LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 2/8 ts. 3
  • Seterouku!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Seterouku!
  • Tsogang!—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Lepalepana le Ditlamorago Tsa Sone
    Tsogang!—1998
  • Seterouku—Se se Se Bakang
    Tsogang!—1998
  • Basha ba ba Neelang Bosupi ka Bopelokgale
    Tsogang!—2005
  • O Leba Jang go Atlega?
    Tsogang!—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 2/8 ts. 3

Seterouku!

SETEROUKU ke sone se se bolayang batho thata le go baka bogole jo bo sa foleng kwa dinageng tsa Bophirima tse di tlhabologileng. Lefoko leno “seterouku” le kaya “bolwetse jwa boboko” jo bo tlang ka tshoganyetso. Gone jaanong o ka nna wa ikutlwa o siame, mme go ise go ye kae o ikutlwe e kete o iteilwe ke legadima le le bogale—seterouku se se maatla se ka fetola botshelo jwa gago ka tshoganyetso le ka tsela e e maswe thata. Ka go go golafatsa ka bosetlhogo, se ka go dira semumu, sa go tlhakatlhakanya maikutlo, sa fetola botho jwa gago le maatla a go gakologelwa, sa go dira gore o lwe ntwa e e sa feleng ya go leka go boela o tshela botshelo jo bo tlwaelegileng jo wena le lelapa la gago lo neng lo bo tlwaetse.

Akanya ka Ellen Morgan.a Ka Laboraro, Ellen wa dingwaga di le 64 o ne a itekanetse, a le matlhagatlhaga. Ka Labone fa Ellen a ile mabenkeleng le monna wa gagwe, ka tshoganyetso fela o ne a palelwa ke go bua mme a sokama sefatlhego. Mmele wa gagwe o ne wa koafala mme a thetheekela jaaka e kete o tlhapetswe. Ellen o ne a tshwerwe ke seterouku se se bogale!

Ditlamorago tsa seterouku seo e ne ya nna gore Ellen o ne a golafetse mo e leng gore o ne a sa kgone le go dira dilo tse di motlhofo tse di jaaka go itlhapisa le go ikapesa. E re ka a ne a sa kgone go kwala, go loga kana go roka, o ne a nnela go lela le go itewa ke letsapa le le tseneletseng. Mo nakong eno yotlhe, Ellen o ne a sa golafala mo tlhaloganyong; le fa go le jalo, o ne a tlhabiwa ke ditlhong fa a akanya gore gongwe ba bangwe ba mo tsaya e le seiyaiye. Ellen o ne a tlhalosa jaana moragonyana: “Ke ba le mmalwa fela ba ba lemogang kafa phetogo eno ya ka bonako e e tshosang e amang motho mo maikutlong le mo tlhaloganyong ka teng. Ke ne ke setse ke ikutlwa gore go fedile ka nna.”

Ke eng se se bakang seterouku? A batho ba tshwarwa ke seterouku ka tsela e e tshwanang? Batho ba ba falotseng bolwetse jono ba lepalepana jang le jone? Ba malapa a batho ba ba falotseng seterouku ba ka lepalepana jang le boemo jono? Ke eng se rotlhe re ka se dirang go thusa? Tsogang! e tlhatlhoba dipotso tse di ntseng jalo le go go sedifaletsa ka matshelo a batho ba ba falotseng seterouku le ba malapa a bone, ba ba bolelang se se ba diragaletseng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina mangwe a fetotswe ka ntlha ya go akanyetsa balwetse le ba malapa a bone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela