E Beye Sentle
Ke Leba Jang Dikarolwana Tsa Madi le Kalafi e go Dirisiwang Madi A me Mo go Yone?
Baebele e laela Bakeresete gore ba “ithibe mo . . . mading.” (Dit. 15:20) Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba amogele go tshelwa madi a feletse kgotsa dikarolo di le nnè tse dikgolo tsa madi—e leng disele tse dikhibidu tsa madi, disele tse ditshweu tsa madi, dipolatelete le polasema. Gape ga ba abe madi a bone kgotsa go a boloka gore ba tle ba a tshelwe moragonyana.—Lefi. 17:13, 14; Dit. 15:28, 29.
Dikarolwana tsa madi ke eng mme ke ka ntlha yang fa go di dirisa e le selo se Mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetseng go itirela tshwetso mo go sone?
Dikarolwana tsa madi ke dilo tse dinnye tse di tswang mo mading tse di ntshiwang go dirisiwa mokgwa wa go kgaoganya madi ka dikarolwana tsa one o o bidiwang fractionation. Ka sekai, polasema, nngwe ya dikarolo di le nnè tse dikgolo tsa madi, e ka kgaoganngwa ka dikarolo tse di latelang: metsi, diperesente di ka nna 91; diporoteine, tse di jaaka di-albumin, di-globulin le fibrinogen, diperesente di ka nna 7; mme dilo tse dingwe, tse di jaaka dikotla, dihoromone, digase, dibitamine, leswe le di-electrolyte, e ka nna diperesente di le 1,5.
A dikarolwana tseno tsa madi le tsone di a akarediwa mo taelong ya gore re ithibe mo mading? Re ka se arabe ka ee kgotsa nnyaa. Baebele ga e re neye kaelo e e tlhamaletseng malebana le dikarolwana tsa madi.a Dikarolwana di le dintsi tsa madi di ntshiwa mo mading a a abilweng gore a dirisiwe mo go tsa kalafi. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go dira tshwetso e e tsamaisanang le segakolodi sa gagwe gore a o tla amogela kgotsa ga a kitla a amogela kalafi ya dikarolwana tseno tsa madi.
Fa o dira ditshwetso tse di ntseng jalo, ipotse dipotso tse di latelang: A ke a lemoga gore fa ke gana dikarolwana tsotlhe tsa madi seno se bolela gore ga nkitla ke amogela melemo mengwe, jaaka mengwe e e lwang le dibaerase le malwetse kgotsa e e dirang gore madi a gwame gore a se ka a dutla? A nka kgona go tlhalosetsa ngaka gore ke ka ntlha yang fa ke sa amogele kgotsa ke amogela go dirisa dikarolwana tse di rileng tsa madi?
Ke ka ntlha yang fa mekgwa mengwe e e akaretsang go alafiwa ka madi a me e le tshwetso e motho a tshwanetseng go itirela yone?
Le fa Bakeresete ba sa abe madi kgotsa go boloka madi a bone gore ba tle ba a tshelwe moragonyana, mekgwa mengwe kgotsa diteko dingwe tse di akaretsang go dirisiwa ga madi a motho ga di thulane ka tlhamalalo le melaometheo ya Baebele. Ka jalo, mongwe le mongwe o tshwanetse go dira tshwetso go ya ka segakolodi sa gagwe gore a o tla amogela kgotsa ga a kitla a amogela mefuta mengwe ya kalafi e e akaretsang go dirisa madi a gagwe.
Fa o dira ditshwetso tse di ntseng jalo, ipotse dipotso tse di latelang: Fa madi mangwe a me a tla bo a faposediwa ka kwa ntle ga mmele wa me mme gongwe e bile go elela ga one go emisiwa go se kae, a segakolodi sa me se tla ntetla gore ke tseye madi ano e sa ntse e le karolo ya mmele wa me, mme ka gone go sa tlhokege gore a ‘tshololelwe fa fatshe’? (Dute. 12:23, 24) A segakolodi sa me se se thapisitsweng ka Baebele se tla tshwenyega fa ka nako ya fa ke alafiwa go ka tsewa mangwe a madi a me, a ka fetolwa ka tsela nngwe a bo a busediwa gape mo mmeleng wa me? A ke a lemoga gore fa ke gana mekgwa yotlhe ya kalafi e e akaretsang go dirisa madi a me seno se kaya gore ke gana dikalafi tse di jaaka dialysis kgotsa go dirisa motšhine o o pompang madi ka nako ya karo ya pelo? A ke rapetse Modimo gore a nkaele mo kgannyeng eno pele ga ke dira tshwetso?b
Tshwetso ya me ke eng?
Lebelela diforomo tse pedi mo ditsebeng tse di latelang. Foromo ya 1 e na le lenaane la dikarolwana dingwe tse di ntshiwang mo mading le kafa gantsi di dirisiwang ka gone mo go tsa kalafi. Kwala gore a o tla amogela kgotsa ga o kitla o amogela go dirisa dikarolwana tseno. Foromo ya 2 e na le lenaane la mekgwa mengwe ya kalafi e e akaretsang go dirisa madi a gago. Kwala gore a o tla amogela kgotsa ga o kitla o amogela mekgwa eno ya kalafi. Dipampiri tseno tsa dipotso ga se tsa semolao, mme o ka dirisa dikarabo tse o di kwadileng mo dipampiring tseno go go thusa go tlatsa karata ya gago ya DPA (durable power of attorney).
O tshwanetse go itirela ditshwetso. Ga o a tshwanela go letla mongwe o sele go go direla ditshwetso tseno. Ka tsela e e tshwanang, ga go na ope yo o tshwanetseng go nyatsa ditshwetso tsa Mokeresete yo mongwe. Mo dikgannyeng tseno, “mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe” wa boikarabelo.—Bagal. 6:4, 5.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tshedimosetso e e botlhokwa ka kgang eno e mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 15, 2004, tsebe 29-31.
b Tshedimosetso e e botlhokwa ka kgang eno e mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 15, 2000, tsebe 30-1, le bidio ya Transfusion Alternatives—Documentary Series—On DVD.
[Chart on page 5]
Foromo ya 1
BAKERESETE O TLA ITIRELA TSHWETSO
GA BA AMOGELE
MADI A A Ditshwetso Tse o
FELETSENG DIKAROLWANA TSA MADI Tshwanetseng go di Dira
POLASEMA ALBUMIN—E NA LE DIPERESENTE
DI LE 4 TSA POLASEMA
Albumin ke poroteine
e e ntshiwang mo polasemeng.
Mefuta e mengwe ya albumin
e fitlhelwa gape mo dimeleng,
mo dijong tse di jaaka mashi
le mae, le mo mashing a mmè
yo o amusang. Ka dinako tse
dingwe albumin e e tswang mo ․․ Ke amogela
mading e dirisiwa mo albumin
motswakong o o kgotsa
oketsang madi go alafa ․․ Ga ke amogele
motho yo o tshogileng le yo albumin
o sheleng thata. Motswako
ono o ka nna le diperesente
di le 25 tsa albumin.
Go dirisiwa selekanyo se
sennye thata fa go dirwa
melemo e mengwe e le mentsi,
go akaretsa le mefuta
mengwe ya erythropoietin (EPO).
DI-IMMUNOGLOBULIN—DI NA LE
DIPERESENTE DI LE 3 TSA POLASEMA
Ke dikarolwana tsa poroteine tse di ka
dirisiwang mo dikalafing
dingwe tse di lwantshang
dibaerase le malwetse,
a a jaaka dikodu tse
di tshweu, kitlano ․․ Ke amogela
ya ditlhaa, bolwetse di-immunoglobulin
jwa sebete le bolwetse kgotsa
jwa botsenwa jwa dintša. ․․ Ga ke amogele
Gape di ka dirisiwa go di-immunoglobulin
thibela malwetse mangwe
a a ka bolayang leseanyana
le le iseng le tsholwe le
go lwa le botlhole jwa
noga kgotsa segokgo.
