A o Diega go e Tlatsa?
Go tlatsa eng? Go tlatsa karata ya DPA (durable power of attorney) e e diretsweng Basupi ba ba kolobeditsweng. E re ka o sa ‘itse se botshelo jwa gago e tla bong e le sone ka moso’ go botlhokwa thata gore o dire tshwetso go sa le gale o bo o kwale gore ke mekgwa efe ya kalafi e o ka e amogelang fa go tlhaga maemo a tshoganyetso a kalafi. (Jak. 4:14; Dit. 15:28, 29) Bidio ya Transfusion-Alternative Health Care—Meeting Patient Needs and Rights e diretswe go go thusa go dira jalo. Leba bidio eno mme ka thapelo o boeletse se o ithutileng sone mo go yone ka go dirisa dipotso tse di fa tlase fano.—Ela tlhoko: E re ka bidio eno e tla e tlhagisa ka bokhutshwane ditshwantsho tse go dirwang dikaro mo go tsone, batsadi ba tshwanetse go dirisa temogo gore a ba tla leba bidio eno le bana ba bone ba ba botlana.
(1) Ke eng fa ba tsa kalafi bangwe ba fetola maikutlo a bone ka kgang ya tshelo ya madi? (2) Umaka dikai tse tharo tsa dikaro tse di raraaneng tse di ileng tsa dirwa go sa dirisiwe tshelo ya madi. (3) Go na le dingaka tse kae mo lefatsheng lotlhe tse di iketleeleditseng go thusa go alafa balwetse kwantle ga go ba tshela madi? Ke eng fa ba iketleeleditse go dira jalo? (4) Dipatlisiso tsa bosheng jaana tsa dikokelo di senotse eng ka kgang ya go dirisa madi? (5) Go na le dikotsi dife tsa kalafi tse di amanang le go tshelwa madi? (6) Baitse ba le bantsi ba tsa kalafi ba ile ba fitlhelela ditshwetso dife malebana le melemo ya go dirisa mekgwa e sele ya kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone? (7) Ke eng se se bakang bothata jwa go tlhaela disele tse dikhibidu tsa madi? Mmele wa motho o kgona go itshokela selekanyo se se kana kang sa go tlhaela disele tseno? Ke eng se se ka dirwang go thusa molwetse yo o nang le bothata jono jwa go tlhaela disele tse dikhibidu tsa madi? (8) Mmele wa molwetse o ka thusiwa jang gore o kgone go oketsa selekanyo se o tlhagisang disele tse dikhibidu ka sone? (9) Go dirisiwa mekgwa efe go fokotsa selekanyo sa go dutla ga madi a mantsi ka nako ya karo? (10) A mekgwa e mengwe ya kalafi e go sa dirisiweng tshelo ya madi mo go yone e ka bereka le mo baneng ba ba botlana kgotsa mo bathong ba ba mo seemong se se kotsi thata sa tshoganyetso? (11) Mongwe wa melaometheo e e botlhokwatlhokwa wa tlhokomelo e e molemo ya kalafi ke ofe? (12) Ke eng fa go le botlhokwa gore Bakeresete ba dire tshwetso go sa le gale malebana le kalafi e go sa dirisiweng tshelo ya madi mo go yone? Re ka dira seno jang?
Kgang ya gore a motho o tla dumela gore go dirisiwe mekgwa mengwe ya kalafi e e tlhagang mo bidiong eno ke tshwetso e mongwe le mongwe a tshwanetseng go itirela yone ka boene go ya ka segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele. A o setse o dirile tshwetso ya gore ke kalafi efe e wena le bana ba gago lo ka e amogelang? Go bona tlhaloso e e feletseng ka dikgang tseno tsotlhe, bona ditlhogo tsa “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng ya Tora ya Tebelo ya June 15, 2004, le ya October 15, 2000 le tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2007 ya setlhogo se se reng “Ke Leba Jang Dikarolwana Tsa Madi le Kalafi e go Dirisiwang Madi A me Mo go Yone?” O tshwanetse go itsise ka botlalo batho ba o ba tlhophileng go nna babueledi ba gago ba tsa kalafi le ba lelapa la gago ba e seng Basupi ka ditshwetso tseno tse o di dirileng.