LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 1/8 ts. 25-29
  • Tsela ya go Tila Dikoloto

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela ya go Tila Dikoloto
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Fenya go Palelwa ke go Dira Tekanyetsomadi
  • Go Simolola
  • Go Dira Lenaane la Ditshenyegelo Tsa Kgwedi le Kgwedi
  • A se Botlhokwa?
  • Fokotsa Sekoloto
  • A o Tla Atlega?
  • Kafa O ka Laolang Madi a Gago ka Teng
    Tsogang!—2011
  • 2 | Tlhokomela se o Itshedisang ka Sone
    Tsogang!—2022
  • Nka Laola Jang Tsela e ke Dirisang Madi ka Yone?
    Tsogang!—2006
  • Go Tlhoka Tiro—Ditharabololo tsa Gone Ke Eng?
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 1/8 ts. 25-29

Tsela ya go Tila Dikoloto

MO METLHENG eno e e fetogang, go dirisa madi a lelapa sentle e ka nna kgwetlho e kgolo. O ka itebaganya jang le kgwetlho eo ka katlego?

Ga se gore o tshwanetse wa bo o amogela madi a mantsi. Baitse ba tsa madi ba re o ka atlega fa o tlhaloganya sentle kafa o ka bonang madi ka teng le kafa o ka a dirisang ka teng le go ikemisetsa go dira ditshwetso tse di akanyeditsweng sentle. Gore o tle o kgone go dira jalo, o tshwanetse wa dira tekanyetsomadi.

Go Fenya go Palelwa ke go Dira Tekanyetsomadi

Lefa go ntse jalo, go bua ka tekanyetsomadi, “go dira gore batho ba nne le megopolo e e sa itumediseng,” go rialo mogakolodi wa tsa madi, e bong Grace Weinstein. Ka jalo seo se dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba e dira. Gape ba bangwe ba amanya kgang ya tekanyetsomadi le go amogela madi a mannye kana go sa rutega. Lefa go ntse jalo, le eleng boporofesa ba ba amogelang madi a mantsintsi ba na le mathata a madi. Mogakolodi mongwe wa tsa madi a re: “Mongwe wa batho ba ntlha ba ke neng ka ba gakolola o ne a amogela $187 000 [R813 000] ka ngwaga . . . Madi a ba neng ba a kolota karata ya bone ya sekoloto e le nosi a ne a le kwa tlase ga $95 000 [R413 000] go sekae fela.”

Michael, yo re mo umakileng pelenyana, o ne a okaoka go kopa kgakololo ya tsa madi ka ntlha ya lebaka le lengwe. O dumela jaana: “Ke ne ke boifa gore batho ba bangwe ba tla tsaya gore ga ke akanye sentle le gore ke seeleele.” Lefa go ntse jalo, ga go na lebaka la go nna le poifo eo. Go kgona go dirisa madi sentle le go dira gore o nne le one go go tlhoka gore o bo o na le bokgoni jo bo farologaneng, mme bontsi jwa batho ga ba a rutiwa go dirisa madi sentle. Modirediloago mongwe o ile a re: “Re aloga kwa sekolong se segolo re itse thata ka khutlotharo ya matlhakore a a lekalekanang go gaisa go itse tsela ya go ka somarela madi.”

Lefa go ntse jalo, go dira tekanyetsomadi ga se selo se se thata. Go go tlhoka gore o dire lenaane la lotseno le lenaane la ditshenyegelo—go tswa foo o bo o dira gore ditshenyegelo di se ka tsa feta lotseno. Totatota, go dira tekanyetsomadi e ka nna selo se se itumedisang mme go tshela go ya ka yone go ka dira gore o kgotsofale.

Go Simolola

Mma re simolole ka go dira lenaane la lotseno. Mo go ba le bantsi ba rona, e tshwanetse ya nna selo se se seng thata ka gonne gantsi le akaretsa dilo di sekae fela—madi a o a amogelang, morokotso o o o tsenyediwang mo akhaontong ya gago ya banka, jalo le jalo.

Lefa go ntse jalo, o se ka wa akaretsa lotseno lo o sa tlhomamisegeng ka lone, lo lo jaaka madi a o a duelwang fa o berekile go feta nako e e tlwaelegileng, dibonase kana a o a filweng. Bagakolodi ba tsa madi ba tlhagisa gore go akaretsa lotseno lo o sa tlhomamisegeng ka lone go ka go tsenya mo sekolotong. Fa go direga gore o newe madi ao, o ka nna wa tlhopha go a dirisetsa go iteboga wena le lelapa la gago, go thusa ba bangwe ba ba tlhokang kana go a ntshetsa tiro nngwe e e botlhokwa moneelo.

Lefa go ntse jalo, go dira lenaane la ditshenyegelo go ka nna dingalonyana. Robert le Rhonda, ba ba umakilweng mo ditlhogong tse di fetileng, ba ne ba sa tlhaloganye gore madi a ba neng ba a fufulela ka thata a ne a felela kae. Robert o tlhalosa kafa ba neng ba rarabolola bothata ka teng: “Re ne ra fetsa kgwedi e le nngwe mongwe le mongwe wa rona a kwala sente nngwe le nngwe e a neng a reka ka yone mo pampiring. Re ne ra bo ra kwala le madi a re neng re reka kopi ya kofi ka one. Mme kwa bokhutlong jwa letsatsi lengwe le lengwe, re ne re kwala ditlhwatlhwa tsa teng mo bukeng ya tekanyetsomadi e ke neng ke e rekile.”

Fa o nna kelotlhoko go kwala madi otlhe a o a dirisang go reka dilo ka one go tla go thusa go bona kwa ‘madi a matimela’ a a nang le go nyelela fela a ileng teng. Lefa go ntse jalo, fa o itse tsela e o dirisang madi ka yone, o ka nna wa swetsa ka gore o se ka wa dira lenaane la sengwe le sengwe se o se rekang letsatsi lengwe le lengwe mme o bo o tswelela ka go dira lenaane la ditshenyegelo tsa kgwedi le kgwedi.

Go Dira Lenaane la Ditshenyegelo Tsa Kgwedi le Kgwedi

O ka nna wa batla go dira tšhate e e tshwanang le e e bontshitsweng motsebeng e e latelang. Mo kholomong ya “Madi A o A Dirisitseng,” kwala tlhwatlhwa ya selo sengwe le sengwe se o se rekang. Ngotla palo ya dilo tse dikgolo tse o di thathamisang ka go dirisa ditlhogo tse di jaaka go re, “dijo,” “ntlo” le “diaparo.” Lefa go ntse jalo, o se ka wa tlogela go kwala dilo tse dinnye tse di tshwanelang go kwalwa. Mo kgannyeng ya ga Robert le Rhonda, bontsi jwa madi a bone a ne a senngwa ke go ya go ja kwa mafelong a bojelo, ka jalo, go ne ga ba thusa thata fa ba ne ba kgaoganya “a go ja go sele” le “a korosari.” Fa o le motho yo o ratang go amogela baeng, seno le sone e ka nna setlhogwana se se welang kafa tlase ga setlhogo sa “dijo.” Se o tshwanetseng go se dira ke gore tšhate e tshwanele maemo a gago le dilo tse o di ratang.

Fa o dira tšhate eo, o se ka wa lebala ditshenyegelo tse o di duelelang ka kwatara, fa gare ga ngwaga, kwa bofelong jwa ngwaga le tse dingwe tse o di duelang morago ga nako nngwe, tse di jaaka madi a inshorense le a lekgetho. Lefa go ntse jalo, fa o di akaretsa mo tšhateng ya dilo tsa kgwedi le kgwedi o tla tshwanelwa ke go arola tlhwatlhwa ya tsone ka palo e e tshwanetseng ya dikgwedi tsa teng.

Selo se se botlhokwatlhokwa mo lenaaneng la ditshenyegelo ke “madi a o a bankang.” Le mororo bangwe ba ka se akanye gore madi a ba a bankang ke ditshenyegelo, go ka nna botlhale fa o ka beela madi mangwe a o a amogelang kwa thoko gore a go thuse fa go ka tlhaga maemo a a sa lebelelwang kana dilo dingwe tse di kgethegileng. Grace Weinstein o gatelela botlhokwa jwa go akaretsa madi a o a bankang mo lenaaneng la ditshenyegelo jaana: “Fa o sa kgone go banka bobotlana diperesente di le 5 tsa madi a o a amogelang fa ba sena go goga lekgetho (ke madi a mannye), o tla tshwanelwa ke go tsaya matsapa a magolo. Fokotsa dikoloto tse o di dirang, fetola tsela e o tshelang ka yone, sekaseka dilo tse o di tlhokang go gaisa tse dingwe.” Ee, se lebale go akaretsa madi a o a bankang mo tekanyetsong ya gago ya madi ya kgwedi le kgwedi.

Go go thusa ka nako ya fa go ka direga gore o tlhoke mmereko, gone jaanong go akantshiwa thata gore o leke go aga o banka bobotlana madi a a lekanang le madi otlhe a o a amogelang mo dikgweding tse thataro. Mogakolodi mongwe wa tsa madi o bolela jaana: “Fa o okelediwa madi a o a amogelang, banka halofo ya one.” A o akanya gore ga o ka ke wa kgona go banka?

Akanya ka Laxmi Bai, yo o humanegileng fela jaaka bontsi jwa Baindia ba kwa magaeng. O ile a simolola ka go beela kwa thoko bontlhanngwenyana jwa reise e a neng a e apeela lelapa la gagwe mo nkgwaneng letsatsi le letsatsi. Morago ga lobaka lo lo rileng o ne a rekisa reise eo a bo a tsenya madi ao mo bankeng. O ne a dira jalo gore a tle a kgone go adima madi mo bankeng go thusa morwaawe go simolola lebenkele la go baakanya dibaesekele. Go banka madinyana a sekae jalo go ile ga thusa malapa a le mantsi thata, go rialo India Today. Seno se ile sa thusa batho bangwe go se ikaege ka ope ka tsa madi.

Lefa go ntse jalo, go lekalekanya dilo fa o dira tekanyetsomadi ga go tlhoke fela gore o dire lenaane la madi a o a amogelang le la ditshenyegelo. Go akaretsa le go dira gore ditshenyegelo di se ka tsa feta madi a o a amogelang mo go ka nnang ga go tlhoka gore o fokotse dilo tse o di rekang.

A se Botlhokwa?

Ela tlhoko setlhogwana se se reng “A se Botlhokwa?” mo foromong e e mo tsebeng ya 27. Go botlhokwa thata gore o tseye kholomo eo tsia, segolobogolo fa o fitlhela gore palogotlhe ya madi a a mo kholomong ya “Madi a Tekanyetsomadi” e feta a o a amogelang. Lefa go ntse jalo, go dira tshwetso ya gore a selo se botlhokwa le gore o se beele madi a a kana kang e ka nna kgwetlho e kgolo. Go nna jalo segolobogolo mo metlheng eno e e fetogang e mo go yone o fitlhelang re tlhakanngwa tlhogo ka dilo tse dintsintsi tse disha tse di dirwang tse go tweng re a di tlhoka. O ka thusiwa thata ke fa o ka farologanya ditshenyegelo dingwe le dingwe go ya ka tse o di tlhokang thata, tse o sa tlhomamiseng gore a o di tlhoka thata, kana tse o ka ratang fela go nna le tsone.

Leba ditshenyegelo dingwe le dingwe tse o di kwadileng mme fa o sena go di sekaseka sentle, kwala “E” mo kholomong ya “A se Botlhokwa?” fa e le gore selo seo se botlhokwa thata, o kwale “?” fa e le se o sa itseng sentle gore a tota o se tlhoka thata; le “N” fa e le se o ka ratang fela go nna le sone. Gakologelwa, palogotlhe ya madi a a mo kholomong ya “Madi a Tekanyetsomadi” ga e a tshwanela go feta madi a o a amogelang ka kgwedi!

Ga go pelaelo gore o tla simolola pele ka go fokotsa dilo tse di tshwailweng “?” le “N.” Go ka nna ga se ka ga tlhokega gore ditshenyegelo tseo o di tlose gotlhelele. Ke fela gore o batla go sekaseka selo sengwe le sengwe go bona gore a go a tlhokega gore o se reke le gore o se fokotse fa go tlhokega. Lenaane la ga Robert le Rhonda le ne la ba bontsha gore ba ne ba dirisa $500 (R2175) kgwedi le kgwedi go ja go sele. Ba ne ba tlwaetse go dira jalo ka gonne go ne go se ope wa bone yo o itseng go apaya. Lefa go ntse jalo, Rhonda o ne a tsaya kgato ya go ithuta mme a re: “Gone jaanong ke setse ke rata go apaya, e bile gantsi re ja mo gae.” Robert o oketsa ka go re: “Gone jaanong re ja go sele fela ka dipaka tse di kgethegileng kana fa go tlhokega.”

Fa maemo a gago a ka fetoga go ka go tlhoka gore o sekaseke gape dilo tse o di tsayang di le botlhokwa thata. Jaaka go umakilwe mo setlhogong sa ntlha, madi a Anthony a neng a a amogela a ne a fetoga fela thata. A ne a fokotsega go tloga go $48 000 (R209-000) ka ngwaga go ya go kwa tlase ga $20 000 (R87-000) mme o ne a fetsa dingwaga tse pedi a ntse a amogela one madi a a kalo. Fa o ka diragalelwa ke se se ntseng jalo, o ka nna wa tshwanelwa ke go tlhama tekanyetsomadi e e ka go namolang, o fokotsa dilo tsotlhe tse di sa tlhokegeng go le kalo mo go tse o di rekang.

Anthony o ne a dira fela jalo. O ile a leka ka natla go kgona go duela sekoloto sa ntlo ya gagwe gore e se ka ya mo tswa dinaleng ka go fokotsa thata madi a o neng a reka dijo ka one, diaparo, go duelela mesepele le boitlosobodutu.a A re: “Rotlhe mo lapeng re ne ra tshwanelwa ke go tlhaola dilo tse tota re neng re di tlhoka le tse re neng re di batla fela mme e bile seo se re solegetse molemo tota. Jaanong re kgona go kgotsofalela bonnye jo re nang najo.”

Fokotsa Sekoloto

Fa o sa fokotse dikoloto o ka nna wa se ka wa atlega mo maitekong a o a dirang a go tshela go ya ka bonye jo o nang le jone. Le mororo o ka bona melemo mengwe ka dikoloto tse di tsayang lobaka lo loleele tse ka tsone o rekang dilo tsa botlhokwa tse boleng jwa tsone bo agang bo oketsega tse di jaaka ntlo, go reka dilo tsa letsatsi le letsatsi ka dikarata tsa sekoloto gone go ka nna ga tsenya motho mo mathateng a magolo. Ka jalo, “se itetle go duela madi ape a a oketsegileng mo karateng,” go rialo Newsweek.

Baitse ba tsa madi ba kgothaletsa batho gore ba duelele melato yotlhe ya dikarata tsa sekoloto tota lefa seo se ka ba tlhoka gore ba tseye madi mangwe a ba a bankileng. Ga go thuse sepe go nna ka dikoloto tse di go duedisang morokotso o montsi fa kafa letlhakoreng le lengwe o ntse o leka go banka madi a a tla go tsalelang morokotso o monnye fela. E ne ya re fa Michael le Reena ba lemoga seno, ba ne ba duelela madi otlhe a dikarata tsa bone tsa sekoloto ka go goga madi otlhe a bonto ya madi a ba a bankileng mme ba ne ba swetsa ka gore ga ba ne ba tlhola ba itetla go tsena mo seemong seo gape.

Robert le Rhonda bone ba ne ba sena thuso e e ntseng jalo, ba ne ba dira tekanyetsomadi e e ka ba namolang. Robert a re: “Ke ne ka dira kerafa e e neng e tla bontsha kafa dikoloto tsa rona di neng di tla fokotsega ka teng kgwedi le kgwedi mme ka gokela lomati lwa teng mo kamoreng ya rona ya borobalo mo re neng re ka e bona teng moso mongwe le mongwe. Seo se ne se re rotloetsa letsatsi le letsatsi.” A bo ba ile ba itumela jang ne kwa bofelong jwa ngwaga fa ba ne ba fetsa sekoloto sa bone sa $6000 (R26 100) sa karata ya sekoloto!

Kwa dinageng dingwe go reka dilwana tsa boleng ka dikadimo ga se tsela e e molemo ya go itsadisetsa madi jaaka go kile ga bo go ntse pele. E bile go reka ntlo go ka nna ga felela go go jele madi a mantsi thata ka ntlha ya go duedisiwa morokotso o montsi. Ke eng se o ka se dirang go fokotsa madi a dikadimo tsa dilo tsa boleng jo bogolo? Newsweek e akantsha gore, “bogolo o duele madi a mantsi go feta a banka e a batlang kana o reke ntlo e e sa tureng thata. Fa o setse o na le ntlo, se itetle go eletsa go batla e e botokanyana.”

O ka kgona go fokotsa dituelo tsa sekoloto sa koloi ka go tlhopha go e duelela madi a mantsi. Lefa go ntse jalo, o tla tshwanelwa ke go ipeela madi a seno go sa le gale ka go a akaretsa mo tekanyetsong ya madi ya lelapa la gago. Mme go tweng ka go tlhopha koloi e e kileng ya dirisiwa e e santseng e itekanetse sentle?b Tlhwatlhwa ya yone e e kwa tlase e o tla simololang o e duela e tla dira gore o duele madi a a kwa tlasenyana a sekoloto. Gongwe e bile o ka kgona go reka nngwe o sa e tseye ka sekoloto.

A o Tla Atlega?

Gore a o tla atlega fa o ntse o leka go dira gore tekanyetsomadi ya gago e bereke go ikaegile thata ka tsela e e tshwanelang seemo sa gago ka yone. Banyalani bangwe ba ba ileng ba atlega go tshela ka tekanyetsomadi ya bone ba ne ba re: “Ga e ne e thusa fa madi a a beetsweng go dirisiwa mo lelapeng a le mannye thata mo lo se kitlang lo kgona go fetsa kgwedi ka one.”

Selo se sengwe se se botlhokwa thata se se ka thusang gore tekanyetsomadi e bereke ke fa lelapa le buisanela dilo sentle. Ba tekanyetsomadi e ba amang ba tshwanetse go nna le tshono ya go tlhalosa maikutlo a bone le kafa ba bonang dilo ka teng kwantle ga go nyadiwa. Fa ba lelapa ba ba amegang ba tlhaloganya dilo tse botlhe ba di tlhokang le tse ba di batlang e bile ba itse le maemo a tsa madi a lelapa sentle, go ka nna le tirisanommogo e e molemo e bile go ka direga thata gore tekanyetsomadi ya lelapa e atlege.

Mo dipakeng tseno tse di tlhokofatsang, mathata a lelapa a a amang tsa madi a tla oketsega jaaka fa lefatshe le ntse le fetoga. (2 Timotheo 3:1; 1 Bakorinthe 7:31) Re tshwanetse go dira dilo ka “botlhale jo bo itekanetseng” fa re ntse re itshokela dikgwetlho tsa botshelo jwa segompieno. (Diane 2:7) Go itirela tekanyetsomadi e ka nna selo se se ka go thusang go dira jalo.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona dintlha tse di malebana le go fokotsa tlhwatlhwa ya ditshenyegelo tsa letsatsi le letsatsi, bona Tsogang! ya April 22, 1985, ditsebe 26-7, le April 8, 1984, tsebe 27 (tsa Seesemane).

b Bona Tsogang! ya April 8, 1996, ditsebe 16-19 (ka Seesemane).

[Mafoko a a mo go tsebe 28]

Sekaseka sengwe le sengwe se o se rekang go bona gore a go a tlhokega gore o se reke

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Ela tlhoko madi a a oketsegileng a o tla a duedisiwang mo karateng ya gago ya sekoloto!

[Tšhate mo go tsebe 27]

TŠHATE YA DITSHENYEGELO TSA KGWEDI LE KGWEDI Kgwedi

LE DITSHEKATSHEKO

DITSHENYEGELO Madi a Tota A se Madi a

o a Dirisitseng Botlhokwa? Tekanyetsomadi

Dijo:

Korosari

Go ja go sele

Go rekela baeng

Ntlo:

Tuelo ya ntlo kana rente

Didirisiwa

Diaparo

Sepalangwa

Dimpho

●

●

●

Go banka

Lekgetho

Inshorense

Tse dingwe

PALOGOTLHE (bapisa le lotseno)

LOTSENO KA KGWEDI

Madi a o a amogelang

Madi a sengwe se o se hirisang (fa se le teng)

Morokotso wa madi a o a bankileng

PALOGOTLHE (bapisa le ditshenyegelo)

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go buisanela dilo sentle mo lapeng go botlhokwa thata mo go direng gore tekanyetsomadi e bereke

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela