Go Tshela ka Boitumelo mo Legaeng le le Lolea
MOTSADI mongwe o dumetse jaana: “Go ba le bantsi ba rona go kgaogana le bana gotlhelele go a tshosa go sa kgathalesege gore o go ipaakanyeditse sentle go le kana kang.” Ee, le fa o itse gore nako nngwe ngwana o tla bo a tswile mo gae, fa kgabagare go direga, go nna thata tota go lepalepana le gone. Rre mongwe o bolela tsela e a neng a itshwara ka yone morago ga go tsamaisa morwawe sentle: “E ne e le la ntlha mo botshelong jwa me . . . , ke nnela go lela, ka lela, ka lela.”
Mo batsading ba le bantsi go tsamaya ga bana ba bone go tlogela phatlha e kgolo mo botshelong jwa bone—ntho e e atlhameng. Ka go amogiwa go bonana le bana ba bone letsatsi le letsatsi, bangwe ba nna le maikutlo a a masisi a go jewa ke bodutu, kutlobotlhoko le go ikutlwa ba latlhegile. Mme batsadi e ka tswa e se bone fela ba ba tshwereng bothata jwa go tlwaela maemo a masha. Banyalani bangwe e bong Edward le Avril ba re gakolola jaana: “Fa e le gore go sa ntse go na le bana ba bangwe mo gae, le bone ba tla ikutlwa ba latlhilwe.” Banyalani bano ba re gakolola eng? “Ba neye nako ya gago le go ba tlhaloganya. Seno se tla ba thusa go tlwaela maemo a masha.”
Ee, botshelo bone bo tswelela pele. Fa e le gore o batla go tlhokomela bana ba gago ba ba setseng—re sa bue sepe ka tiro ya gago kgotsa ditiro tsa mo gae—ga wa tshwanela go itetla go kgorelediwa ke khutsafalo. Ka jalo, a re sekasekeng dingwe tsa ditsela tsa go bona boitumelo fa bana ba gago ba tloga mo gae.
Tlhoma Mogopolo mo Dilong Tse di Molemo
Gone mme, fa e le gore o ikutlwa o hutsafetse kgotsa o na le bodutu e bile o tlhoka go lela kgotsa go bolelela tsala e e boutlwelobotlhoko se se mo mafatlheng a gago, dira jalo ka kgololesego. Baebele ya re: “Boimelesego mo pelong ya motho bo tle bo e inamise, mme lefoko le le molemo le e ipedise.” (Diane 12:25) Ka dinako dingwe ba bangwe ba ka go neela mogopolo o o siameng ka dilo. Ka sekai, banyalani bangwe e bong Waldemar le Marianne ba gakolola jaana: “Leba kgang eo, e seng e le tatlhegelo, mme e le go fitlhelela mokgele ka katlego.” A bo e le tsela e e siameng jang ne ya go leba dilo! Banyalani bangwe e bong Rudolf le Hilde ba re: “Re itumetse ka gonne re kgonne go godisa basimane ba rona go nna bagolo ba ba nang le boikarabelo.”
A o ne wa leka go godisetsa ngwana wa gago mo “tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa”? (Baefeso 6:4) Le e leng le fa o dirile jalo, o ka tswa o tlhobaela ka ga go tsamaya ga gagwe. Mme Baebele e tlhomamisetsa batho ba ba thapisitseng ngwana wa bone gore “o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.” (Diane 22:6) A ga go go kgotsofatse thata go bona gore ngwana wa gago o tsibogetse thapiso ya gago? Moaposetoloi Johane o boletse jaana ka lelapa la gagwe la semoya: “Ga go na lebaka le legolo la go bontsha ditebogo le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.” (3 Johane 4) Gongwe o ka nna le boikutlo jo bo tshwanang ka ngwana wa gago.
Ke boammaaruri gore ga se bana botlhe ba ba utlwang thapiso ya Bokeresete. Fa e le gore seno ke sone se se diragetseng ka ngwana wa gago yo o godileng, ga go reye gore o motsadi yo o paletsweng. O se ke wa itlhaganelela go inyatsa thata fa e le gore o dirile sotlhe se o ka se kgonang go mo godisetsa mo tseleng ya Modimo. Itse gore ngwana wa gago o na le mokgweleo wa gagwe wa boikarabelo mo pele ga Modimo. (Bagalatia 6:5) Nna le tsholofelo ya gore gongwe fa nako e ntse e ya o tla retologa mo tseleng e a e tlhophileng le gore kgabagare ‘motswi’ o tla ya kwa o neng o lebisitswe teng.—Pesalema 127:4.
O sa Ntse o le Motsadi!
Le fa go tloga ga ngwana wa gago mo gae go tlile go lere phetogo e kgolo, ga go reye gore tiro ya gago ya go nna motsadi e fedile. Moithutatlhaloganyo e bong Howard Halpern o bolela gore: “O motsadi go fitlha letsatsi le o swang ka lone, le fa go ntse jalo o tshwanetse wa fetola tsela e o rutang le e o thapisang ka yone.”
Baebele ga e bolo go bolela gore go nna motsadi ga go fele fa ngwana wa gago a godile. Diane 23:22 ya re: “Reetsa rraago yo o go tsetseng, o bo o se ka wa nyatsa mmaago fa a tsofetse.” Ee, le e leng fa batsadi ba “tsofetse” e bile bana ba bone ba godile, batsadi e sa ntse e le tlhotlheletso e e botlhokwa mo matshelong a bana ba bone. Gone mme, go tlhokega gore go dirwe diphetogo tse di rileng. Le fa go ntse jalo, dikamano tsotlhe di tlhoka go nna di fetolwa nako le nako go di boloka di siame e bile di le molemo. Ka jalo e re ka bana ba gago ba godile, leka go ba tsaya e le bagolo. Selo se se kgatlhang ke gore dipatlisiso di bontsha gore gantsi kamano ya batsadi le bana e tokafala fa bana ba sena go tloga mo gae! Fa bana ba thulana le dikgatelelo tsa mmatota tsa lefatshe, gantsi ba simolola go leba batsadi ba bone ka tsela e e farologaneng. Monna mongwe wa Mojeremane e bong Hartmut o bolela seno: “Jaanong ke tlhaloganya batsadi ba me botoka e bile ke lemoga lebaka la go bo ba ne ba dira dilo kafa ba neng ba di dira ka teng.”
Tila go Iphaga Dikoro
Le fa go ntse jalo, go ka senyega dilo di le dintsi fa o iphaga dikoro mo botshelong jwa ngwana wa gago fa a setse a godile. (Bapisa 1 Timotheo 5:13.) Mosadi mongwe yo o nyetsweng yo o nang le dikgogakgogano le bomatsalaagwe o boletse jaana ka khutsafalo: “Re a ba rata, le fa go ntse jalo re batla go tshela matshelo a rona le go itirela ditshwetso.” Gone, ga go na motsadi yo o lorato yo o tla ikgogelang kwa morago fa ngwana yo o godileng a thabuela mo kotsing. Le fa go ntse jalo, gantsi go molemo go tila go mo neela kgakololo ya botsadi fa a sa go kopa, lefa e ka tswa e le molemo jang kgotsa e le fela gore o batla go mo thusa. Go ntse jalo segolobogolo fa ngwana a nyetse.
Tsogang! e ne ya gakolola jaana morago kwa ka 1983: “Amogela seabe se se fetogileng sa gago. O tlogela tiro ya gago ya go nna mmelegi fa lesea le fetoga go nna ngwana. Ka mo go tshwanang, jaanong o tshwanetse go fetola seabe sa gago se se rategang sa go nna motlhokomedi go nna sa mogakolodi. Go direla ngwana wa gago ditshwetso mo seemong seno sa botshelo go tla bo go sa siama fela jaaka go mo dira gore a botle kgotsa go mo anyisa go ne go tla bo go sa siama. Ka o le mogakolodi, go na le dilo tse o ka se kgoneng go di dira. Ga o ka ke wa tlhola o dirisa taolo ya gago ya botsadi. (‘Dira seno ka ntlha ya gore ke re o se dire.’) O tshwanetse go tlotla boemo jwa ngwana wa gago jwa go nna mogolo.”a
O ka nna wa bo o sa dumalane le ditshwetso tsotlhe tse ngwana wa gago a di dirang le molekane wa gagwe. Le fa go ntse jalo, go tlotla boitshepo jwa lenyalo go ka go thusa go tila go itshwenya thata le go tila go itshunya mo dikgannyeng go sa tlhokege. Boammaaruri ke gore, gantsi go molemo go tlogela banyalani ba basha go itharabololela mathata a bone ka bobone. Go seng jalo, o ipaya mo bothateng jwa go kgopisa mogwe kana ngwetsi ya gago go sa tlhokege fa o mo naya kgakololo a sa e kopa, ka nako eo ya fa lenyalo le sa ntse le le lesha, e mo go yone a ka nnang a kgopisega motlhofo fa a tshwaiwa diphoso. Setlhogo se se boletsweng fa godimo sa Tsogang! se gakolola jaana go ya pele: “Leka ka natla go itshwara fa o raelesega gore o dire dikakantsho tse di sa feleng tse ba sa di kopang, e leng tse di ka nnang tsa dira gore mogwe wa gago kana ngwetsi e nne mmaba.” Ba eme nokeng—o se ka wa ba laola. Ka go nna le kamano e e molemo le ngwana wa gago, o dira gore go nne motlhofo go go kopa thuso fa ruri e tlhokega.
Ntšhafatsa Dibofo Tsa Lenyalo
Go banyalani ba le bantsi, legae le le lolea le ka dira gore ba kgone go oketsa boitumelo jwa lenyalo. Nako le matsapa tse di akarediwang mo go nneng motsadi yo o atlegileng di ka ja nako mo e leng gore banyalani ba tlhokomologa kamano ya bone ka bobone. Mosadi mongwe o rile: “Jaanong ka gonne bana ga ba tlhole ba le teng, nna le Konrad re leka go dira dilo mmogo jaaka re ne re tlhola re dira.”
E re ka lo tla bo lo sa tlhole lo na le maikarabelo a letsatsi le letsatsi a go tlhokomela bana, jaanong lo ka nna le nako e e oketsegileng lo le mmogo. Motsadi mongwe o akgetse jaana: “Nako eno e ntšha e re e boneng . . . e re naya tshono ya gore re ikitse, re tlhome mogopolo mo go ithutaneng le go simolola go tshwarega mo ditirong tse di re thusang ka se re se tlhokang.” O oketsa jaana: “Ke nako ya go ithuta dilo tse disha le ya go gola sentle thata, e bile le fa gone dinako tse di ntseng jalo e ka nna tse di tlhobaetsang, gape ke tse di itumedisang.”
Gape banyalani ba bangwe ba gololesega thata mo go diriseng madi. Ditiro tsa go itlosa bodutu le ditiro tsa botshelo jotlhe tse di neng di beetswe kwa thoko jaanong di ka nna tsa tsweledisiwa. Gareng ga Basupi ba ga Jehofa, banyalani ba bantsi ba dirisa kgololesego e ba sa tswang go e bona go tsweletsa ditiro tsa semoya pele. Rre yo o bidiwang Hermann o tlhalosa gore morago ga gore bana ba gagwe ba tswe mo gae, ene le mosadi wa gagwe ka yone nako eo ba ne ba baya mogopolo wa bone mo go simololeng bodiredi jwa nako e e tletseng.
Batsadi ba ba Nosi ba Kgaogana le Bana
Go tlwaela legae le le lolea go ka nna thata segolobogolo mo batsading ba ba nosi. Rebecca yo o leng motsadi yo o nosi wa bana ba le babedi o tlhalosa seno: “Fa bana ba rona ba tsamaya, re a bo re se na banna ba ba ka nnang le rona le go re rata.” Motsadi yo o nosi a ka nna a bo a ntse a engwa nokeng mo maikutlong ke bana ba gagwe. E bile fa e le gore ba ne ba thusa lelapa ka madi, go tsamaya ga bone gape go ka dira gore go sa le go na le bothata mo go tsa madi.
Ba bangwe ba kgona go tokafatsa thata mo go boneng madi ka go ikwadisetsa dithulaganyo tsa go ithapisetsa tiro kgotsa dikhoso tsa sekolo tsa nako e e khutshwane. Le fa go ntse jalo, motho a ka kaba phatlha ya go jewa ke bodutu jang? Motsadi mongwe yo o nosi a re: “Se se nthusang ke go nna ke na le sengwe se ke se dirang. E ka tswa e le go bala Baebele, go phepafatsa ntlo kgotsa go iphokisa phefo kana go taboga. Le fa go ntse jalo, tsela e e mosola thata mo go nna ya go fenya bodutu ke go bua le tsala ya semoya.” Ee, ‘pitlologa,’ mme o itirele ditsala tse disha le tse di molemo. (2 Bakorinthe 6:13) “Nnela ruri mo mekokotlelong le mo dithapelong” fa o ikutlwa o fekeetsega. (1 Timotheo 5:5) Tlhomamisega gore Jehofa o tla go nonotsha le go go thusa mo nakong eno e e thata ya phetogo.
Go Kgaogana le Bana ka Boitumelo
Mo boemong e ka tswa e le bofe, lemoga gore botshelo ga bo khutle fa bana ba tswa mo gae. E bile ga se gore botsala jwa lelapa bo tla fela. Lorato lo lo siameng lo lo tlhalosiwang mo Baebeleng lo maatla thata go boloka batho ba le mmogo, le e leng fa ba katogane. Moaposetoloi Paulo o re gakolola gore lorato “lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.” (1 Bakorinthe 13:7, 8) Lorato lo e seng lwa bogagapa lo o ratang lelapa la gago ka lone ga lo kitla lo fela ka gonne bana ba gago ba tswile mo gae.
Mo go kgatlhang, ke gore fa bana ba simolola go utlwa botlhoko jwa go kgaogana le jwa go gopola kwa gae kgotsa fa ba simolola ba aparelwa ke mathata a tsa madi, gantsi e tla nna bone ba ntlha go ikgolaganya le lona gape. Hans le Ingrid ba gakolola jaana: “Dira gore bana ba itse gore ba gololesegile go tla gae nako nngwe le nngwe.” Go etelana le bone ka metlha, go ba kwalela kgotsa go nna o ba founela go ka go thusa gore o golagane le bone. Jack le Nora bone ba tlhalosa gore: “Kgatlhegela se ba se dirang o sa itshunye mo dikgannyeng tsa bone.”
Fa bana ba tswa mo gae, botshelo jwa gago bo a fetoga. Le fa go ntse jalo, botshelo mo legaeng le le lolea e ka nna jo bo go dirang gore o tshwarege thata, o nne matlhagatlhaga le go kgotsofala. Gape, kamano ya gago le bana ba gago e a fetoga. Le fa go ntse jalo, e ka nna ya tswelela e le e e itumedisang le e e kgatlhang. Porofesa Geoffrey Leigh le Gary Peterson ba re: “Go ikemela ka nosi go tswa mo batsading ga go bolele gore bana ga ba tlhole ba rata batsadi, ba ba ikanya kana go ba tlotla. . . . Eleruri, kgolagano e e maatla ya lelapa gantsi e tsaya botshelo jotlhe.” Ee, ga o kitla o emisa go tlhola o rata bana ba gago e bile ga o kitla o emisa go tlhola o le motsadi wa bone. E bile ka gonne o ile wa bontsha go rata bana ba gago thata mo o neng wa kgaogana le bone, ga se gore ba go latlhile.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “Ga o Kitla o Emisa go Nna Motsadi,” mo makasineng wa Tsogang! ya February 8, 1983 (ka Seesemane).
[Mafoko a a mo go tsebe 28]
“E ne e le la ntlha mo botshelong jwa me . . . , ke nnela go lela, ka lela, ka lela”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Kakantsho go Bana ba ba Godileng—Thusang Batsadi go Kgaogana le Lona
Ka tlwaelo go tsamaya go motlhofo go lepalepana le gone go feta go tlogelwa kwa morago. Ka jalo fa o ntse o ipelela kgololesego le botshelo jwa go nna mogolo, bontsha bopelonomi le go utlwisisa batsadi ba gago fa e le gore ba na le bothata jwa go tlwaela maemo. Ba tlhomamisetse gore o tla nna o ba rata le go ba kgatlhegela. Lekwalo le le khutshwane, mpho e e sa lebelelwang kana go ba founela ka tsela e e botsalano go ka dira go le gontsi go itumedisa motsadi yo o ngomogileng maikutlo! Ba bolelele ditiragalo tse di botlhokwa tsa botshelo jwa gago. Seno se ba bontsha gore dikgolagano tsa lelapa di sa ntse di le maatla.
Fa o ntse o kopana le mathata a botshelo jwa go nna mogolo, ka gongwe o tla simolola go lemoga sentle go feta pele mathata a batsadi ba gago ba kopaneng le one fa ba ne ba go godisa. Gongwe seno se tla go tlhotlheletsa gore o bolelele batsadi ba gago gore: “Ke leboga thata ka dilo tsotlhe tse lo neng lwa di ntirela!”