DILO TSE DI DIRANG GORE MADI
A GWAME—DI DIRISA SEELO SE
SE KWA TLASE GA PERESENTE
E LE NNGWE YA POLASEMA
Go na le diporoteine di le
mmalwa tse di dirang
gore madi a gwame gore
a se ka a dutla. ․․ Ke amogela dilo tse di
Diporoteine dingwe gwamisang madi tse di
di newa balwetse ntshitsweng mo mading
ba ba dutlang madi kgotsa
motlhofo. Gape di ․․ Ga ke amogele dilo tse
dirisiwa mo dikgomaretsing di gwamisang madi tse
go tswala dintho le di ntshitsweng mo
go emisa go dutla ga mading
madi morago ga karo.
Sengwe sa dilo tse di
dirang gore madi a
gwame ke cryoprecipitate.
Ela tlhoko: Dilo dingwe tse
di gwamisang madi gone
jaanong di dirwa ka dilo
tse di sa tsweng mo mading.
DISELE TSE HEMOGLOBIN—E NA LE
DIKHIBIDU DISELE TSA DITSHWEU
DIPERESENTE DI LE 33
Ke poroteine e e tsamaisang
okesejene mo mmeleng
otlhe le e e isang ․․ Ke amogela hemoglobin
khabonetaeokosaete kgotsa
kwa makgwafong. ․․ Ga ke amogele
Dilo tse di dirwang hemoglobin
ka hemoglobin e e tserweng
mo mading a motho kgotsa
a phologolo di ka dirisiwa
go alafa balwetse ba ba
tlhaelang madi thata
kgotsa ba ba dutlang
madi thata.
HEMIN—E NA LE DIPERESENTE
TSE DI KWA TLASE
GA TSE 2 TSA DISELE
TSE DIKHIBIDU
Ke selo se se kgoreletsang
ensaeme se se tsewang
mo hemoglobin se se
dirisiwang go alafa
setlhopha sa malwetse ․․ Ke amogela hemin
a a sa tlwaelegang kgotsa
a madi ․․ Ga ke amogele
(a a itsegeng e le porphyria) hemin
a a amang thulaganyo
ya go sila dijo,
ya tlhaloganyo le
ya modikologo wa madi.
DISELE TSE DI-INTERFERON—DIKAROLWANA
TSE DITSHWEU TSE DINNYE TSA DISELE DITSHWEU
Ke diporoteine tse di
lwantshang go
tshwaediwa ke
dibaerase dingwe ․․ Ke amogela
le kankere. di-interferon tse
Di-interferon di di tswang mo
le dintsi ga di mading
tswe mo mading. kgotsa
Dingwe di dirwa ․․ Ga ke amogele
go tswa mo di-interferon tse
dikarolwaneng tsa di tswang mo
disele tse ditshweu mading
tsa madi a batho.
DIPOLATELETE Gone jaanong, ga
go na dikarolwana
dipe tse di tswang
mo dipolateleteng tse
di kgaoganngwang gore
di dirisediwe kalafi.
[Chart on page 6]
Foromo ya 2
O TLA ITIRELA TSHWETSO
KALAFI E GO DIRISIWANG MADI A GAGO MO GO YONE
*Ela tlhoko: Ditsela tsa go dirisa mokgwa mongwe le mongwe wa dikalafi tseno di farologana go ya ka ngaka nngwe le nngwe. O tshwanetse go kopa ngaka ya gago go go tlhalosetsa sentle gore mokgwa o o akantshiwang o akaretsa eng go tlhomamisa gore o dumalana le melaometheo ya Baebele le ditshwetso tse di tsamaisanang le segakolodi sa gago.
LEINA LA KALAFI SE E SE DIRANG Ditshwetso Tse o
Tshwanetseng
go di Dira
(O ka nna
wa batla go
buisana le
ngaka ya gago
pele ga o amogela
kgotsa o gana
mekgwa eno
ya go alafiwa.)
CELL SALVAGE E fokotsa go dutla
ga madi.
Madi a a dutlang
a boa a dirisiwa ․․ Ke a amogela
gape ka nako ․․ Nka nna ka amogela*
ya karo go tswa ․․ Ga ke amogele
mo nthong kgotsa
mo mmeleng.
Madi ano a a
phepafadiwa kgotsa
a ntshiwa leswe
mme morago ga moo,
a bo a busediwa mo
molwetseng ka modikologo
o o tswelelang pele.
HEMODILUTION E fokotsa go dutla
ga madi.
Ka nako ya karo,
madi a faposediwa ․․ Ke a amogela
kwa dikgetsaneng ․․ Nka nna ka amogela*
go bo go dirisiwa ․․ Ga ke amogele
motswako o o se
nang madi mo boemong
jwa madi ao.
Ka jalo madi a a setseng
mo molwetseng ka nako
ya karo a a tlhaolosiwa,
gore a nne le disele
di se kae tse dikhibidu
tsa madi. Ka nako
ya karo kgotsa kwa
bofelong jwa yone,
madi a a fapositsweng
a busediwa gape mo
mmeleng wa molwetse.
MOTŠHINE O O O dira gore madi a nne a dikologa.
POMPANG MADI KA Madi a faposediwa mo
NAKO YA KARO motšhineng o o pompang
YA PELO madi, mme madi ․․ Ke a o amogela
ano a tsenngwa ․․ Nka nna ka o amogela*
okesejene a bo a ․․ Ga ke o amogele
busediwa gape mo
mmeleng wa molwetse.
DIALYSIS E dira jaaka serwe sa mmele.
Fa go dirisiwa mokgwa
ono wa hemodialysis,
madi a a dikologa ․․ Ke a e amogela
mo motšhineng o o ․․ Nka nna ka o amogela*
ntshang leswe mo ․․ Ga ke o amogele
mading le go a
phepafatsa pele a
boela mo mmeleng wa molwetse.
EPIDURAL E emisa go dutla ga seeledi sa mokokotlo.
BLOOD PATCH Selekanyo se sennye sa
madi a molwetse
se tsenngwa ka lomao ․․ Ke a e amogela
mo lotheng lo lo ․․ Nka nna ka o amogela*
dikologileng monyetsane. ․․ Ga ke o amogele
Mokgwa ono o dirisiwa
go kaba lefelo le le
dutlang seeledi sa mokokotlo.
PLASMAPHERESIS E alafa malwetse.
Madi a ntshiwa a
bo a tlhotlhiwa go
ntsha polasema.
Go tsenngwa sengwe
se se emelang polasema ․․ Ke a e amogela
mme madi a busediwa ․․ Nka nna ka o amogela*
mo mmeleng wa molwetse. ․․ Ga ke o amogele
Dingaka dingwe di ka
nna tsa batla go dirisa
polasema ya motho yo
mongwe mo boemong
jwa polasema e e tswang
mo mading a molwetse.
Fa go le jalo, mokgwa
ono o tla bo o sa
siamela Mokeresete.
LABELING KGOTSA Go tlhatlhoba bolwetse
TAGGING kgotsa go bo alafa.
Madi mangwe a a tsewa,
a tlhakanngwa le
melemo a bo a ․․ Ke a e amogela
busediwa mo ․․ Nka nna ka o amogela*
molwetseng ․․ Ga ke o amogele
Nako e madi a
motho a leng kwa
ntle ga mmele wa
gagwe ka yone
e ka nna ya farologana.
PLATELET GEL; E kaba dintho,
AUTOLOGOUS e fokotsa go dutla ga madi
(E KAYA “E E Madi mangwe a a tsewa a bo
DIRILWENG KA a tsenngwa mo seeding
MADI A GAGO”) se se nang le dipolatelete
tse dintsi le disele
tse ditshweu. ․․ Ke a e amogela
Motswako ono o ․․ Nka nna ka o amogela*
tshasiwa mo karolong ․․ Ga ke o amogele
e go ariwang mo
go yone kgotsa mo
dinthong.
Ela tlhoko: Mo metswakong
mengwe, go dirisiwa
sengwe se se tswang
mo mading a kgomo
se se dirang gore
madi a gwame.