LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 4/8 ts. 22-24
  • Go Ngomoga Pelo—“Botlhole jo bo Bolayang ka Iketlo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ngomoga Pelo—“Botlhole jo bo Bolayang ka Iketlo”
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ngomoga Pelo le Thulaganyo ya Mmele ya go Lwa le Malwetse
  • Ga se Gone Fela go Bakang Bolwetse Kana go bo Alafang
  • Go Ngomoga Pelo go go Siameng le go go Kotsi
    Tsogang!—1998
  • A o Na le Seterese?
    Tsogang!—2020
  • Go Ngomoga Pelo—Kafa Go Re Amang Ka Teng
    Tsogang!—2010
  • Seterese ke Eng?
    Tsogang!—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 4/8 ts. 22-24

Go Ngomoga Pelo—“Botlhole jo bo Bolayang ka Iketlo”

“Ka gale re utlwa batho ba re, ‘O se ka wa ingomola pelo thata jaana gore o bo o lwale.’ Gongwe ga ba itse gore go na le selo sa konokono sa tlholego se se bakang seo.” —Dr. David Felten.

JILL, mmè yo o sa nyalwang yo o nang le morwa wa dingwaga tsa bolesome, o na le akhaonto ya banka e e ntseng e fokotsega e bile ga a utlwane sentle le batsadi ba gagwe, o ne a setse a na le mabaka a mantsi a a mo ngomolang pelo. Mme ka tshoganyetso fela, o ne a tswa boswata jo bo babang mo letsogong. O ne a leka dibolayadibaketeria, di-cortisone cream le di-antihistamine, le fa go ntse jalo ga go epe ya tsone e e neng ya mo thusa. Go na le moo, boswata bo ne jwa anama le mmele otlhe wa ga Jill, go akaretsa le mo sefatlhegong. Totatota o ne a ngomogile pelo thata.

Jill o ne a isiwa kwa tlileniking ya malwetse a letlalo e e tlhatlhobang boemo jwa maikutlo jwa balwetse ba yone. Dr. Thomas Gragg yo o thusitseng go tlhoma tlileniki eno a re: “Re leka go bona se se diragalang mo matshelong a bone.” Gantsi o fitlhela gore mo godimo ga go newa melemo, batho ba ba nang le mathata a a masisi a letlalo ba tlhoka go thusiwa go laola go ngomoga pelo. Dr. Gragg o a dumela go re: “E tla bo e le mo go sa utlwaleng go bolela gore tsela e o ikutlwang kana e o itshwarang ka yone e baka bolwetse jwa letlalo. Le fa go ntse jalo, re ka bolela gore boemo jwa motho jwa maikutlo bo ka nna le seabe se segolo thata mo mathateng a letlalo e bile ga re a tshwanela go nna re kwalela molwetse go ya go batla steroid cream re sa mo thusa go lepalepana le go ngomoga pelo mo botshelong jwa gagwe.”

Jill o ikutlwa gore go ithuta go laola go ngomoga pelo ke gone go namotseng letlalo la gagwe. O bolela jaana: “Ke sa ntse ke na le diso, le fa go ntse jalo, letlalo la me ga le maswe jaaka pele.” A eno ke kgang e e sa tlwaelegang? Legoka. Bontsi jwa dingaka bo dumela gore go ngomoga pelo gantsi ke lone lebaka la konokono le le bakang mathata a a farologaneng a letlalo, go akaretsa le hives, psoriasis, diso le motshweetshwe. Le fa go ntse jalo, go ngomoga pelo ga go ame letlalo fela.

Go Ngomoga Pelo le Thulaganyo ya Mmele ya go Lwa le Malwetse

Patlisiso ya bosheng e bontsha gore go ngomoga pelo go ka gatelela thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse, e leng se gongwe se ka dirang gore o tshwarwe ke malwetse a a tshelanwang. Ronald Glaser yo e leng mankge wa dibaerase a re: “Go ngomoga pelo ga go go lwatse. Le fa go ntse jalo go oketsa bodiphatsa jwa gore o lwale ka ntlha ya se go se dirang mo thulaganyong ya mmele ya go lwa le malwetse.” Go na le bosupi jo bo utlwalang thata jo bo amanyang go ngomoga pelo le mefikela, foluu le go nna le baerase ya letlalo. Le fa gone ka metlha re rakana le dibaerase tse di ntseng jalo, thulaganyo ya rona ya mmele ya go lwa le malwetse gantsi e lwa le tsone. Le fa go ntse jalo, baitseanape bangwe ba bolela gore fa motho a tshwenyegile thata mo maikutlong, masole ano a mmele a ka palelwa ke go mo sireletsa.

Ga go ise go tlhaloganngwe sentle ditiragalo tsa tlholego tse di amanang le seno, le fa go ntse jalo, bangwe ba bolela gore dihoromone tse di go tsibosang gore o tseye kgato fa o ngomogile pelo di ka nna tsa kgoreletsa thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse go dira ka tshwanelo fa di gogomoga mo teng ga ditshika tsa madi. Gantsi seno ga se tshwenye thata ka gonne dihoromone tseno di dira ka nakwana fela. Le fa go ntse jalo, bangwe ba bolela gore fa motho a ngomoga pelo thata go sa kgaotse, thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse e ka nna ya se ka ya dira ka tshwanelo mme seno sa mmakela gore bolwetse bo mo tsene motlhofo.

Seno ke sone se se ka nnang sa thusa go tlhalosa lebaka le ka lone dingaka tsa kwa Canada di fopholetsang gore diperesente di le 50 go ya go di le 70 tsa batho ba ba tlang go bona ngaka ke ba ba tshwerweng ke malwetse a a amanang le go ngomoga pelo, a mangwe a one a akaretsang go opiwa ke tlhogo, go tlhoka boroko, letsapa le le tseneletseng le mala. Kwa United States palo eno yone e fopholediwa gareng ga diperesente di le 75 le di le 90. Dr. Jean King o ikutlwa gore o tla bo a sa feteletse dilo fa a re: “Go ngomoga pelo go go sa feleng go tshwana le botlhole jo bo bolayang ka iketlo.”

Ga se Gone Fela go Bakang Bolwetse Kana go bo Alafang

Le mororo go boletswe jaana fa godimo, baitsesaense ga ba ise ba tlhomamisege gore go ngomoga pelo ka bogone fela go ka ama thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse ka tsela e e ka dirang gore motho a lwale. Ka jalo, go ka se bolelwe ka tlhomamo gore mongwe le mongwe yo o ngomogileng pelo, le e leng le fa e le go go sa foleng, a ka tsenwa ke bolwetse motlhofo. Mme gape, go ka se bolelwe gore fa o sa ngomoge pelo o tla nna le boitekanelo jo bo siameng kana gore go botlhale go gana kalafi ka ntlha ya kgopolo e e sa siamang ya gore o ka fedisa bolwetse ka go nna le tsholofelo le ka go nna le maikutlo a a siameng. Dr. Daniel Goleman o tlhagisitse jaana: “Matswela a kgopolo eno ya gore fa motho a na le boikutlo jo bo siameng go ka fodisa bolwetse bongwe le bongwe e dirile gore batho ba le bantsi ba tlhakane tlhogo malebana le kafa tlhaloganyo ya motho e ka amanang bolwetse ka teng e bile gongwe se se maswe le go feta, go dira gore ka dinako dingwe motho a ipone molato ka go bo a lwala jaaka e kete ga a itshwara sentle kana ga a tshwanelege semoyeng.”

Ka jalo, go tshwanetse ga lemogiwa gore e ka se nne selo se le sengwe fela se se bakang bolwetse. Le fa go ntse jalo, kamano e e leng teng gareng ga go ngomoga pelo le bolwetse e supa kafa go leng botlhale ka teng go ithuta go fokotsa “botlhole jono jo bo bolayang ka iketlo” nako nngwe le nngwe fa go kgonega.

Pele ga re ka sekaseka kafa seno se ka dirwang ka teng, a re sekasekeng se se bakang go ngomoga pelo le kafa ka dinako dingwe go ka nnang molemo ka teng mo go wena.

[Lebokoso mo go tsebe 23]

Makoa Mangwe a a Amanngwang le go Ngomoga Pelo

• asema

• bonyelele (arthritis)

• dilo tse di ilwang ke mmele

• ditlhabi mo maleng

• ditlhagala tsa mo maleng

• foluu

• go opiwa ke tlhogo

• go opiwa ke tlhogo e e botlhoko thata

• go sa itumelele tlhakanelodiobo

• go tlhoka boroko

• go tshwenyega thata mo maikutlong

• letshololo

• mathata a letlalo

• mathata a pelo

• mefikela

• setlhabi mo mokwatleng, mo thamong le mo magetleng

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Diperesente di le dintsi tsa batho ba ba tlang ngakeng ke ka ntlha ya go ngomoga pelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela