Go Lepalepana le Ditlamorago Tsa Sone
GILBERT o ne a botsa ngaka ya gagwe jaana fa ne a robaditswe mo boalong jwa bookelo a golafetse letsogo le leoto: “A ke sa ntse ke tla kgona go dirisa letsogo le leoto la me?” Gilbert o ne a utlwa karabo eno e e gwetlhang: “Fa o leka ka natla, o tla kgona go a dirisa gape e bile o tla dira jalo ka bonako.” O ne a araba jaana: “Ke setse ke ipaakanyeditse seo!” Go sidilwa mmele le go nna le boikutlo jo bo siameng di ne tsa mo thusa gore a tlogele go tlhola a dirisa setulo sa maotwana mme a dirise dithobane go tswa foo a dirisa lore mme kwa bofelong a kgona go boela kwa tirong a le dingwaga di le 65 jalo.
Babatlisisi e bong Weiner, Lee le Bell ba bolela gore: “Mafelo a mantsi gompieno a a thusang batho ba ba tshwerweng ke seterouku go fola a dumalana le kgopolo ya gore fa karolo nngwe ya boboko e gobetse, dikarolo tse dingwe di ka nna tsa dira tiro e e neng e dirwa ke thishu e e gobetseng. Maikaelelo mangwe a kalafi eno ke go nonotsha bokgoni jwa dikarolo tseno tse di sa amegang le go di tsibosa gore boboko bo ithulaganye sesha le go itlwaetsa boemo.” Le fa go ntse jalo, go fola go ikaegile ka mabaka a mangwe gape, a a jaaka letlhakore le seterouku se iteileng mo go lone le gore se ne se le maatla go le kae, boitekanelo jwa motho yoo ka kakaretso, boleng jwa kalafi le kafa ba bangwe ba thusang ka teng.
Thuso ya Lelapa le Ditsala
Erikka o ne a simolola ikatiso ya go mo thusa go fola ka dingwaga di le tharo, a ithuta go tsamaya le go dirisa seatla sa gagwe sa moja gore se kgone go thusa letsogo la molema le le golafetseng. O re bolelela se se mo thusitseng go itshoka: “Selo sa botlhokwa e ne e le gore monna wa me le ditsala tsa me ba ile ba nkema nokeng ka boikanyegi. Go itse fela gore ba a nthata go ne ga nnonotsha mme fa ba nkgothaletsa gore ke se ka ka nyema mooko, seo se ne sa nthotloetsa.”
Ba lelapa ba dirisana mmogo go thusa motho yono yo ba mo ratang go fola. Ba tshwanetse go botsa badiri ba tsa kalafi dipotso le go leba ka kelotlhoko dikalafi tse di ka tlhokang gore di tsweledisiwe kwa gae e le gore kgatelopele ya molwetse e se ka ya boela morago. Bopelotelele, bopelonomi, kutlwisiso le kgatlhego tse di bontshiwang ke ba lelapa le ditsala di dira gore maemo a maikutlo a gagwe e nne a a tla mo thusang go boa a ithuta go bua, go bala le ditiro tse dingwe tsa letsatsi le letsatsi.
John o ne a dira ka natla go thusa mosadi wa gagwe Ellen ka go mo katisa le go mo thusa go dirisa kalafi a dira jalo a sa mo tlekeetse e bile a sa mo gatelele. O tlhalosa maiteko a a tserweng ke lelapa la gagwe jaana: “Re ne re sa batle gore Ellen a nnele go itlhomogela pelo. Ka dinako dingwe re ne re mo pateletsa re gagametse, le fa go ntse jalo ka gale re ne re ela tlhoko mo a tlhaelang teng mme re mo thuse. O amega maikutlo ka bonako, ka jalo ke leka ka natla gore ke se ka ka mo ngomola pelo.”
Fa Ellen a ntse a ithuta go bua gape a thusiwa ke ngaka ya tsa puo, John o ne a mo thusa. “Go dira dilo mmogo e ne e le tsela ya go kgothatsana, ka jalo re ne re balelana Baebele, e leng se se neng sa mo thusa go tokafatsa puo ya gagwe. Gape re ne ra nna le seabe mo bodireding ka iketlo, ka re le Basupi ba ga Jehofa. Ka tsela eno Ellen o ne a ka tlotlela ba bangwe tsholofelo e re nang le yone ka isagwe. Seno e ne e le kalafi ka boyone mo go Ellen.” Mo bofelong jwa dingwaga tse tharo, Ellen o ne a tokafetse thata.
Kgothatso le nonotsho tse ditsala di ka di neelang ga di a tshwanela go tseelwa kwa tlase, ka di ka nna le matswela a a itumedisang mo go foleng ga motho yo o falotseng seterouku. Lokwalopaka lwa kalafi e bong Stroke lo begile gore “bogolo jwa thuso e balwetse ba e newang ke batho bangwe bo ne jwa fitlhelwa e le jone bo ka dirang gore ba fole ka bonako le gore a tokafale thata, tota le e leng mo balwetseng ba ba nang le seterouku se se masisi thata.”
Bernie o ne a anaanela thata kemonokeng e ditsala tsa gagwe di mo neileng yone. O re gakolola jaana: “Go etelwa ke ditsala go botlhokwa thata mo go thuseng motho go itshoka. Lentswe le le supang kutlwelobotlhoko le kamego le dira gore motho a ikutlwe botoka. Le fa motho a sa tshwanela go tlhoma matlho thata mo bogoleng jwa molwetse, go bua ka tokafalo epe fela e e lemotshegang mo go ene go kgothatsa thata.” Ke eng se rotlhe re ka se dirang go ema nokeng ba ba lebaneng le ditlamorago tsa seterouku? Bernie o akantsha jaana: “Ba tlele dithunya kana o tlotle sengwe sa Dikwalo le bone kgotsa maitemogelo mangwe. Se ke sone se se neng sa nthusa thata.”
Melva, motsofe mongwe yo o falotseng seterouku, o go fitlhetse go thusa gore mongwe wa bakaulengwe ba gagwe ba semoya a rapele le ene. Gilbert le ene o akantsha jalo, o tlhalosa jaana: “Go bontsha gore o amegile thata ka motho yoo, rapela le ene.” Peter yo seterouku se mo tlogetseng a sa bone sentle, o anaanela tota fa ba bangwe ba tlhaloganya ditlhaelo tsa gagwe e bile ba ipha nako go mo balela.
Go isa mongwe kwa bookelong le go mo busetsa gae le gone ke go supa lorato. Go tlhomamisa gore legae la motho yo o tshwerweng ke seterouku ga le na dilo tse di kotsi le gone go botlhokwa. Go wa ke selo se se ka diregang ka metlha fa motho a na le bothata jwa go itsetsepela. Ka sekai, Gilbert o ne a anaanela thuso ya bopelonomi ya ditsala tseo, gareng ga dilo tse dingwe, ba ne ba mo tsenyetsa selo se a ka itshwarelelang ka sone fa a le mo shawareng ya gagwe go mo sireletsa.
Go Ithuta go ba Ema Nokeng
Go fetofetoga maikutlo ga molwetse wa seterouku le go aga a lela go ka mo tlhabisa ditlhong, ga ba ga tlhakanya batho ba ba mo lebileng tlhogo ba ba ka tswang ba sa itse gore ba tsibogele seo jang. Le fa go ntse jalo, ditsala di ka kgona go namola molwetse wa seterouku mo go ikutlweng a kgaphetswe kwa thoko ka go ithuta go mo ema nokeng. Gantsi go lela go tle go fokotsege. Le fa go ntse jalo fa dikeledi di tla, nna o ritibetse mme o nne le motho yoo, o bua dilo tse o neng o tla rata go di utlwa fa e ne e le wena.
Mo godimo ga tsotlhe, godisa lorato lwa bomodimo mo bathong ba go golafala go fetotseng botho jwa bone jo o neng o bo itse pele. Ba kgona go lemoga kafa o ikutlwang ka teng ka bone e bile seo le sone se ama kafa ba tla go tsibogelang ka teng. Erikka o akgela jaana: “Ga nkitla ke tlhola ke nna motho yo ke neng ke le ene pele. Le fa go ntse jalo, ga go na ope yo o tshwanetseng a lebelela se se tshwanang mo mothong yo o tshwerweng ke seterouku. Ba losika le ditsala ba tshwanetse ba ithuta go rata motho yoo ka tsela e a leng ka yone. Fa ba ka sekaseka botho jwa gagwe ka kelotlhoko, ba tla lemoga gore o sa ntse a na le bontsi jwa dinonofo tse di kgatlhang thata tse a neng a na le tsone pele.”
Boitlotlo bo fokotsega thata fa mongwe a sa kgone go bua kana a sa tlhaloganngwe. Ditsala di ka bontsha motho yo o sa tlholeng a kgona go bua sentle gore o sa ntse a le botlhokwa ka go tsaya matsapa a go bua le bone. Takashi o bolela seno: “Se ke se akanyang le se ke se utlwang mo pelong ya me ga se a fetoga. Le fa go ntse jalo, batho ba rata go tila go kopana le nna ka gonne ga ba kgone go tlotla le nna ka tsela e e tlwaelegileng. Go thata mo go nna go ka atamela batho, le fa go ntse jalo fa mongwe a tla go bua le nna, go nkgothatsa tota e bile seo se dira gore ke itumele thata thata!”
Tseno ke dingwe tsa dikaelo tse di ka re thusang rotlhe go ema nokeng le go kgothatsa ba ba golafetseng mo puong.
Gantsi seterouku ga se ame tlhaloganyo. Batho ba bantsi ba ba falotseng seterouku ba nna ba tsibogile mo tlhaloganyong, le fa gone go ka nna thata go tlhaloganya se ba se buang. O se ke wa bua le bone ka tsela e e sa bontsheng tlotlo kana wa itlwaetsa go bua le bone jaaka e kete o bua le bana. Ba tshware ka tsela e e nang le seriti.
Reetsa ka bopelotelele. Ba ka tswa ba tlhoka nako go rulaganya mogopolo o o rileng kana go feleletsa lefoko, polelo kana mola o o rileng. Gakologelwa gore moreetsi yo o bontshang go amega ga a itlhaganelele go reetsa fela.
O se ke wa itira e kete o a tlhaloganya fa o sa tlhaloganye. Ka bopelonomi bolela fela gore: “Intshwarele. Ga ke a go utlwa sentle. Re tla tlotla gape moragonyana.”
Bua ka bonya le ka tsela e e utlwalang ka segalo se se tlwaelegileng sa lentswe.
Dirisa dipolelwana tse di khutshwane le mafoko a a tlwaelegileng.
Dirisa dipotso tse di tlhokang go arabiwa ka ee kana nnyaa, mme o mo kgothaletse go araba. Gakologelwa gore ba ka nna ba tswa ba sa tlhaloganye mafoko a gago.
Boloka leratla le le kwa tlase.
Go Itshoka, Ka Thuso e e Lorato ya ga Jehofa
Le fa go le botlhokwa go itse se se bakileng seterouku sa gago e re ka seno se tla go thusa go tsaya kgato le go fokotsa matshosetsi a go tshwarwa ke seterouku mo isagweng, go laola poifo e o nang le yone sentle le gone go botlhokwa. Ellen o anela jaana: “Mafoko a Modimo mo go Isaia 41:10 a nkgothatsa thata. O bolela jaana mo go yone: ‘O se ka wa boifa, gonne ke nna nao; o se ka wa kgaoga pelo, gonne ke Modimo wa gago; ke tlaa go thatafatsa; Ee, ke tlaa go thusa; ee, ke tlaa go tshegetsa ka seatla se se siameng sa tshiamo ya me.’ Jehofa o ne a nna wa mmatota mo go nna, mo go neng ga ntira gore ke se ke ka boifa.”
Baebele e thusa Anand go lepalepana le go tlalelwa mo a neng a na le gone: “E nkema nokeng thata ka jaana ka metlha e ntsosolosa le go ntapolosa.” Bothata jwa ga Hiroyuki e ne e le gore ke jang a ka sologelwang molemo mo Dikwalong, ka a ne a sa kgone go tlhoma mogopolo. O bolela jaana: “Ke ne ka gomodiwa ke go reetsa dibuka tsa Baebele mo dikhaseteng.”
Moaposetoloi Paulo o boletse jaana: “Fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.” (2 Bakorinthe 12:10) E ne e le mowa wa ga Jehofa o o neng o thusa Paulo go dira dilo tse a neng a sa di kgone ka boene. Ba ba falotseng seterouku le bone ba ka ikaega ka Jehofa go ba nonotsha mo semoyeng. Erikka o tlhalosa jaana: “Fa re itekanetse e bile re itirela sengwe le sengwe ka maatla a rona, re ka nna ra se ka ra naya Jehofa tshono e kalo ya go re thusa. Le fa go ntse jalo go golafala ga me go nthusitse go nonotsha kamano ya me le ene ka tsela e e kgethegileng thata.”
Batlhokomedi ba a Thusiwa
Batlhokomedi ba tlhoka thuso mo tirong ya bone e e botlhokwa. Ke kae koo ba ka bonang thuso teng? Lengwe la mafelo ao ke mo teng ga lelapa. Mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo go rwaleng morwalo wa go tlhokomela. Yoshiko o bolela kafa barwa ba gagwe ba neng ba mo ema nokeng mo maikutlong ka teng: “Ba ne ba reetsa mathata a me jaaka e kete ke a bone.” Ba lelapa ba tshwanetse go bona tshedimosetso yotlhe e e leng teng e le gore ba tle ba ithute go tlhokomela motho yo o tshwerweng ke seterouku le kafa ba ka lepalepanang ka teng le diphetogo tse di diragetseng mo bothong jwa motho yono yo ba mo ratang.
Ke mang gape yo o ka emang batlhokomedi nokeng? David le lelapa la gagwe ba ne ba senka thuso kwa lelapeng la bone la semoya le le mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa go bona thuso ka Victor: “Ba ne ba tsibogela bothata jwa rona. Ka dinako dingwe ba ne ba refosana go tla go robala kwa legaeng la rona gore ba re tlhokomelele Victor bosigo jotlhe.”
Motlhokomedi mongwe le mongwe o tlhoka go utlwa lorato lo logolo le kemonokeng ya lelapa la gagwe la semoya. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka utlwa go le thata go kopa thuso. Haruko o tlhalosa jaana: “Gantsi ke bolelelwa gore: ‘Fa go na le sengwe fela se o tlhokang go thusiwa ka sone, o se ke wa okaoka go re itsise.’ Le fa go ntse jalo, e re ka ke itse ka moo mongwe le mongwe a tshwaregileng ka teng, ke okaoka tota go kopa thuso. Nka itumela tota fa batho ba ka neela thuso ka ditsela tseno tse di maleba: ‘Ke tla go thusa go phepafatsa. Ke letsatsi lefe le le go siametseng?’ ‘Ke tla go ela kwa mabenkeleng, ka jalo go ka nna jang fa nka feta ka wena gone jaanong?’”
Mosadi wa ga Kenji o ne a tshwerwe ke seterouku; le fa go ntse jalo, o ne a kgona go mo tlhokomela ka tsela e a neng a e tlhoka. O ne a fitlhela gore o ne a ka latlhela mekgweleo ya gagwe kwa go Jehofa ka thapelo. Kgabagare, mosadi wa gagwe o ne a se ka a tlhola a kgona go bua, mme ka ntlha ya seo, Kenji ga a tlhole a na le molekane yo a ka buang le ene. Le fa go ntse jalo, o bala Baebele letsatsi le letsatsi. O bolela gore: “E nkgakolola ka tlhokomelo e e lorato e Jehofa a e neelang ba ba utlwileng botlhoko mo moyeng, mme seno se dirile gore ke se ke ka tshwenyega thata mo maikutlong le go jewa ke bodutu.”
Go ikaega ka moya wa ga Jehofa go ka thusa fa e kete re gatelelwa ke maikutlo thata. Yoshiko yo o lebaneng le go itshokela botho jo bo fetofetogang jwa monna wa gagwe le bogale jo bo boifisang morago ga go tshwarwa ke seterouku, o anela jaana: “Ka dinako dingwe ke ne ke ikutlwa e kete nka goela kwa godimo thata. Ka dinako tseo ka gale ke ne ke rapela Jehofa mme moya wa gagwe o ne o nthusa go ritibala.” Ka go anaanela ga gagwe tsela e Jehofa a mo thusang ka boikanyegi ka teng, ga a ka a letla sepe fela go kgoreletsa tsela ya gagwe ya botshelo jwa Bokeresete. O nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete, a nna le seabe mo bodireding e bile o na le thuto ya gagwe ka namana ya Baebele. Yoshiko a re: “Ka go dira seabe sa me, ke a itse gore Jehofa ga a kitla a ntlogela.”
Fa ke ikutlwa ke tlhobaela, Jehofa o teng ka metlha go reetsa. Midori yo monna wa gagwe a falotseng seterouku, o gomodiwa ke boammaaruri jwa gore, ka tshwantshetso, Jehofa o tsentse dikeledi tsotlhe tse a nang le tsone mo “modutwaneng” wa gagwe. (Pesalema 56:8) O gakologelwa mafoko a ga Jesu: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang.” A re: “Ke dirile tshwetso ya gore ke tla nna pelotelele go fitlha lefatshe le lesha le fitlha.”—Mathaio 6:31-34.
Go Lebana le Ditlhaelo Tse di Masisi
Ke boammaaruri gore mo dithulaganyong tsa go thusa go fola bangwe ba fola thata, mme ba bangwe ba atlega go sekae fela gore ba kgone go boa ba dira dilo tse ba neng ba kgona go di dira pele ga ba tshwarwa ke seterouku. Ke eng se se ka thusang batho bano go lebana le kgwetlho ya go amogela ditlhaelo tsa bone, tse di masisi le fa e ka nna tsa nako e telele?
Bernie yo o sa tlholeng a kgona go tsamaya sentle ka ntlha ya seterouku, o arabela jaana: “Boipelo jwa tsholofelo ya me ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang la paradaise le go rapela Rre wa me wa legodimo Jehofa, di nthusitse gore ke amogele ditlhaelo tsa me ka thethebalo.”
Tsholofelo eo e thusitse Erikka le monna wa gagwe Georg go amogela ditlhaelo tsa gagwe le go nna ba itumelela botshelo. Georg o tlhalosa jaana: “Re na le tsholofelo ya Modimo ya gore letsatsi lengwe o tla fodisa dilo tsotlhe. Ka jalo ga re tlhome mogopolo mo bokoeng. Gone mme re sa ntse re leka ka natla thata gore Erikka a bowe a itekanele gape. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ithuta go itshokela go sa itekanela ga thulaganyo ya mesifa mme wa tlhoma mogopolo mo dilong tse dingwe tse di molemo.”—Isaia 33:24; 35:5, 6; Tshenolo 21:4.
Mo mabakeng a mo go one go fola go leng gonnye fela, kemonokeng ya lelapa le ditsala e botlhokwa le go feta. Ba ka thusa molwetse go itshoka go fitlha ka nako e Modimo a tla fodisang malwetse otlhe a a golofatsang ka yone.
Go itse gore go na le isagwe e e molemolemo ya balwetse ba seterouku le ba malapa a bone fa ba tla bo ba bowa ba itekanela gape go ba thusa go itshokela mathata a botshelo a letsatsi lengwe le lengwe. Ka jalo ba ka leta ka bopelotelele fa go tla bo go fedisiwa go boga gotlhe, mo lefatsheng le lesha la Modimo le le tlogang le tla. (Jeremia 29:11; 2 Petere 3:13) Mo nakong eno, botlhe ba ba retologelang kwa go Jehofa ba ka ikanya gore le gone jaanong o tla ba thusa le go ba ema nokeng gore ba itshokele ditlamorago tse di golafatsang tsa seterouku.—Pesalema 33:22; 55:22.
[Mafoko a a mo go tsebe 12]
Lelapa le ditsala ba ka thusa motho yo o tshwerweng ke seterouku go itshoka go fitlha nako e Modimo o tla fodisang malwetsi otlhe ka yone
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]
Go Kganela Seterouku
Dr. David Levine o bolela gore: “Tsela e e mole-mo ya go lepalepana le seterouku ke go leka go se kganela.“ Mme selo se segolo se se amanngwang thata le seterouku ke haebolata.
Mo bathong ba le bantsi, haebolata e ka laolwa ka go ja dijo tse di nang le potassium e ntsi le tse di se nang letswai, mafura a a komota le kholese-terole. Go fokotsa go nwa bojalwa le gone go ka thusa thata. Go nna le thulaganyo ya ka metlha e e tshwanetseng ya go ikatisa e e siametseng di-ngwaga le nonofo ya motho go ka thusa go foko-tsa boima jwa mmele, e leng se se ka fokotsang kgatelelo ya madi. Go ka tlhokega gore motho a nwe melemo—a kaelwa ke ngaka, ka gonne go na le mefuta e e farologaneng ya diokobatsi.
Bolwetse jwa ditshika tse dikgolo bo ka kaba-tsa tshika e kgolo e madi a yang kwa bobokong ka yone mme seo ke sone selo se segolo se se ba-kang seterouku. Go ka nna ga akantshiwa karo e e bidiwang carotid endarterectomy go bula ditshika tse di kabetseng go ikaegile ka gore di kabetse go le kana kang. Dipatlisiso di bontsha gore batho ba ba neng ba na le matshwao a a rileng ba ditshi-ka tsa bone di neng di kabe-tse thata ba ne ba solegelwa molemo ke karo eno mmogo le mefuta e mengwe ya kalafi. Le fa go ntse jalo, go ka nna le mathata a a amanang le karo eno, ka jalo e tshwanetse ya akanyediwa ka kelotlhoko.
Bolwetse jwa pelo bo ka oketsa bodiphatsa jwa seterouku. Go roroma ga tshika e kgolo (pelo e e sa iteyeng sentle), go go ka nnang ga baka gore madi a gwame a bo a ya kwa bobokong, go ka alafiwa ka sere se se thibelang madi go gwama. Mathata a mangwe a pelo a ka nna a tlhoka karo le melemo e le go fokotsa bodiphatsa jwa seterouku. Bolwetse jwa sukiri le jone bo baka seterouku thata, ka jalo go bo laola go thusa go thibela seterouku.
Ditlhaselo tsa methapo ya madi tse di fetang ka bonako, di-TIA (transient ischemic attacks), ke matshwao a a lemosang motho sentle gore a ka nna a itewa ke seterouku. Tlhomamisa gore ga o a itlhokomolose. Bona ngaka ya gago mme o bone se se bakang seno, ka gonne di-TIA di oketsa bodiphatsa jwa go welwa ke seterouku.
Go tshela ka tsela e e siameng le ka tekate-kano go ka dira go le gontsi go thibela seterou-ku. Go ja dijo tse di siameng le go ikatisa ka metlha mmogo le go fokotsa go nwa bojalwa le go tlogeia go goga go ka thusa go bo-loka ditshika di itekanetse e bile go ka nna ga thusa tse di setseng di gobetse gore di tokafale. Go ya ka dipatlisi-so tse di farologaneng, go ja maungo a a foreshe le mero-go thata le dijo tsa dithoro, go thusitse go fokotsa bodi-phatsa jwa go tshwarwa ke seterouku.