LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb16 October ts. 8
  • A o Dirisa Dikarata Tsa go Ikgolaganya le Rona Tsa JW.ORG?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Dirisa Dikarata Tsa go Ikgolaganya le Rona Tsa JW.ORG?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikarata Tsa Sekoloto—A di Tla go Thusa Kgotsa di Tla go Raraetsa?
    Tsogang!—1997
  • A ke Tshwanetse go Nna le Karata ya Sekoloto?
    Tsogang!—2000
  • Dirisa Websaete ya JW.ORG mo Bodireding
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Dithulaganyo Tsa go re Thusa go Ithiba mo Mading
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
mwb16 October ts. 8

BOTSHELO JWA BOKERESETE

A o Dirisa Dikarata Tsa go Ikgolaganya le Rona Tsa JW.ORG?

Mosupi wa ga Jehofa a naya motho karata ya go ikgolaganya le rona

Tiro ya rona ya go rera e a potlaka fa pitlagano e e kgolo e ntse e atamela. (Dia 24:11, 12, 20) Gore re kgone go thusa batho, re ka dirisa dikarata tsa go ikgolaganya le rona go itsise batho ka Lefoko la Modimo le ka website ya rona. Karata eno e na le khouto e e go isang kwa bidiong ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? le tshedimosetso e e thusang motho go itse mo go oketsegileng kgotsa go kopa thuto ya Baebele. Batho bangwe ga ba batle go tsaya dikgatiso tsa rona mme ga ba na bothata le go tsena mo jw.org, ka jalo ba neye karata eno. Le fa go ntse jalo, o se ka wa naya batho ba ba sa bontsheng kgatlhego dikarata tseno.

O ka ngoka kgatlhego ya mongwe ka nako nngwe le nngwe fela ka go mo raya o re: “Ke na le sengwe se nka ratang go go se naya. Karata eno e go isa kwa website e e nang le tshedimosetso ya mahala le dibidio tse di buang ka dilo tse di farologaneng.” (Joh 4:7) E re ka dikarata tseno di le dinnye, o ka tsamaya ka tsone ka metlha gore o kgone go di naya batho ba o kopanang le bone.

TSAMAISA KARATA YA GO IKGOLOGANYA LE RONA . . .

  • fa o rera o se mo bodireding

  • fa o dira tshimo ya kgwebo

  • fa o kopana le mongwe yo o reetsang molaetsa wa rona mme a sa batle go tsaya dikgatiso

Karata ya go ikgolaganya le rona e na le setshwantsho sa Baebele e e butsweng
Karata ya go ikgolaganya le rona e na le setshwantsho sa Mosupi wa ga Jehofa tshwere thuto ya Baebele le lelapa lengwe
Ka fa morago ga karata ya go ikgolaganya le rona

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela