Bidio e e Bontshang Kgato e e Botlhokwa e e Tsewang mo go Tsa Kalafi
Baitse ba molao le ba tlhokomelo ya botsogo ba simolola go ela tlhoko ditshwanelo tsa balwetse le kalafi e ba e amogelang le e ba sa e amogeleng. Seno se dirile gore go nne le mekgwa le mefuta e mesha ya kalafi e e ka solegelang Basupi ba ga Jehofa molemo. (Dit. 15:28, 29) Bidio ya Transfusion-Alternative Health Care—Meeting Patient Needs and Rights e bua ka yone kgang eno. E lebelele, o bo o boeletsa se o se ithutileng.—Ela tlhoko: Batsadi ba tshwanetse go dira tshwetso ya gore a ba tla e lebelela le bana ba bone ba bannye ka gonne e na le mo e supang ka bokhutshwane batho ba ariwa.
(1) Ke ka ntlha yang fa ba tsa kalafi jaanong ba sekaseka kgang ya tshelo ya madi bosha? (2) Naya dikai di le tharo tsa karo e e raraaneng e e neng ya dirwa kwantle ga go tshela molwetse madi. (3) Ke dingaka tse kae le baari lefatshe ka bophara tse di bontshitseng gore di ka rata go alafa balwetse kwantle ga go ba tshela madi? Ke ka ntlha yang fa ba iketleeleditse go dira jalo? (4) Dipatlisiso tse di dirilweng bosheng jaana kwa dikokelong di senotse eng ka go dirisiwa ga madi? (5) Dikotsi tse di tsamaisanang le go tshelwa madi mo kalafing ke dife? (6) Bomankge ba le bantsi ba fitlheletse tshwetso efe malebana le melemo ya go dirisa mekgwa e mengwe ya kalafi e e sa tlhokeng go tshelwa madi? (7) Anemia e bakwa ke eng? Mmele wa motho o kgona go e itshokela go le kana kang? Ke eng se se ka thusang fa e go tshwere? (8) Go ka dirwang go oketsa disele tse dikhibidu mo mmeleng wa molwetse? (9) Go dirisiwa mekgwa efe e e thusang go dira gore go se ka ga dutla madi a mantsi ka nako ya fa go dirwa karo? (10) A kalafi e nngwe e e seng go tshela motho madi e ka bereka le mo baneng ba bannye le mo maemong mangwe a tshoganyetso a a ka tsenyang botshelo jwa motho mo kotsing? (11) Molaomotheo o le osi wa konokono o o thusang ngaka go naya molwetse kalafi e e molemo ke ofe? (12) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore Bakeresete ba itsise go sa le gale gore ba tla rata go alafiwa kwantle ga gore go dirisiwe madi mo go bone? Re ka dira seno jang?
Mongwe le mongwe o tla itirela tshwetso ya gagwe go dumalana le segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele gore a o tla amogela mefuta mengwe ya kalafi e e bontshitsweng mo bidiong. A o dirile tshwetso ya gore ke mefuta efe ya kalafi e e sa diriseng madi e o ka dumelang e dirisiwa mo go wena le mo baneng ba gago? Ba lelapa la gaeno ba e seng Basupi le bone ba tshwanetse ba itse sentle ditshwetso tsa gago le mabaka a tsone.—Bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa June 15 le wa October 15, 2000.