kalafi e go Dirisiwang Madi A me Mo go Yone?” mo kgatisong ya January 2007 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Sa bofelo, tlhomamisa gore o ile wa kwala sentle se o batlang gore se dirwe mo karateng ya gago ya DPA. O tshwanetse go itsise ka botlalo batho ba o ba tlhophileng go nna babueledi ba gago ba tsa kalafi le ba lelapa la gago ba e seng Basupi ka ditshwetso tseno tse o di dirileng.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 3]
• A o dirile tshwetso ya gore ke mekgwa efe ya kalafi e wena le bana ba gago lo ka e amogelang?
• A o tsamaya o tshwere karata ya DPA e e tladitsweng ka botlalo gore e dirisiwe fa go ka tlhaga maemo a tshoganyetso?