Seterouku—Se se Se Bakang
“BOBOKO ke serwe sa mmele se se bosisi thata,” go boletse jalo Dr. Vladimir Hachinski yo e leng ngaka e e alafang malwetse a boboko, wa Yunibesithi ya Western Ontario kwa Lontone, Canada. Le fa boboko bo na le boima jwa diperesente di le 2 fela mo boimeng jotlhe jwa mmele, bo na le disele tsa ditshikana di le dimilione di le sekete tse gangwe le gape di romelelanang melaetsa, e leng se se amanang le sengwe le sengwe se re se akanyang, motsamao le boikutlo jwa rona. E re ka boboko bo ikaegile ka okosejene le sukiri gore bo bone maatla, thulaganyo e e raraaneng ya ditshika e nna e ntse e di bo romelela ka metlha.
Le fa go ntse jalo, fa karolo e nnye fela ya boboko e sa bone okosejene le fa e ka nna ka metsotswana e le mmalwa fela, ditiro tsa dinyurone tse di bosisi di a kgoreletsega. Fa seno se tswelela ka lobaka lwa metsotso e le mmalwa, seno se ka felela ka go gobala ga boboko, fa disele tsa boboko di simolola go swa mmogo le ditiro tsa tsone. Boemo jono bo bidiwa ischemia, go tlhaela ga okosejene mo go bakiwang thata ke go kabala ga tshika. Dithishu tsa boboko le tsone di a gobala ka ntlha ya go tlhaela ga okosejene mo go bakang gore bo tlhagise dikhemikale tse di kotsi. Mme go felele ka seterouku. Gape seterouku se ka diragala fa tshika ya madi e thubega, mme e tlatsa madi mo bobokong, e leng se se thibelang ditselana tse di lomaganyang. Seno se kgoreletsa go elela ga dikhemikale le motlakase go ya kwa mesifeng mme go gobatsa dithishu tsa boboko.
Ditlamorago Tsa Sone
Seterouku sengwe le sengwe se farologane e bile se ka tshwara batho ka ditsela tse di se nang palo. Le fa gone go se na motho ope yo o ka tlhaselwang ke mefuta yotlhe ya matswela a seterouku, ditlamorago di ka farologana go tloga ka tse di seng masisi le tse di sa lemotshegang go ya go tse di masisi le tse di lemotshegang thata. Karolo ya boboko e seterouku se diragalang mo go yone ke yone e tlhomamisang gore ke ditiro dife tsa mmele tse di tla kgorelediwang.
Selo se gantsi se diragalang ke go koafala kgotsa go golafala ga matsogo le maoto. Gantsi seno se nna fela mo letlhakoreng le le lengwe la mmele, letlhakore le le lebaganeng le letlhakore la boboko le seterouku se diragetseng mo go lone. Ka jalo, fa go gobetse karolo ya moja ya boboko, go tla swa ditokololo tse di mo letlhakoreng la molema, mme fa go gobetse karolo ya molema ya boboko go tla swa ditokololo tse di mo letlhakoreng la moja. Batho ba bangwe ba ka nna ba kgona go dirisa matsogo le maoto a bone gape, mme ba fitlhele gore mesifa ya bone e roroma thata mo e leng gore go bonala letsogo lengwe le lengwe la bone kana leoto le itsamaela fela le lebile go sele. Molwetse o lebega e kete ke ngwana a ithuta go tsamaya. Dr. David Levine wa New York University Medical Center a re: “Ba latlhegetswe ke mofuta wa boikutlo jo bo ba bolelelang gore a letsogo kana leoto la bone le a tsamaya kgotsa nnyaa le gore le fa kae fa ba le tsholeditse.”
Mo e ka nnang diperesente di le 15 tsa batho ba ba se falotseng ba a gonoga, mo go felelang ka gore ba ragarage e bile gantsi ba idibala. Gape go tlwaelegile go utlwa setlhabi le go utlwa phetogo mo ditsibosing tsa kutlo. Mongwe yo o falotseng seterouku yo diatla le dinao tsa gagwe di nnang di sule bogatsu a re: “Go na le masigo a e reng fa sengwe se kgoma maoto a me ke tsoge ka gonne go nna jaaka e kete ke garotswe ke motlakase.”
Ditlamorago tsa seterouku di ka nna tsa akaretsa go bona selo se le sengwe gabedi le go metsa ka bothata. Fa dikarolo tsa kutlo tsa molomo le mometso di gobetse, motho yo o tshwerweng ke seterouku a ka nna a bogisiwa ke dilo tse dingwe tse di mo tlontlololang, tse di jaaka go tswa ditete. Nngwe ya ditemosi tse tlhano e ka nna ya amega, e leng mo go ka kgoreletsang go bona, go utlwa, go dupa, go latswa le go kgoma.
Mathata a Puisano
Akanya fela o setswe morago ke mekaloba e mebedi e o sa e itseng mo seterateng se se lefitshwana. Fa o leba kwa morago, o ba bona ba tla ba itlhaganeletse kwa go wena. O leka go goa gore o bone thuso, le fa go ntse jalo ga go na modumo o o tswang! A o bona kafa seo se tla go kgobang marapo thata ka teng mo boemong jo bo ntseng jalo? Ke se se diragalelang batho ba le bantsi ba ba tshwerweng ke seterouku fa e re ka tshoganyetso fela ba se ke ba tlhole ba kgona go bua.
Go sa kgone go bolela megopolo ya gago, maikutlo, ditsholofelo le dilo tse o di boifang—o kgaogantswe le ditsala tsa gago le ba lelapa ka tsela ya tshwantshetso—ke nngwe ya ditlamorago tse di botlhoko tsa seterouku. Mongwe yo o neng a falola seterouku o go tlhalosa ka tsela eno: “Nako le nako fa ke ne ke leka go bua sengwe go ne go sa tswe sepe. Ke ne ka patelesega go nna ke didimetse mme ke ne ke sa kgone go tlhaloganya dilo tse batho ba di buang le tse ba di kwadileng. Mafoko a ne a utlwala . . . e kete batho ba ba ntikologileng ba bua puo e sele. Ke ne ke sa tlhaloganye e bile ke sa kgone go bua.”
Le fa go ntse jalo, Charles ene o ne a tlhaloganya sengwe le sengwe se se neng se buiwa le ene. Le fa go ntse jalo, fa e le ka kgang ya go araba, o kwala jaana: “Ke ne ke rulaganya mafoko a ke batlang go a bua sentle, le fa go ntse jalo a ne a tswa a tlhakatlhakanye e bile a sa tlhaloganyesege. Ka nako eo ke ne ke ikutlwa e kete ke tswaletswe mo teng ga me.” Arthur Josephs o tlhalosa seno mo bukeng ya gagwe ya Stroke: An Owner’s Manual: “Go na le mesifa e e fetang e le lekgolo e e laolwang le go rulaganngwa fa o bua mme mesifa eo e laolwa ke palogare ya dinyurone tse di laolang tse di fetang lekgolo. . . . Gore o bue mo motsotswaneng mongwe le mongwe [go] tlhokega ditshika le mesifa e le 140 000. A go a gakgamatsa go bo go gobala karolo epe fela ya boboko e e laolang mesifa eno go ka felela ka go dira gore motho a bue ka tsela e e sa utlwaleng?”
Seterouku se dira dilo tse di gakgamatsang thata mo puong. Ka sekai, motho yo o sa kgoneng go bua a ka kgona go opela. Mongwe ene mafoko a ka nna a itswela fela le fa go ntse jalo a se ke a kgone go a bua fa a batla go a bua kana mo letlhakoreng le lengwe a ka nna a buela ruri. Ba bangwe bone ba boaboeletsa mafoko a le mangwe kana dipolelwana gangwe le gape kgotsa ba dirise mafoko ka tsela e e sa tshwanelang, ba re ee fa tota ba ne ba batla gore nnyaa, mme ba re nnyaa fa tota ba ne ba batla gore ee. Bangwe ba itse mafoko a ba batlang go a bua, le fa go ntse jalo boboko ga bo kgone go tlhotlheletsa molomo, dipounama le loleme go a bua. Kana ba ka nna ba bua puo e e tlhabang ka ntlha ya go koafala ga mesifa. Bangwe ba ka nna ba tla ba kgaola mafoko a bone ka go shakgala thata.
Seterouku se ka senya gape karolo ya boboko e e laolang segalo sa maikutlo. Ditlamorago e ka nna go buela kwa tlase. Kana motho a ka nna a tshwara bothata mo go tlhaloganyeng segalo sa maikutlo sa batho ba bangwe. Dikgoreletsi tsa puisano tse di tshwanang le seno le tse di tlhalositsweng fa godimo di ka dira gore ba lelapa ba ba jaaka monna le mosadi ba katogane thata. Georg o tlhalosa jaana: “Ka gonne seterouku se ama ponalo ya sefatlhego le go bua ka matsogo, tota botho jotlhe, nna le mosadi wa me re ne ra iphitlhela fela re sa tlhole re utlwana jaaka pele. E ne e kete ke na le mosadi yo o farologaneng gotlhelele, mongwe yo ke neng ke tshwanetse go mo ithuta sesha.”
Diphetogo Tsa Maikutlo le Tsa Botho
Go fetofetoga maikutlo ka tsela e e sa siamang, go thubega ka selelo kana ka ditshego, go galefa thata, maikutlo a a sa tlwaelegang a go belaela ba bangwe le go nna o hutsafetse ke dingwe tsa dilo tse di feretlhang maikutlo thata le botho tse batho ba ba falotseng seterouku le ba malapa a bone ba tshwanetseng go di itshokela.
Motho mongwe yo o tshwerweng ke seterouku yo o bidiwang Gilbert o bolela jaana: “Ka dinako dingwe ke amega maikutlo thata, o bona fela ke tshegisiwa kana ke ledisiwa ke selo se se sa reng sepe. Fa ke tshega, mongwe o tla mpotsa gore, ‘O tshega eng?’ mme le nna tota ke bo ke sa itse.” Seno mmogo le bothata jo Gilbert a nang le jone jwa go se kgone go itsetsepela le go tlhotsa go sekae, go ne ga mo tlhotlheletsa go bolela jaana: “Ke ikutlwa e kete ke mo mmeleng wa mongwe, e kete ke motho o sele, e seng motho yo ke neng ke le ene pele ga ke tshwarwa ke seterouku.”
Go tshela ka bokoa jwa go fetofetoga mo tlhaloganyong le mo mmeleng go dira gore batho ba le bantsi, fa e se botlhe, ba tshwenyege thata mo maikutlong. Hiroyuki yo seterouku se mo tlogetseng a sa kgone go bua sentle e bile a sule mohama go sekae, o ne a akgela jaana: “Le e leng morago ga nako e telele ga ke nne botoka. Ka go lemoga gore ga nkitla ke tlhola ke tswelela ka tiro ya me jaaka pele, ke ne ka tlalelwa. Ke ne ka simolola go tshwaya dilo le batho diphoso mme ka ikutlwa e kete ke tla phatloga maikutlo. Ke ne ke sa itshware jaaka monna tota.”
Gantsi batho ba ba tshwerweng ke seterouku ba a boifa e bile ba a tlhobaela. Ellen o akgela jaana: “Ke ikutlwa ke sa sireletsega fa ke utlwa ke tshwerwe ke tlhogo e e ntemosang ka kgonagalo ya go tshwarwa ke seterouku mo nakong e e tlang. Ke boifa thata fela fa ke itetla go akanya dilo tse di sa siamang.” Ron ene o tlhalosa tlhobaelo e a lebaneng le yone jaana: “Gantsi go nna thata tota go dira ditshwetso tse di siameng. Go leka go rarabolola mathata a e seng a sepe a mabedi kgotsa a mararo ka nako e le nngwe go mpetisa pelo. Ke lebala dilo ka bonako mo e leng gore ka dinako dingwe ga ke gakologelwe tshwetso e e dirilweng mo metsotsong e le mmalwa fela e e fetileng. Ka ntlha ya moo, ke dira diphoso tse di boitshegang, mme di ntlhabisa ditlhong le batho ba bangwe. Ke tla bo ke ntse jang mo dingwageng di sekae tse di latelang? A ke tla bo ke kgona go tlotla le batho ka tsela e e nang le tlhaloganyo kana ke kgona go kgweetsa koloi? A ke tla nna mokgweleo mo mosading wa me?”
Ba Lelapa le Bone Go a Ba Ama
Ka jalo, go a bonala gore batho ba ba tshwerweng ke seterouku ga se bone fela ba ba lebanang le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko. Le ba malapa a bone go a ba ama. Mo maemong mangwe ba lebana le go bona motho yo pele a neng a kgona go tlotla sentle fela a koafala ka tshoganyetso ba ntse ba mo lebile, a etegela pele go fitlha a nna jaaka lesea le le ikaegileng ka batho ba bangwe. Dikamano tsa ba lelapa di ka nna tsa kgoreletsega e re ka ba lelapa ba tla bo ba tshwanelwa ke go dira ditiro tse ba sa di tlwaelang.
Haruko o anela ditlamorago tse di utlwisang botlhoko ka tsela eno: “Monna wa me ga a tlhole a kgona go gakologelwa sepe fela sa botlhokwa. Ka bonako fela re ne ra tshwanela go tlogela khampani e re neng re na le yone mme ra latlhegelwa ke ntlo ya rona le dilo tse re neng re na le tsone. Selo se se nkutlwisang botlhoko thata ke go sa tlhole ke kgona go bua le monna wa me ka kgololesego kgotsa go leba kwa go ene fa ke batla kgakololo. E re ka a tlhakanngwa tlhogo ke go se itse gore a go bosigo kana go motshegare, gantsi o tlosa mengato e e sireletsang e e tlhokegang bosigo. Le fa tota re ne re itse gore o ne a tla etegela pele go fitlha a nna mo seemong seno, go sa ntse go le thata gore re dumele gore go ntse jalo. Boemo jwa rona bo fetogile gotlhelele ka gonne jaanong nna le morwadiake re batlhokomedi ba monna wa me.”
Elaine Fantle Shimberg o bolela jaana mo go Strokes: What Families Should Know: “Go tlhokomela motho yo o tshwerweng ke seterouku—le fa o ka tswa o mo rata go le kana kang—go ka go fekeetsa ka dinako tse dingwe. Mathata le maikarabelo a teng ga a fokotsege.” Mo maemong mangwe tlhokomelo ya maemo a a kwa godimo e ba lelapa bangwe ba tlhokomelang molwetse ka yone e ka tlogela motlhokomedi a koafetse boitekanelo, maikutlo le bomoya jwa gagwe. Maria o tlhalosa gore seterouku sa ga mmaagwe se ne sa ama botshelo jwa gagwe thata: “Ke mo etela letsatsi le letsatsi e bile ke leka go mo aga mo semoyeng, ke mo balela le go rapela le ene, mme ke mo bontsha lorato, ke mo tlamparela le go mo atla. Fa ke fitlha mo gae, ke fitlha ke lapile thata mo maikutlong—malatsi a mangwe ke lapa thata gore ke bo ke tlhatse.”
Selo sengwe se se ketefalelang batlhokomedi bangwe thata go se itshokela ke go fetoga ga boitsholo jwa molwetse. Dr. Ronald Calvanio yo e leng moithutatlhaloganyo wa thulaganyo ya ditshikana o boleletse Tsogang! jaana: “Fa o na le bolwetse jo bo amang ditiro tse di laolwang ke karolo e e kafa ntle ya boboko—e leng, kafa motho a akanyang ka teng, a laolang botshelo jwa gagwe ka teng, kafa a tsibogang ka teng mo maikutlong—re a bo re lebane le se tota motho yoo e leng sone, ka jalo go koafala tlhaloganyo go fetola botshelo jwa ba lelapa botlhe ka tsela e e rileng gotlhelele.” Yoshiko o anela jaana: “Monna wa me o ne a fetoga gotlhelele morago ga bolwetse jwa gagwe, a galefela dilo tse di sa reng sepe. Ke sulafalelwa tota ka dinako tsa fa a nna jalo.”
Gantsi go fetoga ga botho go ka se lemogiwe ke batho ba e seng ba lelapa. Ke gone ka moo batlhokomedi bangwe ba ikutlwang ba kgaphetswe thoko mme ba rwele mekgweleo ya bone ba le nosi. Midori o tlhalosa seno: “Seterouku se tlogetse monna wa me a koafetse mo tlhaloganyong le mo maikutlong. Le fa a tlhoka kgothatso thata, ga a ke a bolelela ope mme o boga a le nosi. Ka jalo go mo magetleng a me gore ke lebane le maikutlo a gagwe. Fa ke bona kafa monna wa me a fetofetogang maikutlo ka teng letsatsi le letsatsi go a ntlhobaetsa e bile ka dinako dingwe go a ntshosa.”
Batho ba le bantsi ba seterouku se ba fositseng le ba malapa a bone, ba kgonne jang go itshokela diphetogo tse di bakwang ke seterouku mo matshelong a bone? Mongwe le mongwe wa rona a ka thusa ba ba bogisiwang ke ditlamorago tse di golafatsang tsa seterouku ka ditsela dife? Setlhogo sa rona se se latelang se a tlhalosa.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]
Matshwao a Sone
• Go koafala ka tshoganyetso, go swa bogatsu kgotsa go swa ga ditokololo tse di jaaka sefatlhego, letsogo kana leoto, segolobogolo mo letlhakoreng le le lengwe la mmele
• Go ipona fela o sa bone sentle kana o nna le pono e e letobo, segolobogolo mo leitlhong le le lengwe; go bona selo gabedi
• Go nna le bothata jwa go bua kana go tlhaloganya le e leng dipolelo tse di motlhofo
• Sedidi kana go se kgone go itsetsepela, segolobogolo fa di kopane le matshwao a mangwe
Matshwao A a Sa Tlwaelegang
• Go tshwarwa ke tlhogo e e botlhoko ka tshoganyetso, e e sa tlhalosegeng—gantsi e tlhalosiwa e le “tlhogo e e opang botlhoko go gaisa tsotlhe”
• Go ikutlwa fela o feroga sebete le letshoroma—tse di farologanang le fa o tshwaeditswe ke baerase go go diregang ka bonako fela (go tsaya metsotso kana diura e seng malatsi a le mmalwa)
• Go nna mo maibing kana go sa itlhaloganye go sekae (go idibala, go tlhakatlhakana, go wa mototwane, kidibalo e kgolo)
O se Itlhokomolose Matshwao
Dr. David Levine o rotloetsa gore fa matshwao ano a bonala, molwetse “a itlhaganelele kwa bookelong. Go na le bosupi jwa gore fa seterouku se ka alafiwa mo diureng di le mmalwa tsa ntlha, dikgobalo tsa sone di ka fokodiwa.”
Ka dinako dingwe matshwao a gone a ka bonala go sekae fela mme a nyelele. Ditiragalo tseno di bidiwa di-TIA kana transient ischemic attacks (ditlhaselo tsa methapo ya madi tse di fetang ka bonako). O se ka wa di itlhokomolosa, ka gonne di ka tswa di supa gore o ka nna wa tshwarwa ke seterouku se se bogale mme seterouku se se feletseng se ka nna sa latela. Ngaka e ka nna ya alafa dilo tse di se bakang mme ya thusa go fokotsa matshosetsi a seterouku se se ka nnang sa latela mo nakong e e tlang.
Adapted from guidelines provided by the National Stroke Association, Englewood, Colorado, U.S.A.