BOTSHELO JWA BOKERESETE
Nna o Ipaakantse Gore o Bone Thuso ka Bonako Fa o Ka Lwala
Ke eng fa re tshwanetse go ipaakanya? Motho a ka lwala a bo a isiwa kwa bookelong ka tshoganyetso. Ka jalo, ipaakanye gone jaanong, gore fa nako eo e tla o kgone go bona thuso ka bonako. Fa o dira jalo, o tla bo o bontsha gore o tlotla botshelo le molao wa ga Jehofa o o buang ka go ithiba mo mading.—Dit 15:28, 29.
O ka ipaakanya jang?
Rapela o bo o tlatsa karata ya durable power of attorney (DPA) ka kelotlhoko.a Baboledi ba ba kolobeditsweng ba ka itseela karata ya DPA mo batlhankeng ba dibuka ba bo ba tseela bana ba bone ba bannye Identity Card (ic)
Fa o le moimana, kopa bagolwane gore ba go neye foromo ya Tshedimosetso e e Diretsweng Bommè ba ba Imileng (S-401). Foromo eno e na le tshedimosetso e e tla go thusang gore o dire ditshwetso tse di molemo fa go ka direga gore o lwale kgotsa fa go ka nna le matsapa fa o ntse o imile le fa ngwana a tsholwa
Fa e le gore o tlhoka go dirwa karo kgotsa go robadiwa kwa bookelong ka lobaka lo lo rileng, o tshwanetse go bolelela bagolwane nako e sa ntse e le gone o bo o bolelela batsamaisi ba bookelo gore o tlile go etelwa ke baemedi ba Basupi ba ga Jehofa
Bagolwane ba ka go thusa jang? Ba ka go thusa go tlatsa karata ya DPA. Le fa go ntse jalo, bagolwane ba ka se go direle tshwetso mo go tsa kalafi kgotsa ba go bolelela gore bone ba ikutlwa jang mo kgannyeng e wena o tshwanetseng go itirela tshwetso mo go yone. (Bar 14:12; Bag 6:5) Bolelela bagolwane ba phuthego ya gago ka maemo a tsa kalafi a a ka go bayang mo kotsing ya gore o tshelwe madi mme bone ka bonako ba tla itsise bakaulengwe ba Komiti ya Puisano le Dikokelo (HLC).
Bakaulengwe ba ba direlang mo HLC ba ka go thusa jang? Bakaulengwe ba ba direlang mo HLC ba katisitswe go thusa batho ba ba berekang ka tsa kalafi kgotsa tsa molao go tlhaloganya tsela e re lebang madi ka yone. Ba tlotla le badiredi ba dikokelo ka ditsela tse di farologaneng tsa kalafi tse go sa tshelweng madi mo go tsone. Fa go tlhokega ba ka go batlela ngaka e e tla go alafang e sa dirise madi.
LEBANG BIDIO YA O KA DIRA JANG DITSHWETSO TSA KALAFI TSE DI AMANANG LE MADI, LO BO LO ARABANG DIPOTSO TSE DI LATELANG:
O ithutile eng mo bidiong eno mabapi le go nna re ipaakanyeditse maemo a tshoganyetso a a amanang le madi?
a Thuto 39 ya buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! e ka go thusa go dira ditshwetso tse di siameng tse di amanang le madi.