LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/08 ts. 6
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Buka ya ‘Lorato Lwa Modimo’ e ka Dirisiwang ka Teng go Tshwara Dithuto Tsa Baebele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Buka ya Baebele e Ruta Eng?—Buka ya Konokono E re E Dirisang go Ithuta Baebele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Thusa ba Bangwe go Ikobela se Baebele e se Rutang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 1/08 ts. 6

Lebokoso la Dipotso

◼ Ke dikgatiso dife tse pedi tse di tshwanetseng go ithutiwa le batho ba ba kgatlhegang?

Buka ya Baebele e Ruta Eng? ke yone buka ya konokono e re e dirisang go simolola le go tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele. Le fa go se molato go dirisa kgatiso e sele, e e jaaka pampitshana e e tshwanelang go simolola thuto, dira maiteko a gore lo fetele ka bonako jo bo kgonegang mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng? Go nnile le matswela a a itumedisang fa go dirisiwa buka ya Baebele e Ruta Eng? go simolola dithuto.

Fa lo feditse go bala buka ya Baebele e Ruta Eng? mme moithuti a gatela pele lo ka ithuta buka ya Obamela Modimo. (Bakol. 2:7) Tsebe ya 2 ya buka eo e tlhalosa maikaelelo a yone jaana: “Baebele e rotloetsa botlhe ba ba ratang Modimo gore ba ‘tshware ka . . . mogopolo se e leng bogodimo le boteng’ jwa boammaaruri jwa gagwe jo bo tlhwatlhwakgolo. (Baefeso 3:18) Buka eno e baakanyeditswe sone seo. Re solofela gore e tla go thusa go gola semoyeng, le gore o tlhomelelwe sentle go tsamaya mo tseleng e tshesane e e isang kwa botshelong mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo.”

Fa moithuti a tshwanelega go ka kolobediwa pele a fetsa go ithuta dibuka tseno ka bobedi, thuto e tshwanetse go tswelela pele go fitlha a fetsa go bala buka ya bobedi. Le fa moithuti a setse a kolobeditswe motshwari wa thuto a ka bega nako, loeto la go boela le thuto ya legae ya Baebele. Mmoledi yo o tsamayang le motshwari wa thuto mme a nna le seabe mo thutong le ene a ka bega nako eo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela