Mahutsana a go Kgaogana le Bana
“Monna wa me o ne a ntemosa jaana fa lesea la rona la ntlha le ne le tsholwa—‘Ratu, go godisa bana ke mosepele o moleele wa go kgaogana le bone.’”—Ourselves and Our Children—A Book by and for Parents.
BATSADI ba bantsi ba a itumela—le go tlhotlheletsega thata—fa ngwana wa bone wa ntlha a tsalwa. Le fa go nna motsadi go ka bakela motho mathata, go ngangisana, mahutsana, go ngomoga pelo le go tlhobaela, bana e ka nna selo se se itumedisang thata. Dingwaga di ka nna dikete di le tharo tse di fetileng, Baebele e ne ya bolela jaana: “Bana ke mpho e e tswang go MORENA; ke lesego la mmatota.”—Pesalema 127:3, Today’s English Version.
Le fa go ntse jalo, Baebele e bolelela pele jaana ka boammaaruri: “Monna o tlaa tlogela rraagwe le mmaagwe.” (Genesise 2:24) Gantsi bana ba ba godileng ba tloga mo gae ka mabaka a a farologaneng—go tsweletsa dithuto pele kgotsa tiro ya botshelo jotlhe, go atolosa bodiredi jwa bone jwa Bokeresete, go nyala. Le fa go ntse jalo, go batsadi ba bangwe, seno se hutsafatsa thata. Ba letla gore maikutlo a tlholego a bana a go batla go ikemela ka nosi a dire—jaaka mokwadi mongwe a go tlhalosa—gore ba “ikutlwe ba nyaditswe, ba galefile, ba tlhabisitswe ditlhong, ba tshoseditswe kgotsa ba latlhilwe.” Seno gantsi se felela se bakile dikgotlhang le dikgogakgogano tse di sa feleng mo lelapeng. Batsadi bangwe ba retelelwa ke go baakanyetsa bana ba bone nako ya fa e tla bo e le bagolo ka gonne ba sa batle gore letsatsi lengwe ba bone ba tswile mo gae. Matswela a a bakiwang ke go itlhokomolosa dilo jalo e ka nna a a boitshegang: bagolo ba ba sa siamelang go ka tsamaisa dilo mo lelapeng, go tlamela lelapa kgotsa le e leng go tshwarelela mo mmerekong.
Bohutsana jwa go kgaogana le bana bo ka nna botlhoko thata mo malapeng a motsadi yo o nosi. Motsadi mongwe yo o nosi yo o bidiwang Karen a re: “Nna le morwadiake re utlwana fela thata; re fetogile ditsala tse di ratanang thata. Gongwe le gongwe kwa ke neng ke ya teng, ke ne ke tsamaya le ene.” Go tlwaelegile gore bana le batsadi ba malapa a motsadi yo o nosi ba tsalane thata. Go a utlwala he, gore go akanya ka go latlhegelwa ke botsala jo bo ntseng jalo go ka phatlola pelo.
Le fa go ntse jalo, buka ya Traits of a Healthy Family e gakolola batsadi jaana: “Ke kafa botshelo jwa lelapa bo ntseng ka teng: go godisa lesea le le ikaegileng ka wena go le dira mogolo yo o ikemetseng ka nosi.” Go tswa foo e lemosa jaana: “Mathata a mantsi mo malapeng a tsoga ka ntlha ya go bo batsadi ba sa batle go kgaogana le bana.”
Go tweng ka wena? A o motsadi? Fa go ntse jalo, a o ipaakanyeditse letsatsi le o tla bong o tshwanetse go kgaogana le bana ba gago ka lone? Mme go tweng ka bana ba gago? A o ba baakanyetsa gore ba kgone go ikemela ka nosi?