Bidio e e Bontshang Kgato e e Botlhokwa e e Tsewang mo go Tsa Kalafi
Baitse ba molao le ba tlhokomelo ya botsogo ba simolola go ela tlhoko ditshwanelo tsa balwetse le kalafi e ba e amogelang. Seno se dirile gore go nne le mekgwa le mefuta e mesha ya kalafi e e ka solegelang Basupi ba ga Jehofa molemo. (Dit. 15:28, 29) Bidio ya Transfusion-Alternative Health Care—Meeting Patient Needs and Rights e bua ka yone kgang eo. E lebelele, o bo o akanya ka se o se ithutileng.—Ela tlhoko: Batsadi ba tshwanetse go nna kelotlhoko fa ba lebelela bidio eno le bana ba bone ba bannye ka gonne e na le mo e supang ka bokhutshwane batho ba ariwa.
(1) Ke ka ntlha yang fa bangwe mo go tsa kalafi ba akanyetsa go fetola maikutlo fa go tsenwa mo kgannyeng ya tshelo ya madi? (2) Naya dikai di le tharo tsa karo e e raraaneng tse di ka dirwang kwantle ga go tshela molwetse madi. (3) Ke dingaka tse kae le baari lefatshe ka bophara tse di bontshitseng gore di ka rata go alafa balwetse kwantle ga go ba tshela madi? Ke ka ntlha yang fa ba iketleeleditse go dira jalo? (4) Dipatlisiso tse di dirilweng bosheng jaana kwa dikokelong di senotse eng ka go dirisiwa ga madi? (5) Dikotsi tse di tsamaisanang le go tshelwa madi mo kalafing ke dife? (6) Bomankge ba le bantsi ba fitlheletse tshwetso efe malebana le melemo ya go dirisa mekgwa e mengwe ya kalafi e molwetse a sa tlhokeng go tshelwa madi mo go yone? (7) Anemia e bakwa ke eng? Mmele wa motho o kgona go e itshokela go le kana kang? Ke eng se se ka dirwang fa o na le yone? (8) Go ka dirwang go oketsa disele tse dikhibidu mo mmeleng wa molwetse? (9) Go dirisiwa mekgwa efe e e dirang gore go se ka ga dutla madi a mantsi fa go dirwa karo? (10) A kalafi e nngwe e e seng go tshela motho madi e ka bereka le mo baneng ba bannye le mo maemong mangwe a tshoganetso a a ka tsenyang botshelo jwa motho mo kotsing? (11) Mongwe wa melaometheo ya konokono e e thusang ngaka go naya molwetse kalafi e e molemo ke ofe? (12) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go re Bakeresete ba itsise go sa le gale gore ba tla rata go alafiwa kwantle ga gore go dirisiwe madi mo go bone? Re ka dira seno jang?
Mongwe le mongwe o tla itirela tshwetso ya gagwe go dumalana le segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele gore a o tla amogela mefuta mengwe ya kalafi e e bontshitsweng mo bidiong. A o dirile tshwetso ya gore ke mefuta efe ya kalafi e e sa diriseng madi e o ka dumelang e dirisiwa mo go wena le mo baneng ba gago? Ba lelapa la gaeno ba e seng Basupi le bone ba tshwanetse go itse sentle ditshwetso tsa gago le mabaka a tsone.—Bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa June 15, 2004 le October 15, 2000.